bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 34
2 Chronicles 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 35 →
1
E rile Josia a simolola go busa a bo a le dinyaga di 8; mme a busa ka dinyaga di le 31 mo Jerusalema.
2
A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, a sepela mo ditseleng tsa ga Dafite rraagwe, a se ka a fapogela ka fa go le legolo kgotsa go la molema.
3
Gonne ya re ka ngwaga o o ferang e le mebedi wa puso ya gagwe, a sa ntse a le monana, a simolola go batla Modimo wa ga Dafite rraagwe; ya re ka ngwaga wa 12 a simolola go tlhapisa Juta le Jerusalema, a tlosa mafelo a a tlotlometseng, le Medimako, le ditshwantsho tse di setilweng, le ditshwantsho tse di thetsweng.
4
Mme ba rutlolola dibeso tsa boBaale mo ponong ya gagwe; le ditshwantsho tsa letsatsi, tse di ne di le kwa godimo, godimo ga bone, a di remela fa fatshe; le Medimako le ditshwantsho tse di setilweng, le ditshwantsho tse di thetsweng, a di thubaganya, a di dira lorole, a lo gasetsa mo diphupung tsa ba ba kileng ba di isetsa ditlhabelo.
5
A fisetsa marapo a baperesiti mo dibesong tsa bone, a tlhapisa Juta le Jerusalema.
6
A dira jalo mo metseng ya Bamanase, le ya Baeferaime, le ya Basimeone, go ya fela kwa Nafetali, mo matlotleng a bone mo tikologong.
7
A rutlolola dibeso, a thuga Medimako le ditshwantsho tse di setilweng, tsa nna leupa, a remela fa fatshe ditshwantsho tsa letsatsi mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, a itse go ba a boela kwa Jerusalema.
8
Jaana e rile ka ngwaga wa 18 wa puso ya gagwe a sena go tlhapisa lefatshe le ntlo, a roma Shafane morwa Asalia, le Maaseia molaodi wa motse, le Joa morwa Joahase mokwadi wa ditirafalo, ba ya go mamatlela ntlo ya ga Jehofa Modimo wa gagwe.
9
Ba ya kwa go Hilekia moperesiti yo mogolo, ba mo neela madi a a ne a lerilwe mo ntlong ya Modimo, a Balefi, balebedi ba kgoro, ba ne ba a phuthile mo go Bamanase le Baeferaime, le mo go masalela otlhe a Baiseraele, le mo go Bajuta botlhe le Babenjamine, le mo banning ba Jerusalema.
10
Ba a neela badiri ba ba nang le tebelo ya ntlo ya ga Jehofa; badiri ba ba dirang mo ntlong ya ga Jehofa, ba a ba naya go siamisa le go mamatlela ntlo;
11
ba a naya babetli ba dikgong le baagi, go tla ba reka maje a a betlilweng, le dikgong tse di tshwaraganyang, le go dira mesipuri ya matlo a dikgosi tsa Juta di a sentseng.
12
Banna bao ba dira tiro ka boikanngo; balebedi ba bone e ne e le Jahathe le Obadia, e le ba Balefi ba bomorwa Merari; le Sekaria le Mešulame, ba bomorwa Bakohathe, go tswedisetsa tiro kwa pele; le ba bangwe ba Balefi, botlhe ba ba ditswerere go letsa diletso tsa kopelo.
13
Gape ba ne ba laola barwadi ba merwalo, ba tswedisetsa kwa pele botlhe ba ba dirang tiro mo tirelong nngwe le nngwe; mme mo go Balefi go ne go le bakwadi, balaodisiwa, le balebedi ba kgoro.
14
Ya re ba ntsha madi a a ne a isitswe mo ntlong ya ga Jehofa, Hilekia moperesiti a fitlhela lokwalo lwa molao wa ga Jehofa o o beilweng ke Moše.
15
Hilekia a bua, a raya Shafane mokwadi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Hilekia a neela Shafane lokwalo.
16
Shafane a isa lokwalo kwa kgosing, gape a isa lefoko kwa kgosing, a re: “Gotlhe mo go neetsweng batlhanka ba gago ba a go dira.
17
Ba ntshitse madi a a fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, ba a tsentse mo seatleng sa balebalebedi, le mo seatleng sa badiri.”
18
Mme Shafane mokwadi a bolelela kgosi a re: “Hilekia moperesiti o nneetse lokwalo.” Mme Shafane a balela kgosi mo go lone.
19
Ga dirala ya re kgosi e sena go utlwa mafoko a molao, ya ikgagola diaparo.
20
Kgosi ya laola Hilekia le Ahikame morwa Shafane, le Abatone morwa Mika, le Shafane mokwadi, le Asaia motlhanka wa kgosi, a re:
21
“Yang lo mpoletse mo go Jehofa, lo bo lo boletse le bone ba ba setseng mo Iseraele le mo Juta, ka ga mafoko a lokwalo lo lo bonyweng, gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo goromeditsweng mo go rona bo bogolo, gonne borraetsho ga ba a tshegetsa lefoko la ga Jehofa, go dira jaaka tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo.”
22
Hilekia, le ba kgosi e ba laotseng, ba ya kwa go Huleta moperofeti wa sesadi, mosadi wa ga Shalume morwa Tokathe, morwa Hasera, mmoloki wa diaparo; (jaana mosadi yoo a bo a agile mo Jerusalema mo kgaolong ya bobedi); mme ba bua le ene jalo.
23
Mosadi a ba raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Rayang monna yo o lo romileng kwano go nna, lo re:
24
Jehofa o bua jaana a re: Ke tlaa lere bosula mo felong fa, le mo banning ba gone, e bong diphutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo ba lo badileng fa pele ga kgosi ya Juta.
25
Gonne ba ntatlhile, ba fiseditse medimo e sele maswalo, go tla ba ntlhotlheletsa bogaleng ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone; ke gone ka moo bogale jwa me bo goromeditsweng mo felong fa, mme ga bo ketla bo tingwa.’
26
Mme kgosi ya Juta e e lo romileng, lo tla go botsa mo go Jehofa, lo mo reye lo re: Jehofa Modimo wa Iseraele a re: ‘Ka ga mafoko a o a utlwileng,
27
e re ka pelo ya gago e ne e le tshisimogo, mme wa ikokobetsa fa pele ga Modimo, jale ka o utlwa mafoko a one ka ga felo fa, le ka ga banni ba gone, mme o ikokobeditse fa pele ga me, o ikgagotse diaparo, wa lela fa pele ga me; le nna ke go utlwile. Go bua Jehofa.
28
Bona, ke tlaa go phuthela kwa go borraeno, mme o tlaa phuthelwa mo phupung ya gago ka kagiso, le gone matlho a gago ga a ketla a bona bosula jotlhe jo ke tlaa bo lereng mo felong fa, le mo banning ba teng.’ ” Mme ba busetsa phetolo kwa kgosing.
29
Foo kgosi ya roma, ya phutha bagolwane botlhe ba Juta le ba Jerusalema.
30
Kgosi ya tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa, e na le banna botlhe ba Juta, le banni ba Jerusalema, le baperesiti, le Balefi le batho botlhe, bagolo le bannye; mme a balela mo ditsebeng tsa bone mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano, lo lo bonyweng mo ntlong ya ga Jehofa.
31
Mme kgosi ya ema mo bonnong jwa yone, ya dira kgolagano fa pele ga Jehofa, ya re, e tlaa sala Jehofa morago, e tshegetsa ditaolo tsa gagwe, le ditshupo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe, ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, go dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong lo.
32
Botlhe ba ba fitlhetsweng mo Jerusalema le mo Benjamine, a ba laola gore ba eme mo kgolaganong eo. Banni ba Jerusalema ba dira ka fa kgolaganong ya Modimo, Modimo wa borraabo.
33
Josia a tlosa dilo tsotlhe tse di makgapha mo mafatsheng otlhe a e leng a bana ba Iseraele, mme botlhe ba ba fitlhelwang mo Iseraele a ba dirisa, e bong go direla Jehofa Modimo wa bone. Metlheng yotlhe ya gagwe ga ba a ka ba kgaogana le go sala Jehofa Modimo wa borraabo morago.
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36