bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 26
2 Chronicles 26
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
1
Batho botlhe ba Juta ba tsaya Usia yo o ne a le dinyaga di le 16, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.
2
Mme a aga Elothe, a o busetsa mo go Juta, morago ga kgosi e sena go robala le borraagwe.
3
E rile Usia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 16; mme a busa ka dinyaga di le 52 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jekilia wa Jerusalema.
4
Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dira.
5
A itlhomamisa go batla Modimo mo metlheng ya ga Sekaria, yo o ne a na le tlhaloganyo mo ponatshegong ya Modimo; mme ya re a sa ntse a batla Jehofa, Modimo wa mo tlhogonolofatsa.
6
A bolola a tlhabana le Bafilisitia, a thuba loraka lwa Gathe, le loraka lwa Gabene le lorako lwa Ašetote; a aga metse mo lefatsheng la Ašetote le mo gare ga Bafilisitia.
7
Modimo wa mo thusa go tlhabana le Bafilisitia, le go tlhabana le Baarabia ba ba agileng mo Gure-baale le Bameunime.
8
Baamone ba naya Usia dineo; mme leina la gagwe la tumela ntlheng tsotlhe, la ya fela kwa botsenong jwa Egepeto; gonne o ne a thatafala mo go feteletseng.
9
Gape Usia a aga dikago tse di godileng mo Jerusalema fa kgorong ya kgokgotsho, le fa kgorong ya molapo, le fa tshokologong ya lorako, a di thatafatsa.
10
A aga dikago tse di godileng mo nageng, a gaba madu a le mantsi, gonne o na a na le dikgomo di le dintsi; le gone mo lefatsheng le le khuti le mo lobaleng; o ne a na le balemi, le badiri ba masimo a mafine mo dithabeng le mo matlhagareng a a ungwisang; gonne a rata tiro ya masimo.
11
Gape Usia o na a na le ntwa ya batlhabani, ba ba bololang ntwa ka masomo, ka fa palong ya go balwa ga bone mo go dirilweng ke Jeiele mokwadi, le Maaseia leotlana, fa tlase ga taolo ya ga Hanania molaodisiwa mongwe wa kgosi.
12
Palo yotlhe ya ditlhogo tsa makgotla a borara, e bong diganka tse di pelokgale, e ne e le 2 600.
13
Mo taolong ya bone go ne go le ntwa e e rutilweng, e le 307 500, ba ba tlhabanang ka thata e kgolo, ba thusa kgosi go tlhabana le mmaba.
14
Usia a baakanyetsa ntwa yotlhe dithebe le marumo, le ditlhoro tsa phemelo, le meitshomelo ya phemelo, le mara le maje a metsekedi.
15
A dira dikgaraga mo Jerusalema, tse di simolotsweng ke banna ba ba ditsetse tsa go tla di bewa mo dikagong tse di godileng mo godimo ga dikgokgotsho, go tla ba hula ka tsone metswi le maje a magolo. Mme leina la gagwe la tumela kwa kgakala; ka a ne a thusiwa mo go gakgamatsang, ga tsamaya a nna thata.
16
E rile a sena go nna thata, pelo ya gagwe ya tsholetsega a ba a tla a dira ditiro tsa sebodu, a leofela Jehofa, Modimo wa gagwe; gonne o ne a ya mo tempeleng ya ga Jehofa a ya go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.
17
Asaria moperesiti a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba ga Jehofa ba le 80, ba e neng e le diganka tse di pelokgale.
18
Ba ganela le kgosi Usia, ba mo raya ba re: “Usia, ga se ga gago go fisetsa Jehofa maswalo, fa e se ga baperesiti bomorwa Arone fela, ba ba lomololetsweng go fisa maswalo; tswa mo felong ga boitshepo; gonne o tlodile; le gone ga e ketla e nna tlotlo e e tswang mo go Jehofa Modimo mo go wena.”
19
Foo Usia a nna bogale; mme o ne a tshotse leiswana mo seatleng, la go fisa maswalo; o rile a sa ntse a le bogale le baperesiti, lepero la tsoga mo phatleng ya gagwe fa pele ga baperesiti, mo ntlong ya ga Jehofa, fa sebesong sa maswalo.
20
Asaria moperesiti yo mogolo, le baperesiti botlhe, ba mo leba, mme bonang, a bo a le lepero mo phatleng, mme ba mo ntsha gone ka bonako; ee, le ene a itlhaganela go tswela kwa ntle, gonne Jehofa o na a mo iteile.
21
Usia kgosi a nna molepero go ya go fitlha mo tsatsing la loso lwa gagwe, mme a nna mo ntlong e e kwa thoko e lo yosi, ka a le molepero; gonne o na a kgaotswe mo ntlong ya ga Jehofa. Mme Jothame morwawe a laola ntlo ya kgosi, a atlhola batho ba lefatshe.
22
Ditiro tse dingwe tsa ga Usia tsa ntlha le tsa morago, Isaia moperofeti morwa Amose o na a di kwala.
23
Jalo Usia a robala le borraagwe; mme ba mo fitlha le borraagwe mo nageng ya phitlhelo e e leng ya dikgosi; gonne ba re: “Ke molepero.” Mme Jothame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36