bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 32
2 Chronicles 32
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
1
Morago ga dilo tse, le boikanngo jo, Senakeribe kgosi ya Asiria a tla a tsena mo lefatsheng la Juta, a thibelelela metse e e thekeleditsweng, a ikaelela gore o tlaa e ikgapela.
2
E rile Hesekia a bona fa Senakeribe a tsile, a gopotse go tlhabana le Jerusalema,
3
a gakololana le dikgosana tsa gagwe le diganka tsa gagwe, gore go katelwe metswedi e e kwa ntle ga motse; mme ba mo thusa.
4
Jalo ga phuthega batho ba le bantsi, mme ba katela metswedi yotlhe, le nokana e e ne e e raletse bogare jwa lefatshe, ba re: “Ana dikgosi tsa Asiria di tlaa bo di tlelang di fitlhelelang metsi a le mantsi?”
5
Mme a nametsega, a aga lorako lotlhe lo lo ne lo thubegile, a lo goleletsa kwa dikagong tse di godileng, le lorako lo longwe lo lo kwa ntle, a thatafatsa Milo mo motseng wa ga Dafite, a ba a dira dibolao le dithebe ka bontsi.
6
A naya balaodi ba ntwa taolo mo bathong, a ba phuthela kwa go ene mo patlelong fa kgorong ya motse, a bua nabo ka kgomotso, a re:
7
“Thatafalang lo nametsege, lo se ka lwa boifa, le fa e le go tseanngwa ke kgosi ya Asiria, le fa e le ke bontsi jotlhe jo e nang najo, gonne re na le mongwe yo mogolo go yo o kwa go ene.
8
Ene o na le letsogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go re tlhabanela ditlhabano tsa rona.” Batho ba ikaega mo mafokong a ga Hesekia kgosi ya Juta.
9
Morago ga moo Senakeribe kgosi ya Asiria a roma batlhanka ba gagwe kwa Jerusalema, (ene a bo a le fa pele ga Lakiše, a na le thata yotlhe ya gagwe), a roma kwa go Hesekia kgosi ya Juta, le kwa go ba Juta botlhe ba ba mo Jerusalema, a re:
10
“Senakeribe kgosi ya Asiria o bua jaana a re: ‘Lo ikantse mo go eng, fa e bo ne ne lo nnela go tlhaselwa lo le mo Jerusalema?
11
A Hesekia ga a lo kgone go tla a lo neela go swa ka mmopamo le ka lenyora, a re: Jehofa Modimo wa rona o tlaa golola mo seatleng sa kgosi ya Asiria?
12
Hesekia yoo a ga a a tlosa mafelo a one a a tlotlometseng le dibeso tsa one, mme a laola Juta le Jerusalema, a re: Lo obamele fa pele ga sebeso se le sengwe fela, lo fisetse maswalo mo go sone?
13
A ga lo itse se nna le borraetsho re se diretseng ditšhaba tsotlhe tsa mafatshe? A medimo ya merafe ya mafatshe a e ne e nonofile ka gongwe go golola lefatshe la yone mo seatleng sa me?
14
Go ne go le mang mo medimong yotlhe ya merafe e borraetsho ba ne ba e senyetsa ruri, o o nonofileng go golola batho ba one mo seatleng sa me, fa e tlaa bo ne ne Modimo wa lona o tlaa nonofa go lo golola mo seatleng sa me?
15
Ke gone jaana a Hesekia a se lo tsietse, le fa e le go lo kgona ka mokgwa o o ntseng jaana, le gone lo se ka lwa mo dumela, gonne go ne go se na modimo ope wa morafe le fa e le wa bogosi o o nonofileng go golola batho ba one mo seatleng sa me, le mo seatleng sa borraetsho; bogolo jang Modimo wa lona o tlaa retelelwa ke go lo golola mo seatleng sa me?’ ”
16
Batlhanka ba gagwe ba fela ba bua bogolo ka go nyatsa Jehofa Modimo, le ka go nyatsa Hesekia motlhanka wa gagwe.
17
A ba a kwala dikwalo tsa go kgala Jehofa, Modimo wa Iseraele, le go mo nyatsa a re: “Jaaka medimo ya merafe ya mafatshe e e se kang ya golola batho ba yone mo seatleng sa me, Modimo wa ga Hesekia le one ga o ketla o golola batho ba one mo seatleng sa me jalo.”
18
Ba goela kwa bathong ba Jerusalema ba ba mo lorakong ka lentswe le le tsholetsegileng, ba bua ka puo ya Sejuta go ba boifisa, le go ba tlaletsa pelo; gore ba tle ba gape motse.
19
Ba bua ka ga Modimo wa Jerusalema jaaka ba buile ka ga medimo ya ditšhaba tsa lefatshe e e leng tiro ya diatla tsa batho.
20
Kgosi Hesekia, le Isaia moperofeti morwa Amose, ba rapela ka ntlha ya moo, ba goela kwa legodimong.
21
Jehofa a roma moengele, a kgaola diganka tsotlhe tse di pelokgale, le bagogi, le balaodi, mo bothibelelong jwa kgosi ya Asiria. Jalo kgosi ya boela kwa lefatsheng la ga yone ka ditlhong. E rile e fitlha mo ntlong ya modimo wa yone, bone ba ba duleng mo mmeleng wa gagwe tota, ba mmolaela gone ka tšhaka.
22
Jalo Jehofa a golola Hesekia le banni ba Jerusalema, mo seatleng sa ga Senakeribe kgosi ya Asiria, le mo seatleng sa botlhe ba sele, mme a ba goga ka ntlha tsotlhe.
23
Batho ba le bantsi ba leretse Jehofa dineo mo Jerusalema, le dilo tse di tlhokegang mo go Hesekia kgosi ya Juta, mme a itse go goletsega mo ponong ya merafe yotlhe go tswa mo lobakeng loo.
24
E rile mo metlheng eo Hesekia a nna molwetse, a ba a batla go swa; mme a rapela Jehofa, mme a bua nae, a ba a mo naya sesupo.
25
Mme Hesekia a se ka a mmuseletsa jaaka molemo o o ne a o diretswe; gonne pelo ya gagwe ya tsholetsega; ke gone ka moo bogale jwa nna mo go ene le mo go ba Juta le Jerusalema.
26
Le fa go ntse jalo Hesekia a ikokobetsa ka ntlha ya boikgodiso jwa pelo ya gagwe, ene le banni ba Jerusalema, mme bogale jwa ga Jehofa bo se ka jwa tla mo go bone mo metlheng ya ga Hesekia.
27
Hesekia o ne a na le khumo e kgolo thata le tlotlo, mme a itirela mabolokelo a selefera, le a gouta, le a majana a a tlhokegang, a ditswaiso, a dithebe le a dilwana dingwe le dingwe tse di molemo;
28
le matlo a dipolokelo tsa totafalo ya mabele le bojalwa jwa mofine le lookwane; le matlo a dikgomo le maraka a matsomane.
29
Gape a ipaakanyetsa metse, le dithuo tsa matsomane le matlhape a le letlotlo, gonne Modimo o no o mo neile dilo di le dintsi thata.
30
Ene Hesekia yoo o na a ba a kganela motswedi wa godimo wa metsi a Gihone, a a tsamaisa a lolame fela ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi ya motse wa ga Dafite. Hesekia a tlhogonofala mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
31
Le fa go ntse jalo mo tirong ya barongwa ba dikgosana tsa Babilone ba ba romilweng kwa go ene go botsa ka ga kgakgamatso e e neng ya dirwa mo lefatsheng, Modimo wa mo tlogela go mo leka gore o tle o itse gotlhe mo go mo pelong ya gagwe.
32
Ditiro tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsa gagwe tse di molemo, bonang, di kwadilwe mo ponatshegelong ya ga Isaia moperofeti morwa Amose, mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele.
33
Hesekia a robala le borraagwe, ba mo fitlha mo botlhatlogong jwa diphupu tsa bomorwa Dafite; Bajuta botlhe le banni ba Jerusalema ba mo tlotla mo losong lwa gagwe. Manase morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36