bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 18
Proverbs 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
1
Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.
2
Seeleele ga se na kgatlhego mo tlhaloganyong, fa e se gore pelo ya sone e tle e itshenole fela.
3
Motlhang moikepi o tlang, foo go tle le lone lonyatso, le botlhabisa ditlhong bo tle le kgobo.
4
Mafoko a molomo wa monna a ntse jaaka metsi a a boteng, motswedi wa botlhale o ntse jaaka nokana e e elelang.
5
Ga go molemo go gobela sebele sa moikepi, le fa e le go faposa mosiami mo katlholong.
6
Dipounama tsa seeleele di tsena mo kgannyeng le molomo wa sone o ipiletsa dithupa.
7
Molomo wa seeleele ke tshenyego ya sone, le dipounama tsa sone ke seru sa mowa wa sone.
8
Mafoko a mosebi a ntse jaaka dijo tse di akolwang, mme a fologele kwa tengteng ga mpa.
9
Le ene yo o bolealea mo tirong, ke ngwana wa ga rraagwe mosenyi.
10
Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.
11
Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, e bile ke lorako lo lo godileng mo kgopolong ya gagwe.
12
E tle e re pele ga tshenyego pelo ya motho e ipege, mme boikokobetso bo etelele tlotlego pele.
13
Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.
14
Pelo ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe; mme mowa o o phatlogileng o ka kakatlololwa e mang?
15
Pelo ya yo o senokopela e bapala kitso, le tsebe ya yo o tlhalefileng e batla kitso.
16
Neo ya motho e tle e mo fenosetse bonno, mme e mo ise fa pele ga batho ba bagolo.
17
Yo o ipuelelang pele o ntse jaaka ekete o siame, mme wa ga gabo a tle a mo kheleisetse ruri.
18
Bola bo tle bo khutlise dikgang, bo bo bo kgaoganye bathata.
19
Ngwana wa rra motho fa a kgopilwe o ba a le thata go fenngwa bogolo go motse o o thata, mme dikgang tse di ntseng jalo di ntse jaaka mephakalego ya kago e e dithako di thata.
20
Mpa ya motho e tlaa tladiwa ka loungo lwa molomo wa gagwe; o tlaa kgorisiwa ka totafalo ya dipounama tsa gagwe.
21
Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.
22
Yo o tsayang mosadi, o bona se se molemo, o ba a bona botsalano mo go Jehofa.
23
Mohumanegi o tle a bue ka dithapelo, mme mohumi ene o fetola ka bopelompe.
24
Yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya, mme go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31