bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 22
Proverbs 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 23 →
1
Leina le le molemo le tshwanetse go itshenkelwa bogolo go dikhumo tse dikgolo, le botsalano jwa lorato bogolo go selefera le gouta.
2
Bahumi le bahumanegi ba a kopana, Jehofa ke modiri wa bone botlhe.
3
Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.
4
Tuelo ya boingotlo le go boifa Jehofa ke khumo le letlotlo le botshelo.
5
Mitlwa le diru di mo tseleng ya ba ba lesoko; yo o itibelang mowa o tlaa nna kgakala nabo.
6
Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.
7
Mohumi o laola mohumanegi, le moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.
8
Yo o jalang boikepo o tlaa roba tshenyegelo, le thupa ya gagwe ya tšhakgalo e tlaa tlhaela go betsa.
9
Yo o leitlho le lebang ka molemo o tlaa segofadiwa, gonne o tle a phumusetse mohumanegi dijo tsa gagwe.
10
Lelekela mosotli kwa ntle, mme komang le yone e tlaa tswa, ee, kgang e tlaa khutla le nyatsego.
11
Yo o ratang boitsheko jwa pelo, kgosi e tlaa nna tsala ya gagwe ka ntlha ya bontlafalo jwa molomo wa gagwe.
12
Matlho a ga Jehofa a boloka ene yo o nang le kitso, mme o pitikolola mafoko a motho yo o bonongwane.
13
Serorobe se a tle se re: “Go na le tau ka fa ntle, ke tlaa bolawa mo mebileng.”
14
Molomo wa mosadi wa seeng fela ke molete o o boteng; yo Jehofa o mo ilang o tlaa wela mo go one.
15
Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya ngwanyana, mme thupa ya kwatlhao e tlaa bo lelekela kgakala mo go ene.
16
Yo o patikang mohumanegi go ikokotleletsa, le yo o abelang mohumi, o tlaa fitlha mo go tlhokeng fela.
17
Sekega tsebe, o utlwe mafoko a ba ba botlhale, mme o tsepege pelo ya gago mo kitsong ya me.
18
Gonne ke selo se se natefang fa o di boloka mo teng ga gago, fa di tlhomama mmogo mo dipounameng tsa gago.
19
Ke di go itsisitse gompieno, e bong wena, gore boikanyo jwa gago bo nne mo go Jehofa.
20
A ga ke a go kwalela dilo tse di molemo thata tsa dikgakololo le kitso;
21
go go itsise bonnete jwa mafoko a boammaaruri, gore o tle o busetse mafoko a boammaaruri kwa go bone ba ba go romang?
22
O se ka wa thukhutha mohumanegi, ka gobo e le mohumanegi, le gone o se ka wa re o le kwa kgotleng wa bogisa yo o patikegang.
23
Gonne Jehofa o tlaa ba ganelela, o tlaa thopa botshelo jwa bone ba ba ba thopang.
24
O se ka wa itsalanya le motho yo o tlwaetseng go nna bogale; o bo o se ka wa tsamaya le motho yo o šakgalang thata;
25
o ka tla wa ithuta mekgwa ya gagwe, mme wa bonela mowa wa gago seru.
26
O se ka wa nna mongwe wa ba ba opanang diatla, le fa e le wa bone ba e leng baemedi ba melato.
27
E tlaa re fa o se na se o ka duelang ka sone, o ka bo a tlosetsang bolao jwa gago tlase ga gago?
28
O se ka wa tlosa molelwane wa bogologolo, o borraeno ba o tlhomileng.
29
A o bona monna yo o bobebe mo tirong ya gagwe? Ene o tlaa ema fa pele ga dikgosi; ga a ketla a ema fa pele ga batho ba ba sa itsegeng.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31