bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 14
Proverbs 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
1
Mosadi mongwe le mongwe yo o tlhalefileng o aga ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.
2
Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Jehofa, mme yo o logwadi mo tseleng tsa gagwe o a mo nyatsa.
3
Mo molomong wa dieleele go na le thupa e e betsang boikgodiso, mme dipounama tsa ba ba tlhalefileng di tlaa ba boloka.
4
Kwa go se nang dikgomo gone, lesaka le tle le nne phepa fela, mme go nne totafalo e kgolo ka thata ya kgomo.
5
Mosupi wa boikanngo ga a ke a aka, mme mosupi wa tsietso o bilola maaka fela.
6
Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone, mme kitso e bofefo mo go ene yo o nang le tlhaloganyo.
7
Tsena fa pele ga motho yo o seeleele, mme ga o ketla o lemoga mo go ene dipounama tsa kitso.
8
Botlhale jwa senokopela ke go tlhaloganya tsela ya sone, mme boeleele jwa dieleele ke tsietso.
9
Masilo a sotla ka boleo, mme mo bathokgaming go na le pelontle.
10
Pelo e ikitse bogalaka jwa yone, mme moeng ga a ke a itlhakanya le boitumelo jwa yone.
11
Ntlo ya moikepi e tlaa ribegediwa, mme mogope wa mothokgami o tlaa kgaba.
12
Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.
13
Le mo setshegong pelo e tle e nne bohutsana, mme bokhutlo jwa tlhapelo ke mahumapelo.
14
Motenegi mo pelong o tlaa kgora ditsela tsa gagwe ka esi, le motho yo o molemo o tlaa ikgorisa ka esi.
15
Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.
16
Motho yo o botlhale o a boifa, mme a kgaogane le bosula, mme seeleele se dira ka makgakga, mme se ikgantshe.
17
Yo o bonako go galefa o tle a dire ka boeleele, le motho yo o maano a boikepo o a ilwa.
18
Ba ba sa tlhalefang ba ja boeleele boswa, mme ba ba bonokopela ba rwesiwa kitso mo tlhogong.
19
Ba ba bosula ba tle ba iname fa pele ga ba ba molemo, le baikepi fa dikgorong tsa basiami.
20
Mohumanegi o ilwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o na le ditsala di le dintsi.
21
Yo o nyatsang wa ga gabo o a leofa, mme yo o tlhomogelang mohumanegi pelo go sego ene.
22
A ga ba timele ba ba logang bosula? Mme go tlaa nna boutlwelobotlhoko le boammaaruri kwa go ba ba logang molemo.
23
Mo tirong yotlhe go na le thuso; mme palabalo ya dipounama e isa fela mo khumanegong.
24
Serwalo sa tlhogo sa ba ba botlhale ke dikhumo tsa bone, mme boeleele jwa dieleele ke boeleele fela.
25
Mosupi wa ammaaruri o golola mewa ya batho, mme yo o bilolang maaka o tsosa tsietso.
26
Mo go boifeng Jehofa go na le boikanyo jo bo thata, mme bana ba gagwe ba tlaa dirana le botshabelo.
27
Go boifa Jehofa ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.
28
Kgalalelo ya kgosi ke go dirana le bontsi jwa batho; mme tshenyego ya kgosana ke go tlhoka batho.
29
Ene yo o bonya ga galefa o na le tlhaloganyo e kgolo, mme yo o mowa o potlakang o godisa bosilo.
30
Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama, mme bopelotshetlha ke podiso ya marapo.
31
Yo o patikang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o tlhomogelang motlhoki pelo o a mo tlotla.
32
Moikepi o tlobelelwa mo go direng bosula ga gagwe, mme mosiami o na le tsholofelo mo losong lwa gagwe.
33
Botlhale bo ikhutsa mo pelong ya yo o nang le tlhaloganyo, mme se se mo botengnyeng jwa dieleele se a utlwadiwa.
34
Tshiamo e goletsa morafe, mme boleo ke kgobo mo tšhabeng nngwe le nngwe.
35
Natefo ya kgosi e lebanye le motlhanka yo o dirang ka botlhale, mme bogale jwa yone bo tukele ene yo o tlhabisang ditlhong.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31