bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Proverbs 28
Proverbs 28
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 29 →
1
Baikepi ba tle ba tshabe go sa khukhele ope, mme basiami ba pelokgale jaaka tau.
2
Dikgosana tsa lefatshe di tle di nne dintsi ka ntlha ya go leofa ga lone, mme go nna ga lone go tlaa lelefadiwa ke batho ba tlhaloganyo le kitso.
3
Motlhoki yo o patikang bahumanegi o tshwana le pula e e gogolang fela, e e sa tlogeleng dijo dipe.
4
Bone ba ba tlogelang molao ba haka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba ganela nabo.
5
Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamiso, mme ba ba batlang Jehofa ba tlhaloganya dilo tsotlhe.
6
Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo mekgweng ya gagwe, le fa a humile.
7
Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o botlhale, mme yo o leng monkana wa diapu o tlhabisa rraagwe ditlhong.
8
Yo o kokotletsang thoto ya gagwe ka go lopa koketso le ka loatiso, o e phuthela ene yo o utlwelang bahumanegi botlhoko.
9
Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.
10
Yo o timeletsang mothokgami kwa tseleng e e bosula, o tlaa wela ka esi mo lemeneng le e leng la gagwe, mme baitekanedi ba tlaa ja molemo boswa.
11
Mohumi o ipona botlhale, mme mohumanegi yo o nang le tlhaloganyo a mo kheleise.
12
Motlhang basiami ba fenyang, go nne kgalalelo e kgolo, mme motlhang baikepi ba tsogang, batho ba iphitlhe.
13
Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko.
14
Go sego motho yo o sisimogang ka metlha yotlhe, mme yo o ikwatlalatsang pelo o tlaa wela mo bosuleng.
15
Jaaka tau e e dumang, le bera e e lalogileng, molaodi yo o boikepo o ntse jalo mo tšhabeng e e humanegileng.
16
Kgosana e e tlhokang tlhaloganyo e bile ke mopatiki yo mogolo, mme yo o ilang keletso ya boiphetlho o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe.
17
Motho yo o rweleng lekokoma la madi a motho o tlaa tshabela kwa lemeneng; a go se nne motho ope yo o mo kganelang.
18
Motho yo o tsamayang ka thokgamo o tlaa gololwa, mme yo o lesoko mo mekgweng ya gagwe o tlaa wa ka lobaka loo fela.
19
Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo, mme yo o salang baithamaki morago o tlaa bona khumanego e e tletseng.
20
Monna yo o boikanngo o tlaa nna le letlotlo la matshego, mme yo o potlakelang go huma ga a ketla a tlhoka go bediwa.
21
Go gopola bomangmang jwa batho ga go molemo, le fa e le go dira tlolo, gore motho a bone dijonyana.
22
Yo o leitlho le le bosula o itlhaganelela dikhumo, mme a sa itse fa botlhokwa bo tlaa mo wela.
23
Yo o kgalemelang motho o tlaa nama a bona botsalano bogolo go yo o hakang ka loleme.
24
Yo o utswelang rraagwe kgotsa mmaagwe, mme a re: “Ga se tlolo epe;” motho yoo ke monkana wa sesenyi.
25
Motho yo o pelotshetlha o tsosa dikgang; mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa nontshiwa.
26
Yo o ikanyang pelo ya gagwe ka esi ke seeleele, mme yo o tsamayang ka botlhale o tlaa gololwa.
27
Yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka, mme yo o ipipang matlho o tlaa bona phutso gantsintsi.
28
E a re fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlhe; mme motlhang ba swang basiami ba ntsifale.
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31