bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 9
2 Chronicles 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
1
E rile mohumagadi kgosi ya Sheba a utlwela tumedi ya ga Solomone, a tla Jerusalema go leka Solomone ka dipotso tse di thata, a na le batho ba le bantsi ba ba mo patileng, le dikamela tse di belesitseng ditswaiso, le gouta e le kgolo, le majana a a tlhokegang; mme ya re a tsile mo go Solomone a bua nae ka ga tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe.
2
Solomone a mo ranolela dipotso tsotlhe tsa gagwe, go se na sepe se se subegetseng Solomone se o sa se mmolelelang.
3
E rile mohumagadi kgosi ya Sheba a sena go bona botlhale jwa ga Solomone, le ntlo e o e agileng,
4
le dijo tsa lomati lwa gagwe lwa bojelo, le go dula ga batlhanka ba gagwe, le go ema ga badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone; le bone batshola dinwelo ba gagwe, le diaparo tsa bone; le botlhatlogo jwa gagwe jo o tlhatlogelang ka jone kwa ntlong ya ga Jehofa; ga bo go sa tlhole go le mowa ope mo go ene mohumagadi.
5
Mme a raya kgosi a re: “E ne e le poledi ya mmaanete e ke e utlwileng kwa lefatsheng la gaetsho ka ga ditiro tsa gago, le ka ga botlhale jwa gago.
6
Le fa go ntse jalo ga ke a ka ka dumela mafoko a batho, go tsamaya ke tla, mme matlho a me a bona; le fa e le bontlhanngwe jwa bogolo jwa botlhale jwa gago ke ne ke sa bo bolelelwa; o feta tumedi e ke e utlwileng.
7
Batho ba gago ba sego, le batlhanka ba, ba gago ba sego, ba ba emang fa pele ga gago ka metlha yotlhe, ba utlwa botlhale jwa gago.
8
A go bakwe Jehofa Modimo wa gago, yo o ne a kgatlhega mo go wena, a ba a tla a go baya mo setulong sa gagwe, go nna kgosi boemong jwa ga Jehofa Modimo wa gago. Gonne Modimo wa gago o ne o rata Baiseraele go tla o ba tlhomamisa ka bosakhutleng, ke gone ka fa o go dirileng kgosi ya bone ka gone, go tla o dira katlholo le tshiamiso.”
9
Mme Mohumagadi kgosi a naya kgosi dikilokerame tsa gouta di feta 4 000, le ditswaiso ka letlotlo le legolo, le majana a a tlhokegang; le gone go ne go se na ditswaiso dipe tse di tshwanang le tse mohumagadi kgosi ya Sheba o di neileng Solomone.
10
Batlhanka ba ga Hurame, le batlhanka ba ga Solomone ba ba tswang go tsaya gouta kwa Ofire, ba tla le ditlhare tsa maalaguma le majana a a tlhokegang.
11
Kgosi ya direla ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi direpudi ka ditlhare tsa maalaguma, a dira le diharepe le disaletere tsa baopedi; mme go ne go ise go ko go bonwe tse di ntseng jalo gope mo lefatsheng la Juta.
12
Kgosi Solomone a naya mohumagadi kgosi ya Sheba keletso yotlhe ya gagwe, sengwe le sengwe se o se lopang kwa ntle ga tse o ne a tsile natso kgosing. Mme a sokologa, a ya lefatsheng la ga gabo, ene le batlhanka ba gagwe.
13
Jaana bokete jwa gouta e e tlang mo go Solomone ka ngwaga o le mongwe fela e ne e le dikilokerame di feta 23 000;
14
kwa ntle ga e babapadi le bareki ba ne ba e tlisa. Dikgosi tsotlhe tsa Arabia le balaodi ba lefatshe ba tlisa gouta le selefera kwa go Solomone.
15
Kgosi Solomone a dira dithebe tsa gouta di le 200, tsa gouta e e papetlilweng ka noto, thebe nngwe le nngwe ya dirwa ka dikilokerame di supa, tsa gouta e e papetlilweng.
16
A dira dithejana di le 300 tsa gouta e e papetlilweng, thejana nngwe le nngwe ya dirwa ka dikilokerame di le tharo tsa gouta. Kgosi ya di tsenya mo ntlong ya sekgwa sa Lebanone.
17
Gape kgosi ya dira setulo sa bogosi se segolo ka dinaka tsa ditlou, a se manega gouta e e itshekileng.
18
Go ne go le direpudi di le thataro tse di isang kwa setulong sa bogosi, le sebeo sa dinao sa gouta, tse di gokeletsweng mo setulong sa bogosi, le maikaegelo a mabogo ka fa ntlheng nngwe le nngwe ya felo ga bodulo, le ditau di le pedi di eme ka fa mabogong.
19
Ditau di le 12 di ne di eme mo direpuding tse thataro ka fa ntlheng e nngwe le e nngwe. Go ne go sa dirwa dipe tse di tshwanang natso mo bogosing bope.
20
Le dinwelo tsotlhe tsa kgosi Solomone e ne e le tsa gouta, le dilwana tsotlhe tsa ntlo ya sekgwa sa Lebanone, e ne e le tsa gouta e e itshekileng; selefera se ne se sa kaiwe sepe mo metlheng ya ga Solomone.
21
Gonne kgosi e ne e na le dikepe tse di yang Tarešiše di na le batlhanka ba ga Hurame; dikepe tsa Tarešiše di ne di tle di tle gangwe fela ka dinyaga di le tharo, di tlise gouta, le selefera, le dinaka tsa ditlou, le dikgatla le dipekoko.
22
Kgosi Solomone a gaisa dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka dikhumo le ka botlhale.
23
Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe tsa rata go bona Solomone, le go utlwa botlhale jwa gagwe jo Modimo o bo tsentseng mo pelong ya gagwe.
24
Motho mongwe le mongwe a tla le neo ya gagwe, dilwana tsa selefera, le dilwana tsa gouta, le diaparo, le dibolao, le ditswaiso, le dipitse le dimmoulo, ka selekanyo ka ngwaga le ngwaga.
25
Solomone o ne a na le maemo a le 4 000 a dipitse le dikara, le bapalami ba dipitse ba le 12 000, ba o ne a ba baya mo metseng ya dikara, le mo Jerusalema kwa kgosing.
26
Mme a busa dikgosi tsotlhe go tswa Nokeng go ya fela kwa lefatsheng la Bafilisitia, le kwa molelwaneng wa Egepeto.
27
Mo Jerusalema kgosi ya tlatsa selefera sa nna jaaka maje, le masetara ya a tlatsa a nna jaaka ditlhare tsa masekamore tse di mo lefatsheng la sekhuti ka bontsi.
28
Ba tseela Solomone dipitse kwa Egepeto le kwa mafatsheng otlhe.
29
Ditiro tse dingwe tsa ga Solomone, tsa ntlha le tsa morago, a ga di a kwalwa mo mafokong a ga Nathane moperofeti le mo perofesong ya ga Ahija wa Mošilona, le mo diponatshegelong tsa ga Ito molebi ka ga Jeroboame morwa Nebate?
30
Mme Solomone a busa Baiseraele botlhe mo Jerusalema ka dinyaga di le 40.
31
Solomone a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga rraagwe, Dafite, mme Rehoboame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36