bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 31
Proverbs 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
1
Mafoko a kgosi Lemuele; boitseanape jo mmaagwe o bo mo rutileng.
2
Ke eng, morwaaka? Ke eng wena ngwana wa sebopelo sa me? Ke eng, wena ngwana wa maikano a me?
3
O se ka wa naya basadi thata ya gago, le metsamao ya gago o se ka wa e naya sone se se senyang dikgosi.
4
Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine; ga go a tshwanela dikgosana, go re: “Bojalwa jwa mofine jo bo loileng bo kae?”
5
Gonne ba ka tla ba nwa, mme ba lebala molao, ba sokamisa tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng.
6
Naya ene yo o gaufi le go swa bojalwa jo bo loileng, le bojalwa jwa mofine o bo neye ene yo o mowa o galakegang;
7
a a nwe, mme a lebale khumanego ya gagwe, mme a a se tlhole a gakologelwa matladika a gagwe.
8
O tumololele dimumu molomo wa gago, go tlhabanela botlhe ba ba tlogetsweng ba le mo tatlhegong.
9
Tumolola molomo, o atlhole ka tshiamo, o atlholele bahumanegi le batlhoki.
10
E mang yo o ka bonang mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? Gonne tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala.
11
Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse, mme ga a ketla a tlhoka papadi.
12
O mo direla molemo e seng bosula, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe.
13
O tle a senke bobowa le leloba, mme a dire ka bongwe fela jwa pelo ka diatla.
14
O ntse jaaka dikepe tsa moreki wa dilo; dijo tsa gagwe o tle a ye go di tsaya kwa kgakala.
15
Le gone o tle a tsoge go sa le bosigo, a neye ba ntlo ya gagwe dijo, le barweetsana ba gagwe tiro ya bone.
16
O tle a gopole tshimo, mme a e reke; a tlhome tshimo ya mafine ka papadi ya diatla tsa gagwe.
17
O ikokwaela mo lothekeng ka nonofo, a ithatafatse mabogo.
18
O lemoga fa tlhwatlhwa ya gagwe e na le papadi; lobone lwa gagwe ga lo time bosigo.
19
O tle a beye diatla mo selogong, diatla tsa gagwe di tshware letsogo la sone.
20
O tle a huporololele bahumanegi seatla; ee, a otlololele batlhoki mabogo.
21
Ga a boifele ba ntlo ya gagwe fa go le kapoko, gonne ba ntlo ya gagwe botlhe ba apere bohibidu jo bo letlhololo.
22
O itirela dialo tsa letsela le le dirilweng matsabatsaba; diaparo tsa gagwe ke leloba le le boleta le bohibidu jo bo mokgona.
23
Monna wa gagwe o itsiwe mo dikgotleng, fa a dutse mo bagolwaneng ba lefatshe.
24
O tle a dire diaparo tsa leloba, mme a di rekise; a neele moreki meitlamo.
25
Thata le tlotlego ke diaparo tsa gagwe; mme o tlaa tshega lobaka lo lo tlang.
26
O tumolola molomo wa gagwe ka botlhale; mme molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe.
27
O lebaleba mekgwa ya ba ntlo ya gagwe thata, mme ga a je dijo tsa podufalo.
28
Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake a re:
29
“Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.”
30
Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa.
31
Mo neye papadi ya diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake mo dikgotleng.
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31