bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 7
Proverbs 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
1
Morwaaka, tshegetsa mafoko a me, o beye ditaolo tsa me fa go wena.
2
Tshegetsa ditaolo tsa me o tshele; le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.
3
O di bofelele mo menwaneng ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago.
4
Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” o reye tlhaloganyo o re: “O wa bana ba ga mme;”
5
gore ba go dibele mo mosading wa seeng, mo moennyeng yo o fakang ka mafoko a gagwe.
6
Gonne e kile ya re ka fa seiponing sa ntlo ya me ka okomela ka marofana,
7
mme ka bona mo go ba ba sa tlhalefang, ka lemoga mo makaung, motho mongwe wa lekau yo o se nang tlhaloganyo,
8
a feta le mmila gaufi le kgokgotsho ya mosadi yoo, mme a otobela kwa tseleng e e yang kwa ntlong ya gagwe;
9
ka lotlatlana, ka maabanyane, mo bontshong jwa bosigo, le jwa lefifi.
10
Mme bonang, a kgatlhantshiwa ke mosadi a apere diaparo tsa seaka, mme a le pelo e e boitobo.
11
O a tle a phokelele, a itaole, dinao tsa gagwe ga di ke di nna mo ntlong ya gagwe:
12
Jaana o mo mebileng, kgantele o mo dipatlelong, mme a lalele fa marakanelong a otlhe.
13
Jalo a mo tshwara a mo atla, a iphimola sefatlhogo, a mo raya a re:
14
“Ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso di kwa go nna; ke lefetse maikano a me ka tsatsi leno.
15
Ke gone ke moo ke duleng go go kgatlhantsha, go batla sefatlhogo sa gago ka tlhoafalo, jaanong ke go fitlhetse.
16
Ke adile bolao jwa me ka diphate tse di matsabatsaba, le ka matsela a a mebalabala a tlhale ya Egepeto.
17
Ke natefesitse bolao jwa me ka malao a mera, le aloe, le kinamone.
18
Ntlo, re ineele mo thatong ka botlalo go ya mosong; a re ikgomotse ka marato.
19
Gonne monna ga a yo mo gae, o ile loetong lo loleele.
20
O tshotse kgetsi ya madi; o tlaa boela gae kgwedi e le tshweu.”
21
A mo kgona ka go bua sentle ga gagwe mo gogolo, a mo kgola ka go haka ga dipounama tsa gagwe.
22
A mo sala morago ka bonako, jaaka kgomo e ya go tlhajwa, kgotsa jaaka seiaie fa se ya dikgolegong tsa kwatlhao;
23
go tsamaya motswi o mo phololetsa sebete; jaaka nonyane e tle e itlhaganelele seru, e sa itse fa e le tatlhego ya botshelo.
24
Ke gone jaana bomorwaaka, ntheetsang, lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.
25
A pelo ya gago e se ka ya fapogela kwa tseleng ya gagwe, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.
26
Gonne o digile batho ba le bantsi ba ntshitswe dintho; ee, ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.
27
Ntlo ya gagwe ke tsela e e yang Bobipong, e fologela mo matsatseng a loso.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31