bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 8
2 Chronicles 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 9 →
1
Ga dirala ya re dinyaga di le 20 di sena go feta, tse Solomone o ne a aga ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya gagwe tota ka tsone,
2
metse e Hurame o kileng a e naya Solomone, Solomone a e aga, mme a baya bana ba Iseraele, gore ba age mo go yone.
3
Solomone a ya motseng wa Hamathe-soba, mme a o fenya.
4
A aga Tatamore mo nageng, le metse yotlhe ya mabolokelo, e o e agileng mo Hamathe.
5
Le gone a aga Bethehorone, o o kwa godimo le Bethehorone, o o kwa tlase, e le metse e e thekeleditsweng ka dithako, ka ditswalo, le mephakalego;
6
le Baalathe, le metse yotlhe ya mabolokelo e Solomone o ne a na nayo, le metse yotlhe ya dikara tsa gagwe, le metse ya bapalami ba dipitse, le tsotlhe tse Solomone o ne a eletsa go di aga go tla a ikgatlha ka tsone, mo Jerusalema, le mo Lebanone, le mo lefatsheng lotlhe la mmuso wa gagwe.
7
Ka ga batho botlhe ba ba setseng ba Bahite, le ba Baamore, le ba Baperise, le ba Bahifa, le ba Bajebuse, le ba e ne e se Baiseraele;
8
mo baneng ba bone ba ba setseng morago ga bone mo lefatsheng, ba bana ba Iseraele ba se kang ba ba nyeletsa, Solomone a ba tsaya lekgetho go tla ba nna batlhanka, nako e sa le eno.
9
Mo baneng ba Iseraele Solomone a se ka a dira batlhanka bape ba go dira tiro ya gagwe; bone ya bo e le batlhabani, le ditlhogo tsa balaodi ba gagwe, le balaodi ba dikara tsa gagwe, le bapalami ba dipitse tsa gagwe.
10
Bano e ne e le balaodisiwa ba bagolo ba ga Solomone, e bong batho ba le 250 ba ba laolang batho.
11
Solomone a tlhatlosa morwadia Faro kwa motseng wa ga Dafite a mo isa kwa ntlong e o e mo agetseng gonne a re: “Mosadi wa me ga a ketla a nna mo ntlong ya ga Dafite kgosi ya Iseraele gonne mafelo ao a itshepile, kwa letlole la ga Jehofa le tsileng gone.”
12
Foo Solomone a isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong sa ga Jehofa, se o se agileng fa pele ga mokatako.
13
Fela jaaka tshwanelo ya letsatsi lengwe le lengwe e lopa, a isa ka fa taolong ya ga Moše, ka metlha ya bosabata, le ya go rogwa ga dikgwedi, le ya mediro e e laotsweng, mediro e le meraro ka ngwaga, e bong mo motlheng wa modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang, le mo go wa modiro wa dibeke, le mo go wa modiro wa metlaagana.
14
Makoko a diphapaano a baperesiti a a laolela tirelo ya one, ka fa taolong ya ga Dafite rraagwe, le Balefi a ba laolela ditebelo tsa bone, go baka le go direla fa pele ga baperesiti ka fa tshwanelo ya letsatsi lengwe le lengwe e lopang ka gone; le balebedi ba mejako ka fa diphapaanong tsa bone fa kgorong nngwe le nngwe; gonne Dafite monna wa Modimo o ne a laotse jalo.
15
Ga baa ka ba tlogela taolo ya kgosi, e o e laoletseng baperesiti le Balefi ka ga tiro epe, le fa e le ka ga dikhumo.
16
Jaana tiro yotlhe ya ga Solomone e bo e ne e baakantswe go tla mo tsatsing la go thaiwa ga ntlo ya ga Jehofa, le go ya mo go wediweng ga yone. Jalo ntlo ya ga Jehofa ya dirwa boitekanelo.
17
Foo Solomone a ya Esione-gebere, le kwa Elothe, fa losing lwa lewatle mo lefatsheng la Etome.
18
Mme Hurame a mo isetsa dikepe ka batlhanka ba gagwe, le batlhanka ba ba nang le kitso ya lewatle, ba ya le batlhanka ba ga Solomone kwa Ofire, ba tsaya gouta gone e le dikilokerame di feta 15 000, ba e isa kwa go kgosi Solomone.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36