bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 20
2 Chronicles 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
1
Ga dirala ya re morago ga moo, bana ba Moabe, le bana ba Amone, le bangwe ba Bameuni ba na nabo, ba bololela Jehošafate ba tla go tlhabana nae.
2
Foo ga tla bangwe ba ba bolelelang Jehošafate, ba re: “Go tla bontsi jo bogolo jwa batho go tlhabana nao, ba tswa moseja ga lewatle kwa Siria; mme bona, ba mo Hasasone-tamare” (ke one Enegedi).
3
Jehošafate a boifa, mme a ineela mo go batleng Jehofa, a laola gore go ikidiwe dijo go ya le lefatshe lotlhe la Juta.
4
Mme Bajuta ba phuthega, ba tla go senka thuso mo go Jehofa, ba tswa fela mo metseng yotlhe ya Juta, ba tla go senka Jehofa.
5
Jehošafate a ema mo phuthegong ya ba Juta le ba Jerusalema, mo ntlong ya ga Jehofa, fa pele ga lolwapa lo loša;
6
mme a re: “Jehofa Modimo wa borraetsho, a ga o Modimo kwa legodimong? A ga o molaodi wa magosi otlhe a merafe? Mo seatleng sa gago go thata le nonofo, mme go se na ope yo o ka emang fa pele ga gago.
7
Wena Modimo wa rona, a ga o a leleka banni ba lefatshe leno fa pele ga Baiseraele batho ba gago, lefatshe wa le naya losika lwa ga Aberahame, tsala ya gago, ka bosakhutleng.
8
Ba aga mo go lone, ba bile ba go agetse felo ga boitshepo ga leina la gago mo go lone, ba re:
9
‘Fa bosula bo tla mo go rona, tšhaka, tshekiso, kgotsa kgogodi, kgotsa leuba, re tlaa ema fa pele ga ntlo e, le fa pele ga gago (gonne leina la gago le mo ntlong e,) re tlaa biletsa kwa go wena mo pitlaganong ya rona, mme o tlaa utlwa o boloka.’
10
“Mme jaana bona, bana ba Amone le ba Moabe le ba thaba ya Seira, ba o ganneng, wa re Baiseraele ba se ka ba ba tlhasela, jale ka ba tswa lefatsheng la Egepeto, mme ba ba fapoga, ba se ka ba ba senya;
11
bona jaaka ba re duela, ba tla go re ntsha mo bosweng jwa gago, jo o bo re neileng go bo rua.
12
Modimo wa rona a ga o ketla o ba sekisa? Gonne rona ga re na thata ya go tlhabana le lesomo le legolo le le re bololetseng; le gone ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena.”
13
Bajuta botlhe ba ema fa pele ga Jehofa ba na le banyana ba bone, le basadi ba bone, le bana ba bone.
14
Foo ya re mo gare ga phuthego, mowa wa ga Jehofa wa tla mo go Jahasiele Molefi, wa bomorwa Asafe, e bong mo go Jahasiele morwa Sekaria morwa Benaia morwa Jeiele morwa Matania;
15
mme a re: “Reetsang lona lotlhe Bajuta, le lona banni ba Jerusalema, le wena kgosi Jehošafate; Jehofa o lo raya jaana, a re: ‘Lo se ka lwa boifa, le gone lo se ka lwa rerega ka ntlha ya bontsi jo bogolo jo; gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Modimo.
16
E re ka moso lo bolole lo ye go tlhabana nabo; bona, ba tlhatloga ka fa botlhatlogong jwa Sise; lo tlaa ba fitlhela kwa sekhutlong sa molapo, bolebagana le naga ya Jeruele.
17
Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabane mo tlhabanong e; lo ikemiseng lo eme fela, mme lo bone poloka ya ga Jehofa e e nang le lona, lona ba Juta le ba Jerusalema.’ Lo se ka lwa boifa, lo bo lo se rerege; e re ka moso lo bolole lo ye go tlhabana nabo; gonne Jehofa o na le lona.”
18
Jehošafate a ikoba tlhogo, a ikisa fa fatshe ka sefatlhogo, le Bajuta botlhe le banni ba Jerusalema ba wela fa pele ga Jehofa, ba obamela Jehofa.
19
Balefi ba bana ba Makohathe le ba bana ba Bakora, ba ema ba baka Jehofa, Modimo wa Iseraele, ka lentswe le le tsholetsegileng thata.
20
Ka moso ba phakela ba bololela kwa nageng ya Tekoa; mme ya re ba tswa, Jehošafate a ema, a re: “Nkutlwang lona Bajuta, le lona banni ba Jerusalema; lo dumeleng mo go Jehofa Modimo wa lona, jalo lo tlaa tlhomamisiwa; dumelang baperofeti ba gagwe, jalo lo tlaa tlhogonolofala.”
21
O rile a sena go gakololana le batho, a tlhoma bone ba ba tlaa opelelang Jehofa, ba baka bontle jwa boitshepo, gore e re ba tsamaya fa pele ga ntwa, ba re: “Bakang Jehofa, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”
22
Ya re ba simolola go opela le go baka, Jehofa a beela bana ba Amone balaledi, le ba Moabe le ba thaba ya Seire, ba ba tsileng go tlhabana le Bajuta; mme ba kgemethwa.
23
Gonne bana ba Amone le ba Moabe ba nanoga ba tlhabana le bana ba thaba ya Seire go tla ba bolaya le go ba lailela ruri; e rile ba sena go fetsa banni ba Seire, ba tloga ba menogana ba senyana.
24
E rile Bajuta ba tla kagong ya tebelo ya naga, ba leba bontsi jwa batho; mme bonang, ya bo e le ditoto-toto fela tse di wetseng fa fatshe, go se na ope yo o falotseng.
25
E rile Jehošafate le batho ba gagwe ba tla go tsaya thopo ya bone, ba fitlhela mo go bone letlotlo la dikhumo le diaparo, le mekgabo e e thata go rekwa, ba di itlosetsa mo go bone, go feta mo ba ka go rwalang, mme ga feta malatsi a le mararo ba ntse ba rora thopo, e ne e le kgolo thata.
26
Ya re ka letsatsi la bone ba phuthega mo molapong wa Beraka, gonne ke gone kwa ba ne ba baka Jehofa gone; ke gone ka moo felo foo ga rewa leina ga twa, Molapo wa Beraka, nako e sa le eno.
27
Foo ba bowa, motho mongwe le mongwe wa Juta le wa Jerusalema, Jehošafate a le fa pele ga bone, ba ya gape kwa Jerusalema ka boitumelo; gonne Jehofa a ba itumedisitse ka ga baba ba bone.
28
Ba fitlha Jerusalema ka disaletere le diharepe le dinaka mo ntlong ya ga Jehofa.
29
Poifo ya Modimo ya nna mo magosing otlhe a mafatshe ka, ba utlwa fa Jehofa a tlhabanye le baba ba Iseraele.
30
Bogosi jwa ga Jehošafate jwa bona boiketlo, gonne Modimo wa gagwe o ne wa mo naya boikhutso mo tikologong yotlhe.
31
Jehošafate a busa Bajuta: O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 35. A busa ka dinyaga di le 25 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Shilihi.
32
A sepela mo tseleng ya ga Asa rraagwe, a se ka a e fapoga, a ntse a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.
33
Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; le gone batho ba ne ba ise ba itlhomamise dipelo mo Modimong wa borraabo.
34
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jehošafate tsa ntlha le tsa morago, bonang, di kwadilwe mo mafokong a ga Jehu morwa Hanani, a a tsentsweng mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele.
35
Morago ga moo Jehošafate kgosi ya Juta a ikopanya le Ahasia kgosi ya Iseraele; ene yo o ne a dira ka boikepo jo bogolo.
36
A ikopanya nae go tla ba dira dikepe tse di ka yang Tarešiše; mme ba dira di kepe mo Esione-gebere.
37
Foo Eliesere morwa Dotafahu wa Mareša a bolela ka ga Jehošafate, a re: “E re ka o ikopantse le Ahasia, Jehofa o sentse ditiro tsa gago.” Mme Dikepe tsa thubega, tsa ba tsa retelelwa ke go ya Tarešiša.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36