bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 19
Proverbs 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 20 →
1
Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo dipounameng tsa gagwe, a bile a le seeleele.
2
Gape, ga go molemo fa mowa o nna fela o tlhoka kitso; mme yo o fefosang dinao tsa gagwe o a leofa.
3
Boeleele jwa motho bo tle bo theole tsela ya gagwe; mme pelo ya gagwe e tšararegele Jehofa.
4
Khumo e tle e okeletse motho ditsala di le dintsi; mme mohumanegi a kgaoganngwe le tsala ya gagwe.
5
Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso; le yo o bilolang maaka ga a ketla a falola.
6
Batho ba bantsi ba tlaa rata go tlekeetsa motho yo o fang thata; le gone motho mongwe le mongwe ke tsala ya yo o abang dineo.
7
Bana ba ga rraagwe mohumanegi botlhe ba a mo ila; bogolo jang ditsala tsa gagwe di mo katogela kgakala! A ba khueletsa ka mafoko, mme ba bo ba ile.
8
Yo o bonang botlhale o ithata mowa; yo o bolokang tlhaloganyo o tlaa bona molemo.
9
Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso, le yo o bilolang maaka o tlaa nyelela.
10
Go tshela mo letlapung ga go a tshwanela seeleele; bogolo jang ga go a tshwanela motlhanka go busa dikgosana.
11
Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.
12
Botšarara jwa kgosi bo ntse jaaka go kgorotlha ga tau; mme botsalano jwa yone bo ntse jaaka monyo mo loremeng.
13
Mosimane yo o seeleele ke tatlhego mo go rraagwe; le ditatalalo tsa mosadi wa motho ke go rotha mo go sa khutleng.
14
Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borra batho; mme mosadi yo o bonokopela o tswa kwa go Jehofa.
15
Bobodu bo digela motho mo thulamelong e kgolo, le gone motho yo o sa direng sepe o tlaa bolawa ke tlala.
16
Yo o tshegetsang taolo o boloka mowa wa gagwe, mme yo o sa tlhokomeleng ditsela tsa gagwe o tlaa swa.
17
Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.
18
Otlhaya morwao ka gobo go na le tsholofelo, mme o se ka wa tlhoma pelo ya gago mo go mo senyeng.
19
Motho yo o botšarara jo bogolo o tlaa rwala tefetso; gonne le fa o mo golola, o tlaa bo o na le go ba o dira jalo gape.
20
Utlwa kgakololo, o tshole thuto, gore o tle o nne botlhale mo bokhutlong jwa gago.
21
Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.
22
Keletso ya motho ke selekanyo sa bopelonomi jwa gagwe; mme mohumanegi o molemo bogolo go moaki.
23
Go boifa Jehofa go isa botshelong, mme yo o nang nago o tlaa nna fela a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke bosula.
24
Motho yo o bobodu o sotlhometsa letsogo la gagwe mo mogotšaneng, mme a gane le fa e le go ba a le busetsa mo ganong.
25
Betsa mosotli, mme yo o sa tlhalefang o tlaa ithuta bonokopela; o kgalemele mongwe yo o nang le tlhaloganyo, mme o tlaa tlhaloganya kitso.
26
Yo o thopang rraagwe ka thata, a ba a leleka mmaagwe, ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong le yo o lereng kgobo.
27
Khutla, morwaaka, go utlwa thuto, mme o tlaa ba o timelwa fela ke mafoko a kitso.
28
Mosupi yo o seramatla o sotla ka katlholo; le molomo wa moikepi o metsa boikepo fela.
29
Ditshekiso di baakanyeditswe basotli, le dithupa metlhana ya dieleele.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31