bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 24
2 Chronicles 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
1
Joaše o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di supa; mme a busa ka dinyaga di le 40 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia wa Beerešeba.
2
Joaše a dira se se siameng mo matlhong a Jehofa ka metlha yotlhe ya ga Jehoiata moperesiti.
3
Jehoiata a mo tseisa basadi ba le babedi; mme a tshola bana ba basimane le ba basetsana.
4
Ga dirala ya re morago ga moo Joaše a bona mogopolo wa go šafatsa ntlo ya ga Jehofa.
5
A phutha baperesiti le Balefi, a ba raya a re: “Tswelang kwa metseng ya Juta, lo phuthe madi mo go ba Iseraele botlhe a go baakanya ntlo ya Modimo wa lona ka ngwaga le ngwaga; lo ipone lo itlhaganedise tiro eo.” Le fa go ntse jalo Balefi ba se ka ba e itlhaganedisa.
6
Mme kgosi ya bitsa Jehoiata wa mogolo, a mo raya a re: “Ana ke ka ntlha yang o sa reye Balefi gore ba lere lekgetho la ga Moše motlhanka wa ga Jehofa, la mogope wa tshupo, ba le tsaya mo go Bajuta le mo go ba Jerusalema, le mo phuthegong ya Baiseraele?”
7
Gonne bomorwa Athalia mosadi yole wa boikepo, ba thubile ntlo ya Modimo; le dilo tsotlhe tse di tshwaetsweng ntlo ya ga Jehofa ba ne ba di neile boBaale.
8
Jalo kgosi ya laola, mme ba dira letlole, ba le baya ka fa ntle fa mojakong wa ntlo ya ga Jehofa.
9
Ba dira kitsiso mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, gore go lerediwe Jehofa lekgetho le Moše motlhanka wa Modimo o kileng a le laolela Baiseraele ba le kwa nageng.
10
Dikgosana le batho botlhe ba itumela, ba lere, ba latlhela mo letloleng ga tsamaya ba wetsa.
11
Ga dirala e ne e re letlole le isiwa kwa ntlong ya kgosi ke Balefi, mme ba bona fa go na le madi a magolo, mokwaledi wa kgosi le molaodisiwa wa moperesiti ba tle ba ntshe gotlhe mo letloleng ba le tseye ba le busetse kwa bonnong jwa lone. Ba dira jalo ka malatsi otlhe, ba phutha madi a le letlotlo.
12
Kgosi le Jehoiata ba a naya bone ba ba dirang tiro ya tirelo ya ntlo ya ga Jehofa; ba thapa baagi ka tuelo, le babetli ba dikgong go tla ba šafatsa ntlo ya ga Jehofa, le bone ba ba itseng go dira ka tshipi le kgotlho go tla ba šafatsa ntlo ya ga Jehofa.
13
Jalo badiri ba ne ba dira, mme tiro ya wediwa ke bone, mme ba emisa ntlo ya Modimo e le mo popegong ya yone ya gale, ba e thatafatsa.
14
E rile ba sena go wetsa, ba lere madi a a setseng fa pele ga kgosi le Jehoiata, mme ga dirwa ka one dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa, e bong dilwana tsa go direla, le tsa go isetsa ka tsone le dintshwana, le dilwana tsa gouta le tsa selefera. Ba isa ditshupelo tse di fisiwang mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a ga Jehoiata.
15
Jehoiata a tsofala, a nna malatsi a a tletseng, mme a swa; mme a re a swa a bo a le dinyaga di le 130.
16
Ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafite mo dikgosing, ka a dirile molemo mo go Iseraele, le mo Modimong le ntlo ya one.
17
Jaana morago ga loso lwa ga Jehoiata ga tla dikgosana tsa Juta, tsa ikobela kgosi. Foo kgosi ya ba reetsa.
18
Ba tlogela ntlo ya ga Jehofa Modimo wa borraabo ba direla Medimako le ditshwantsho; mme bogale jwa tla mo go ba Juta le ba Jerusalema ka ntlha ya molato oo wa bone.
19
Le fa go ntse jalo a roma baperofeti kwa go bone go ba busetsa kwa go Jehofa; mme ba supa ka ga bone, mme ba se ka ba reetsa.
20
Mowa wa Modimo wa tla mo go Sekaria morwa Jehoiata moperesiti; mme a ema a okame batho, a ba raya a re: “Modimo o bua jaana, wa re: ‘Ana lo tlolelang ditaolo tsa ga Jehofa, ka e le fa lo sa kake lwa tlhogonolofala? E re ka lo latlhile Jehofa, le ene o lo latlhile.’ ”
21
Mme ba mo ikgolaganyetsa, ba mo kgobotletsa ka maje mo lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa, ka taolo ya kgosi.
22
Kgosi Joaše a se ka a gakologelwa bopelonomi jo Jehoiata rraagwe o kileng a bo mo direla, mme a bolaya morwawe. Mme ya re a swa, a re: “A Jehofa a se bone, a se boseletse.”
23
Ga dirala e rile ngwaga o sena go feta, ntwa ya Basiria ya tla go tlhabana nae; mme ba tla mo Juta le Jerusalema, ba senya dikgosana tsotlhe tsa batho tsa tswa mo bathong, mme ba isa thopo yotlhe ya tsone kwa kgosing ya Dameseko.
24
Gonne ntwa ya Basiria e ne ya tla e le lesomo le lebotlana la banna; mme Jehofa a tsenya bontsi jo bogolo thata jwa batho mo seatleng sa bone, ka ba latlhile Jehofa Modimo wa borraabo. Ba sekisa Joaše jalo.
25
E rile ba sena go mo tlogela, (gonne ba ne ba mo tlogela a le mo matlhokong a magolo), batlhanka ba gagwe ba mo ikgolaganyetsa ka ntlha ya madi a bomorwa Jehoiata moperesiti, ba mmolaela mo bolaong jwa gagwe, mme a swa. Ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafite, mme ba se ka ba mo fitlha mo diphupung tsa dikgosi.
26
Ba, ke bone ba ba mo ikgolaganyeditseng: Sabate morwa Shimeathe mosadi wa Seamone, le Jehosabate morwa Shimerithe mosadi wa Semoabe.
27
Jaana ka ga bomorwawe, le ka ga bogolo jwa melaetsa e e builweng ka ga gagwe, le go tsosiwa ga ntlo ya Modimo, bonang, go kwadilwe mo phuthololong ya lokwalo lwa dikgosi. Mme Amasia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36