bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 7
2 Chronicles 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 8 →
1
Jaana e rile Solomone a sena go wetsa go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa nyeletsa tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala ka ntlo.
2
Baperesiti ba retelelwa ke go tsena mo ntlong ya ga Jehofa, gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse ka ntlo ya Jehofa.
3
E rile molelo o fologa le kgalelo ya ga Jehofa e le mo ntlong, bana botlhe ba Iseraele ba bo ba lebile; mme ba ikobela ka difatlhogo fa fatshe mo bopapathong jwa matlapa, ba obamela ba leboga Jehofa ba re: “Gonne o molemo, le boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”
4
Foo kgosi le batho botlhe ba isa tlhabelo fa pele ga Jehofa.
5
Kgosi Solomone a isa tlhabelo e le dikgomo di le 22 000, le dinku di le 120 000. Kgosi le batho botlhe ba neela Modimo ntlo ya one.
6
Baperesiti ba ema ka dinao ka fa ditirong tsa bone; Belefi le bone ba ema ka diletso tsa kopelo tsa ga Jehofa, tse kgosi Dafite o ne a di dirile go tla go leboga Jehofa ka tsone, ka boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng, jale ka Dafite a baka ka tirelo ya bone; baperesiti ba letsa dinaka fa pele ga bone; mme Baiseraele botlhe ba bo ba eme ka dinao.
7
Gape Solomone a itshepisa bogare jwa lolwapa lo lo fa pele ga ntlo ya ga Jehofa; gonne ke gone fa o ne a isetsa gone ditshupelo tse di fisiwang, le mafura a ditshupelo tsa kagiso, gonne sebeso sa kgotlho se Solomone o se dirileng se ne se sa lekana go tshola tshupelo e e fisiwang le tshupelo ya boupe le mahura.
8
Solomone a dira modiro ka lobaka loo ka malatsi a supa, le Baiseraele botlhe nae, e le phuthego e kgolo thata, ba tswa kwa botsenong jwa Hamatha go ya kwa molatswaneng wa Egepeto.
9
Ya re ka letsatsi la 8 ba nna phuthego e e masisi, gonne ba tshegetsa neelo ya sebeso ka malatsi a supa le modiro ka malatsi a supa.
10
Ya re ka letsatsi la 23 la kgwedi ya bosupa, a naya batho tsela, mme ba ya megopeng ya bone, ba itumetse ba le pelo e monate ka ga molemo o Jehofa o o diretseng Dafite, le Solomone, le Baiseraele batho ba gagwe.
11
Jalo Solomone a wetsa ntlo ya ga Jehofa, le ntlo ya kgosi; tsotlhe tse di tsenang mo pelong ya ga Solomone go di dira mo ntlong ya ga Jehofa le mo ntlong ya gagwe tota a di dira a di fenya.
12
Jehofa a bonalela Solomone go le bosigo a mo raya a re: “Ke utlwile morapelo wa gago, ke bile ke itshenketse felo fa, gore go nne ntlo ya tlhabelelo.
13
E tlaa re fa ke tswala legodimo, mme pula e sa ne, kgotsa fa ke laola gore tsie e bilatse lefatshe, kgotsa fa ke tsosa kgogodi mo bathong ba me;
14
fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tlaa utlwa ke le mo legodimong, mme ke tlaa itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone.
15
Jaana matlho a me a tlaa buduloga, le ditsebe tsa me ke tlaa di sekegela morapelo o o dirwang mo felong fa.
16
Gonne jaana ke itshenketse ke bile ke itshepisitse ntlo e, gore leina la me le tle le nne gone ka bosakhutleng, le matlho a me a tlaa nna gone ka metlha yotlhe, le pelo ya me.
17
Ka ga gago, fa o sepela fa pele ga me jaaka Dafite rraago a sepetse, fa o dira ka fa go tsotlhe tse ke di go laoletseng o ba o tshegetsa melao le dikatlholo tsa me;
18
foo ke tlaa tlhomamisa setulo sa bogosi jwa gago ka fa ke golaganyeng le rraago Dafite ka gone, ka re: ‘Ga go ketla go go tlhokafalela monna wa go nna mmusi mo Iseraele.’
19
Mme fa lo fapoga, lo latlha melao ya me, le ditaolo tsa me tse ke di beileng fa pele ga lona, mme lo ya lo direla medimo e sele, lo e obamela,
20
foo ke tlaa ba khumola ka medi ke ba ntsha mo lefatsheng le ke le ba neileng; mme ntlo e, e ke e itshepiseditseng leina la me, ke tlaa e latlha, e tswa mo ponong ya me, ke tlaa e dira gore e nne setlhabaseane le lefoko la tshotlo mo ditšhabeng tsotlhe.
21
“Le ntlo e, e e godileng mo go kana, mongwe le mongwe yo o fetang ka yone o tlaa gakgamala, a re: ‘Ana Jehofa o ne a direlelang lefatshe jaana, le ntlo e?’
22
Ba tlaa fetola ba re: ‘Ka gonne ba ne ba latlhile Jehofa Modimo wa borraabo, yo o ne a ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto, mme ba tshwara medimo e sele, ba e obamela, ba e direla; ke gone ka fa o lerileng bosula jotlhe jo mo go bone ka gone.’ ”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36