bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 22
2 Chronicles 22
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 23 →
1
Banni ba Jerusalema ba dira Ahasia, morwa Jehorame yo mmotlana, kgosi mo boemong jwa gagwe; gonne lesomo la batho ba ba kileng ba tla le Baarabia mo bothibelelong ba ne ba bolaile bomogolowe botlhe. Jalo Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juta a busa.
2
E rile Ahasia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 42; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia morwadia Omeri.
3
Le ene a sepela mo ditseleng tsa ba ntlo ya ga Ahabe, gonne mmaagwe e ne e le mogakolodi wa gagwe mo go direng ka boikepo.
4
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go ne go dira ba ntlo ya ga Ahabe, gonne bao e ne e le bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, go mo isa tshenyegong.
5
Le gone a sepela ka fa kgakololong ya bone, a bolola le Jehorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, a ya go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe-gileate. Basiria ba tlhaba Jorame a tswa dintho.
6
A bowa a ya kwa Jesereele a ya go alafiwa dintho tse ba di mo ntshitseng kwa Rama, ka a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Asaria morwa Jehorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jehorame morwa Ahabe kwa Jesereele ka a lwala.
7
Jaana tshenyego ya ga Ahasia ya bo e tswa mo Modimong, ka a ile kwa go Jorame. Gonne e rile a fitlha, a bolola le Jehorame, ba bololela Jehu morwa Nemeši, yo Jehofa o ne a mo tloleditse go tla a bolaya ba ntlo ya ga Ahabe.
8
Ga dirala ya re Jehu a sekisa ba ntlo ya ga Ahabe, a fitlhela dikgosana tsa Juta le bomorwa boo rra Ahasia ba thusa Ahasia, mme a ba bolaya.
9
A senka Ahasia, mme ba mo tshwara, (ka o ne a iphithile mo Samaria), mme ba mo isa kwa go Jehu mme ba mmolaya; ba mo fitlha gonne, ba re: “Ke morwa Jehošafate, yo o ne a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.” Ba ntlo ya ga Ahasia ba ne ba se na thata ya go tshegetsa bogosi.
10
E rile Athalia mma Ahasia a bona fa morwawe a sule, a nanoga a senya losika lotlhe lwa segosi lwa ntlo ya Juta.
11
Mme Jehošabeathe morwadia kgosi, a tsaya Joaše morwa Ahasia, a mo utswa a mo tlosa mo go bomorwa kgosi ba ba bolailweng, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya borobalo. Jehošabeathe morwadia kgosi Jehorame, mosadi wa ga Jehoiata moperesiti, (gonne e ne e le kgaitsadia Ahasia), a mo subela Athalia, mme a se ka a mmolaya.
12
Mme a nna nabo a subilwe mo ntlong ya Modimo ka dinyaga di le thataro, mme Athalia a busa mo lefatsheng.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36