bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 16
Proverbs 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
1
Ditogamaano tsa pelo ke tsa motho, mme phetogo ya loleme e tswa mo go Jehofa.
2
Ditsela tsotlhe tsa motho di dintle mo matlhong a gagwe, mme Jehofa o lekanya bokete jwa mewa.
3
Neela Jehofa ditiro tsa gago, mme maikaelelo a gago a tlaa tlhomama.
4
Jehofa o diretse sengwe le sengwe kwa se direlang gone, ee, le e leng baikepi o ba diretse letsatsi la bosula.
5
Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa, le fa seatla se tshwaragana le seatla, ene ga a ketla a tlhoka petso.
6
Boikepo bo tlhapisiwa bo tlosiwa ke boutlwelobotlhoko le boammaaruri, le gone batho ba kgaogana le bosula ka go boifa Jehofa.
7
E a re fa ditsela tsa motho di kgatlha Jehofa, o tle a dire gore le e leng baba ba gagwe ba agisanye nae.
8
Bonnye, fa bo na le tshiamo, bo molemo bogolo go dibapalo tse dikgolo, fa di se na tshiamo.
9
Pelo ya motho e tlhatlhanya tsela ya gagwe, mme Jehofa ke ene o mo kaelang tshepelo ya gagwe.
10
Katlholo ya semodimo e mo dipounameng tsa kgosi, molomo wa yone ga o ketla o tlola mo tshiamisong.
11
Selekanyo se se siameng, le dilekanyo tsa pego tse di siameng ke tsa ga Jehofa, dilekanyo tsotlhe tse di bokete tsa kgetse, ke tiro ya gagwe.
12
Ke sefedisapelo mo dikgosing go dira boikepo, gonne setulo sa bogosi se nitamisiwa ke tshiamo.
13
Dipounama tse di siameng ke natefelo ya dikgosi, mme di rata yo o buang tshiamo.
14
Bogale jwa kgosi bo ntse jaaka barongwa ba loso, mme monna yo o tlhalefileng o tlaa bo opela legofi.
15
Mo go selweng ke sefatlhogo sa kgosi go na le botshelo, le botsalano jwa yone bo ntse jaaka leru la pula ya kgogolammoko.
16
Go molemo jang go bona botlhale bogolo go gouta! Ee, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.
17
Tsela ya mheru ya mothokgami ke go kgaogana le bosula, yo o dibelang tsela ya gagwe o ipoloka mowa.
18
Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa.
19
Go bo go le molemo go nna boikokobetso le bakgobaladi, bogolo go go kgaogana thopo le babelafadi.
20
Yo o elang lefoko tlhoko o tlaa bona molemo, mme le fa e le mang yo o ikanyang Jehofa, o a ba a le sego.
21
Yo o tlhalefileng mo pelong o tlaa bidiwa senokopela, mme monate wa dipounama o okeletsa kitso.
22
Tlhaloganyo ke motswedi wa botshelo o o tswelelang yo o nang nao, mme kwatlhao ya masilo ke bosilo jwa bone.
23
Pelo ya yo o tlhalefileng e ruta molomo wa gagwe, e be e okeletse dipounama tsa gagwe kitso.
24
Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.
25
Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.
26
Pelo ya dijo ya motho yo o dirang e a mo direla, ka gobo legano la gagwe le a mo patelela.
27
Motho yo o seramatla o loga bosenyi, le mo dipounameng tsa gagwe go na le mo go tshwanang jaaka molelo o o fisang.
28
Motho yo o lesoko o gasa kgotlhang, le mosebi o kgaoganya ditsala tse dikgolo.
29
Motho wa sefepe o fepa wa ga gabo, mme a mo gogele mo tseleng e e seng molemo.
30
Yo o budulatsang matlho, ke gore, o loga dilo tsa lesoko, yo o momang molomo o a ba a dirafatsa bosula.
31
Tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.
32
Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse.
33
Bola bo thelwa mo kobong, mme taolo yotlhe ya jone e tswe mo go Jehofa.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31