bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 21
Proverbs 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
1
Pelo ya kgosi e mo seatleng sa ga Jehofa, jaaka meedi ya metsi; o e sokololela kwa o go ratang.
2
Tsela nngwe le nngwe ya motho e siame mo matlhong a gagwe; mme Jehofa o lekanya dipelo bokete.
3
Go dira tshiamo le tshiamiso go lebosega mo go Jehofa bogolo go tshupelo.
4
Matlho a a kalegileng le pelo e e ikgodisang, le e leng lobone lwa baikepi ke boleo.
5
Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela, mme mongwe le mongwe yo o potlakang o potlakela go ya kwa go tlhokeng fela.
6
Go bapala dikhumo ka loleme lo lo akang, ke mouwane o o kgweelediwang kwa le kwa; ba ba di batlang ba batla loso.
7
Go tsubukanya ga baikepi go tlaa ba kgokgweeletsa koo, ka ba gana go dira tshiamiso.
8
Tsela ya yo o rweleng lekokoma la boleo e motsokodia thata; mme ka ga yo o itshekileng, tiro ya gagwe e siame.
9
Go molemo go aga mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.
10
Mowa wa moikepi o eletsa bosula, wa ga gabo ga a ke a bona botsalano bope mo matlhong a gagwe.
11
E a re mosotli a bediwa, yo o sa tlhalefang a tlhalefisiwe, mme fa motlhale a rutwa a amogele kitso.
12
Mosiami o akanya ntlo ya baikepi; ka fa baikepi ba ribegelediwang tshenyegong ka gone.
13
Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.
14
Neo e e ntshiwang go sa itsiwe e timola bogale, le thelesetso mo sehubeng e timetsa kgalefo e kgolo.
15
Ke boitumelo mo basiaming go dira tshiamiso; mme ke go dira tshenyo mo go ba ba dirang boikepo.
16
Motho yo o timelwang ke tsela ya tlhaloganyo, o tlaa lala mo phuthegong ya baswi.
17
Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma.
18
Moikepi o nna serekololo sa mosiami; le yo o bonongwane a nne mo boemong jwa mothokgami.
19
Go molemo go nna mo lefatsheng le le sa nnweng fela, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang le yo o khutlogang.
20
Go na le khumo e e tlhokegang le lookwane mo ntlong ya motho yo o botlhale, mme motho yo o seeleele a e kometse.
21
Yo o latelang tshiamo le boutlwelobotlhoko, o bona botshelo, le tshiamo, le tlotlo.
22
Motho yo o botlhale o palamela mo motseng wa bathata, a kokobetse thata ya boikgantsho jwa one.
23
Le fa e le mang yo o dibelang molomo le loleme, o dibela mowa wa gagwe mo ditlalelong.
24
Motho yo o boikgodiso le moipegi, leina la gagwe ke mosotli, o dira ka boitelaganyo jwa o boikgodiso.
25
Keletso ya seramatla e a se bolaya, gonne diatla tsa sone di gana go dira.
26
Go na le yo o eletsang ka bopelotshetlha motshegare otlhe, mme mosiami o aba fela, a sa rekegele.
27
Tshupelo ya moikepi ke sefedisapelo, bogolo jang fa a e isa ka pelo ya boikepo!
28
Mosupi yo o tsietsang o tlaa nyelela, mme motho yo o utlwang mafoko o tlaa bua a sa ganediwe.
29
Moikepi o bifisa sefatlhogo sa gagwe, mme ka ga mothokgami o ithulaganyetsa ditsela tsa gagwe.
30
Ga go na sa botlhale le fa e le sa tlhaloganyo, le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.
31
Pitse e baakanyediwa motlha wa tlhabano, mme phenyo yone e tswa kwa go Jehofa.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31