bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 25
2 Chronicles 25
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
1
Amasia o rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25, mme a busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoatane wa Jerusalema.
2
Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, mme e seng ka pelo e e itekanetseng.
3
Jaana ga dirala, e rile bogosi bo sena go mo tlhomamela, a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba bolaileng kgosi rraagwe.
4
Mme a se ka a bolaya bana ba bone, a dira jaaka se se kwadilweng mo molaong mo lokwalong lwa ga Moše, jaaka Jehofa a laotse a re: “Borra bana ba se swele bana, le gone bana ba se swele borraabo; a motho mongwe le mongwe a swele boleo jo e leng jwa gagwe.”
5
Gape Amasia a phutha Bajuta, a ba rulaganya ka fa mantlong a borara, a ba baya mo taolong ya balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, e bong Bajuta botlhe le Babenjamine. A ba bala go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 go ya kwa go bomogoloa bone, mme a fitlhela ba le 300 000, e le banna ba ba tlhophilweng, ba ba nonofileng go bolola ntwa, ba ba itseng go eka lerumo le go fema ka thebe.
6
A ba a thapa ka tuelo banna ba ba diganka mo Iseraele ba le 100 000 ka dipapetla tsa selefera di le lekgolo.
7
Mme ga tla monna wa Modimo kwa go ene, a re: “Kgosi, a ntwa ya Iseraele e se ye nao, gonne Jehofa ga a na le Iseraele, ke gore bana botlhe ba Eferaime ga a na nabo.
8
Mme fa o rata go ya, o dire ka bopelokgale, o nne thata mo go tlhabaneng; Modimo o tlaa go diga fa pele ga mmaba; gonne Modimo o na le thata ya go thusa le ya go diga.”
9
Amasia a raya monna wa Modimo a re: “Dipapetla tse di lekgolo tse ke di neileng ntwa ya Iseraele re tlaa di tsaya kae?” Monna wa Modimo a mo fetola a re: “Jehofa o nonofile go go naya mo go fetang moo kgakala.”
10
Foo Amasia a ba kgaoganya, e bong ntwa e e neng e tsile mo go ene e tswa Eferaime, gore a boele kwa gae; mme ka ntlha ya moo bogale jwa bone jwa tukela Bajuta thata, mme ba boela kwa gae ba šakgetse thata.
11
Mme Amasia a nametsega, a goga batho ba gagwe, a ya Molapong wa Letswai, mme a kgemetha bana ba Seire ba le 10 000.
12
Ba bangwe ba le 10 000, bana ba Juta ba ba tshwara ba tshedile, ba ba isa kwa godimo ga lefika ba ba piriganyetsa kwa tlase ba le kwa godimo ga lefika, mme ba phanyega botlhe fela.
13
Mme banna ba ntwa e Amasia o e boseditseng kwa morago, gore ba se ye nae tlhabanong, ba tlhasela metse ya Juta, go tswa Samaria go ya fela kwa Bethehorone, mme ba kgemetha batho ba le 3 000 ba bone, ba tsaya thopo e le kgolo.
14
Jaana ga dirala ya re Amasia a sena go bowa kwa polaong ya Baetome, a tla le medimo ya bana ba Seire, a e tlhoma gore e nne medimo ya gagwe; mme a ikoba fa pele ga yone, a e fisetsa maswalo.
15
Ka ntlha ya moo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Amasia, mme a roma moperofeti kwa go ene, yo o mo reileng a re: “Ana o ne o batlelang medimo ya ditšhaba, e e se kang ya golola batho ba yone mo seatleng sa gago?”
16
Ga dirala, ya re a bua nae, kgosi ya mo raya ya re: “A ke gore re go dirile mongwe wa bagakolodi ba kgosi? Khutla; ana o ka bo o iteelwang?” Foo moperofeti a khutla, a re: “Ke a itse fa Modimo o laotse go go senya, ka o dirile selo se, mme wa se ka wa reetsa kgakololo ya me.”
17
Foo Amasia kgosi ya Juta a tsaya kgakololo ya batho, mme a roma kwa go Joaše morwa Jehoahase morwa Jehu, kgosi ya Iseraele, a re: “Ntlo, a re lebane mo matlhong.”
18
Joaše kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: “Sitlwasitlwane yo o neng a le mo Lebanone a roma kwa mosetareng o o neng o le mo Lebanone, a re: ‘Naya morwaake morwadio go nna mosadi;’ mme sebatana se se neng se le mo Lebanone sa feta sa gataka sitlwasitlwane.
19
Wa re: Bona, o kgemethile Baetome; mme pelo ya gago ya go goletsa mo pelafatsong; a ko o nne koo gae; ana o tlaa bo o tlhotlheleletsang bosula gore o tle o we, le Bajuta nao?”
20
Mme Amasia a gana go utlwa, gonne e ne e le mo go tswang Modimong, gore o ba tsenye mo seatleng sa baba ba bone, ka ba batlile medimo ya Baetome.
21
Joaše kgosi ya Iseraele a bolola; ene le Amasia kgosi ya Juta, ba lebana mo matlhong kwa Bethešemeše, o o leng wa Juta.
22
Mme Bajuta ba alolwa fa pele ga Baiseraele; ba tshaba, mongwe le mongwe a ya mogopeng wa gagwe.
23
Joaše kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta, morwa Joaše morwa Jehoahase, kwa Bethešemeše a mo isa Jerusalema, a thuba lorako lwa Jerusalema, go tswa kgorong ya Eferaime go ya kgorong ya kgokgotsho, boleele jwa dimetara di ka nna 200.
24
A tsaya gouta yotlhe le selefera, le dilwana tsotlhe tse di fitlhetsweng mo ntlong ya Modimo, di na le Obete-etome, le dikhumo tsa ntlo ya kgosi, le ba ba beilweng peelano, mme a boela kwa Samaria.
25
Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta a tshela morago ga loso lwa ga Joaše morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele dinyaga di le 15.
26
Ditiro tse dingwe tsa ga Amasia, tsa ntlha le tsa morago, bonang, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le Iseraele?
27
Go tswa mo lobakeng lwa fa Amasia a fapoga mo go saleng Jehofa morago, batho ba mo ikgolaganyetsa mo Jerusalema; mme a tshabela kwa Lakiše; mme ba roma batho ba mo latela kwa Lakiše, ba mmolaela gone.
28
Ba mo lere ka dipitse, ba mo fitlha le borraagwe mo motseng wa Juta.
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36