bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 3
Proverbs 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 4 →
1
Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me; mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me,
2
gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.
3
A boutlwelobotlhoko bo se go tlogele le boammaaruri; o di bofelele mo thamong ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago;
4
jalo o tlaa bona botsalano le tlotlego mo ponong ya Modimo le ya motho.
5
O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela.
6
Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.
7
O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.
8
E tlaa nna phodiso mo khubung ya gago, le moko mo marapong a gago.
9
Tlotla Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago.
10
Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.
11
Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe;
12
gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.
13
Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo.
14
Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng.
15
O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae.
16
Boleele jwa malatsi bo mo seatleng sa gagwe se se siameng; mo seatleng sa gagwe sa molema go dikhumo le tlotlo.
17
Ditsela tsa gagwe ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwe tsotlhe ke kagiso.
18
O setlhare sa botshelo mo go ba ba mo tshwarang; go tlhogonolo mongwe le mongwe yo o mo itshadisetsang.
19
Jehofa o thaile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa magodimo ka tlhaloganyo.
20
Mateng a ne a phunyakwa ka kitso ya gagwe, mme loapi lo rotha monyo.
21
Morwaaka, a di se tloge mo matlhong a gago; o tshware botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo.
22
Jalo di tlaa nna botshelo mo moweng wa gago, le bontle mo thamong ya gago.
23
Foo o tlaa tsamaya mo tseleng ya gago ka thagamo, le lonao lwa gago ga lo ketla lo kgotswa.
24
E tlaa re o rapama ga o ketla o boifa; ee, o tlaa rapama fela, mme boroko jwa gago bo tlaa nna monate.
25
O se ka wa boifa poifo e e tshoganetsang, le fa e le go swafadiwa ga baikepi motlhang go tlang;
26
gonne Jehofa o tlaa nna boikanngo jwa gago, o tlaa boloka lonao lwa gago, gore lo se ka lwa tshwarwa.
27
Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira.
28
O se ka wa raya wa gaeno wa re: “Tsamaya, o bo o tle gape, ka moso ke tlaa go naya;” le mororo selo o na naso.
29
O se ka wa logela wa gaeno maano a a bosula, e tswa a agile fa go wena ka thagamo.
30
O se ka wa lwela le motho lefela, fa a sa go direla molato ope.
31
O se ka wa rata wa bo o ka nna jaaka motho wa sesenyi, o bo o se ka wa itshenkela ditsela dipe tsa gagwe.
32
Gonne yo o logwadi ke mofedisa pelo mo go Jehofa; leoma la gagwe le na le yo o thokgameng.
33
Phutso ya ga Jehofa e mo ntlong ya moikepi; mme o segofatsa boago jwa mosiami.
34
Ruri o sotla basotli, mme o naya bakgobaladi bontlafalo.
35
Ba ba botlhale ba tlaa rua kgalalelo; mme dieleele di tlaa godisediwa ditlhonnyeng.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31