bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 5
2 Chronicles 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
1
Jalo tiro yotlhe e Solomone o ne a e direla ntlo ya ga Jehofa ya wediwa. Solomone a isa dilo tse Dafite rraagwe o ne a di tshwaetse Modimo; e bong selefera le gouta le dilwana tsotlhe, a di tsenya mo mabolokelong a dikhumo a ntlo ya Modimo.
2
Foo Solomone a phutha bagolwane ba Iseraele, le ditlhogo tsotlhe tsa ditso, le dikgosana tsa makgotla a borara ba bana ba Iseraele, a ba phuthela mo Jerusalema, go tla ba tlhatlosa letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa motseng wa ga Dafite, o e leng Sione.
3
Banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela kwa kgosing mo modirong, o o neng o jewa ka kgwedi ya bosupa.
4
Bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla, mme Balefi ba tsholetsa letlole.
5
Ba tlhatlosa letlole, le mogope wa bophuthegelo, le dilwana tsotlhe tse di itshepileng tse di ne di le mo mogopeng; tseo baperesiti ba Balefi ba di tlhatlosa.
6
Kgosi Solomone le phuthego yotlhe ya Baiseraele, e e phuthegetseng kwa go ene, ba bo ba le fa pele ga letlole, ba isa ditlhabelo tsa dinku le tsa dikgomo, tse di sa kakeng tsa balwa ka bontsi.
7
Baperesiti ba tsenya letlole la kgolagano ya ga Jehofa mo bonnong jwa lone mo bobuelelong jwa ntlo, mo felong ga boitshepo jo bo itshepileng, e bong fa tlase ga diphuka tsa ditšheruba.
8
Gonne ditšheruba tsa bo di tsharolotse diphuka tsa tsone fa godimo ga felo ga letlole, mme ditšheruba tsa khurumetsa letlole le disikaro tsa lone.
9
Disikaro di ne di le ditelele, dintlha tsa disikaro tsa ba tsa bonala di tswa mo letloleng fa pele ga bobuelelo, di sa bonale motho a le kwa ntle; ke gone kwa le gone le gompieno.
10
Go ne go se na sepe mo letloleng fa e se matlapa a mabedi a Moše o a beileng gone kwa Horebe jale ka Jehofa a dira kgolagano le bana ba Iseraele ka ba tswa kwa Egepeto.
11
Ga dirala ya re baperesiti ba sena go tswa mo felong ga boitshepo, (gonne baperesiti ba ba gone ba ne ba iitshepisitse botlhe fela, ba sa tlhokomele go dira ka makoko a diphapaano tsa bone;
12
le bone Balefi ba e leng baopedi botlhe fela, e bong Asafe, Hemane, Jeduthune le bomorwaa bone le bomonnaa bone, ba ema ntlheng ya botlhabatsatsi ga sebeso ba kgabile ka leloba le le boleta, ba na le disemebala le disaletere le diharepe ba bile ba na le baperesiti ba le 120 ba ba letsang dinaka).
13
Ga dirala fela ya re baletsi ba dinaka le baopedi ba ntse jaaka motho a le mongwe fela, ba dira gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa; ya re ba tsholetsa lentswe la bone ka dinaka, le disemebala, le dilo tsa kopelo, ba baka Jehofa, ba re: “Gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Foo ntlo ya tlala leru, e bong ntlo ya ga Jehofa.
14
Baperesiti ba ba ba retelelwa ke go ema ba direla ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Modimo.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36