bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 24
Proverbs 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
1
O se ka wa nna pelotshetlha ka ga batho ba ba bosula, le gone o se ka wa eletsa go nna nabo;
2
gonne pelo ya bone e akanya go patika, le melomo ya bone e bua bosenyi fela.
3
Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.
4
Le matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.
5
Monna yo o botlhale o nonofile; ee, monna wa kitso o kokotletsa nonofo.
6
Gonne o tlaa epa dira tsa gago ka kgakololo e e tlhalefileng; le gone phenyo e tle e nne mo bontsing jwa bagakolodi.
7
Botlhale bo tlodile lesilo kwa godimo; lone ga le ke le tswa molomo mo kgotleng.
8
Yo o logang maano a go dira bosula, batho ba tlaa mmitsa sesenyi.
9
Mogopolo wa seeleele ke boleo; le mosotli ke sefedisapelo mo bathong.
10
Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.
11
Golola bone ba ba isiwang kwa losong; le ba ba roromisiwang ke go ya go bolawa, o bo o gane ka bone.
12
Fa o re: “Bona, re ne re sa itse se;” a ke go re ene yo o lekanyang dipelo makete, a ga a se akanye? Le yo o bolokang mowa wa gago, a ga a se itse? A ga a ketla a naya motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe?
13
Morwaaka, o nne o je dinotshe, gonne di molemo; le lomepa lwa dinotshe lo lo utlwalang monate mo ganong la gago.
14
O tlaa itse fa botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago; fa o bo bonye, foo go tlaa nna le tuelo; tsholofelo ya gago ga e ketla e kgaolwa.
15
Moikepi, o se ka wa lalela boago jwa mosiami, se thope felo ga gagwe ga boikhutso;
16
gonne motho yo o siameng o ka wa gasupa, mme a tsoge gape, mme baikepi ba ribegediwa ke tshenyego.
17
O se ka wa itumelela mmaba wa gago fa a wa, a pelo ya gago e se ipele fa a ribegediwa;
18
Jehofa o ka tla a go bona, mme ga mo kgopa, mme a faposa bogale jwa gagwe mo go ene.
19
O se ka wa itshwenya ka ntlha ya badira bosula; le gone o se ka wa nna pelotshetlha ka ga baikepi;
20
gonne motho yo o bosula ga a ketla a dirana le tuelo; le lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.
21
Morwaaka, o boife Jehofa le kgosi; mme o se ka wa itlhakanya le ba ba tlhanoga-tlhanogang.
22
Gonne tatlhego ya bone e tlaa tsoga ka tshoganetso; mme e mang yo o itseng tshenyego ya bone boo babedi?
23
Tse le tsone ke dipolelo tsa botlhale: Ga go molemo go gopola bomangmang jwa batho mo katlholong.
24
Yo o rayang moikepi a re: “O siame;” batho ba tlaa mo hutsa, merafe e tlaa mo tlhoa;
25
ba ba mo kgalemelang ba tlaa nna le boitumelo le tshegofatso e e molemo e tlaa tla mo go bone.
26
Yo o fetolang sentle, o atla molomo wa batho.
27
Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o e iketleeletse kwa nageng; mme morago ga moo, o age ntlo ya gago.
28
O se ka wa nna mosupa molato wa wa gaeno ka bomo; o se ka wa tsietsa ka molomo wa gago.
29
O se ka wa re: “Ke tlaa mo direla fela jaaka a ntiretse; ke tlaa direla motho yoo ka fa tirong ya gagwe.”
30
Ke tsamaile ka fa tshimong ya serorobe, le ka fa tshimong ya mafine ya motho yo o se nang tlhaloganyo;
31
mme bonang, e ne e tlhogile mitlwa fela yotlhe, e khurumeditswe ke sebabetsane, le lorako lwa yone lo rutlologile.
32
Foo ka leba, mme ka akanya thata; ka bona, mme ka amogela thuto.
33
Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla;
34
jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31