bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 11
2 Chronicles 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 12 →
1
E rile Rehoboame a tla mo Jerusalema a phutha ba kgotla ya Juta le ya Benjamine, banna ba le 180 000 ba ba tlhophegileng, e le banna ba ntwa, gore ba tlhabane le ba Iseraele, go tla ba busetsa bogosi mo go Rehoboame.
2
Mme lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Shemaia monna wa Modimo la re:
3
“Bua le Rehoboame morwa Solomone, kgosi ya Juta, le ba Iseraele botlhe ba ba mo go ba Juta le mo go ba Benjamine o re:
4
‘Jehofa o bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola, le fa e le go tlhabana le bana ba ga rraeno; a mongwe le mongwe wa lona a boele kwa ga gagwe; gonne selo se, se tswa mo go nna.’ ” Mme ba reetsa mafoko a ga Jehofa, ba boa kwa go bololeleng Jeroboame.
5
Rehoboame a aga mo Jerusalema, a aga metse ya phemelo mo Juta.
6
A aga e bong Bethelehema, le Etame le Tekoa,
7
le Bethesure, le Shoko le Adulame,
8
le Gathe, le Mareša le Sife,
9
le Atoraime, le Lakiše le Aseka,
10
le Sora, le Aijalone le Heberone, metse e e mo Juta le mo Benjamine, metse e e thekeleditsweng.
11
Mme a thatafatsa manno a a thata a phemelo, a baya balaodi gone, le sekokotlegelo sa dijo, le lookwane le bojalwa jwa mofine.
12
Le mo motseng mongwe le mongwe a baya dithebe le marumo, a e thatafatsa mo go feteletseng. Mme Bajuta le Babenjamine, e ne e le ba gagwe.
13
Baperesiti le Balefi ba ba mo go ba Iseraele botlhe ba ya kwa go ene ba tswa kwa melelwaneng yotlhe ya bone.
14
Gonne Balefi ba ne ba tlogela dintlhana tsa bone, le dithuo tsa bone ba tla mo Juta le mo Jerusalema, gonne Jeroboame le bomorwawe ba ba latlha, gore ba se ka ba direla Jehofa ka tiro ya boperesiti.
15
Mme a itlhomela baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng, le ba medimo ya dikapodi, le ba dinamane tse o di dirileng.
16
Morago ga bone, go sa le go tswa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele botlhe ba ba itlhomamisitseng ka pelo tsa bone go batla Jehofa, Modimo wa Iseraele, mme ba tla Jerusalema go isetsa Jehofa Modimo wa borraabo tlhabelo.
17
Jalo ba thatafatsa bogosi jwa Juta, ba naya Rehoboame morwa Solomone thata, ka dinyaga di le tharo, gonne ba ne ba sepela ka dinyaga di le tharo mo tseleng ya ga Dafite le Solomone.
18
Rehoboame a tsaya mosadi, Mahalathe morwadia Jerimothe, morwa Dafite, le wa ga Abihaile morwadia Eliabe morwa Jese.
19
A bona nae bana ba basimane: Jeuše, le Shemaria le Sahame.
20
Morago ga gagwe a tsaya Maaka morwadia Abesalome; a bona nae Abija, le Atai, le Sise le Shelimothe.
21
Rehoboame a rata Maaka, morwadia Abesalome bogolo go basadi botlhe ba gagwe le bagadingwana ba gagwe; (gonne o ne a tsaya basadi ba le 18 le bagadingwana ba le 60, mme a tshola bana ba basimane ba le 28, ba basetsana ba le 60.)
22
Rehoboame a baya Abija morwa Maaka mogolo, e bong kgosana mo go bomonnawe, gonne o na a laotse go mo dira kgosi.
23
A dira ka botlhale, a falaletsa bomorwawe botlhe le mafatshe otlhe a Juta le Benjamine, a ba baya mo motseng mongwe le mongwe o o thekeleditsweng, a ba naya dijo ka botlalo. A ba batlela basadi ba le bantsi.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36