bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 12
2 Chronicles 12
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 13 →
1
Ga dirala e rile bogosi jwa ga Rehoboame bo sena go tlhomama, le ene a le thata, a tlogela molao wa ga Jehofa, le Baiseraele botlhe nae.
2
Ga dirala ya re ka ngwaga wa botlhano wa kgosi Rehoboame, Shišake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema, ka ba ne ba leofetse Jehofa,
3
a na le dikara di le 1 200, mme bapalami ba dipitse ba le 60 000; batho ba ba tlang nabo ba tswa Egepeto ba bo ba se na palo: Balubime, le Basukime le Baethiopia.
4
A gapa metse e e thekeleditsweng e e leng ya Juta, a ba a tla mo Jerusalema.
5
Shemaia moperofeti a tla kwa go Rehoboame, le kwa dikgosaneng tsa Juta, tse di phuthegetseng kwa Jerusalema, ka ntlha ya ga Shišake, mme a ba raya a re: “Jehofa, o bua jaana a re: ‘Lo ntatlhile, ke gone ka moo le nna ke lo tlogetse mo seatleng sa ga Shišake.’ ”
6
Foo dikgosana tsa Iseraele tsa ikokobetsa, le kgosi, mme ba re: “Jehofa o tshiamo.”
7
E rile Jehofa a bona fa ba ikokobeditse, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Shemaia, la re: “Ba ikokobeditse; ga nketla ke ba senya, mme ke tlaa ba naya kgololo ka ntlha nngwe, le bogale jwa me ga bo ketla bo gorometsegela Jerusalema ka Shišake.
8
Le fa go ntse jalo ba tlaa nna batlhanka ba gagwe; gore ba itse tirelo ya me, le tirelo ya magosi a mafatshe.”
9
Jalo Shišake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema, mme a tsaya a tlosa dikhumo tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa ntlo ya kgosi; a tsaya gotlhe fela; a tlosa le dithebe tsa gouta tse Solomone o kileng a di dira.
10
Kgosi Rehoboame a dira dithebe tsa kgotlho mo boemong jwa tsone, a di tsenya mo diatleng tsa balaodi ba balebedi ba ba lebelang kgoro ya ntlo ya kgosi.
11
Ga dirala e ne e tle e re fa kgosi e tsena mo ntlong ya ga Jehofa, balebedi ba di sikare, ba itse go di busetsa mo ntlwaneng ya balebedi.
12
Mme ya re a ikokobetsa, bogale jwa ga Jehofa jwa mo fapoga, go tla a se ka a mo senyetsa ruri, gape mo Juta ga fitlhelwa dilo tse di molemo.
13
Jalo kgosi Rehoboame a ithatafatsa mo Jerusalema, mme a busa; gonne Rehoboame o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 41, mme a busa ka dinyaga di le 17 mo Jerusalema, e le motse o Jehofa o ne a o itshenketse mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, go tla a baya leina la gagwe gone. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama mosadi wa Moamone.
14
Mme a dira se se bosula, ka a se ka a itlhomamisa ka pelo go batla Jehofa.
15
Jaana ditiro tsa ga Rehoboame tsa ntlha le tsa morago, a ga di a kwalwa mo mafokong a ga Shemaia moperofeti, le a ga Ito molebi, ka fa mokgweng wa palo ya ditshika. Ga bo go ntse go le dintwa gare ga Rehoboame le Jeroboame ka metlha yotlhe.
16
Mme Rehoboame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafite; mme Abija morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36