bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 18
2 Chronicles 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 19 →
1
Jaana Jehošafate a bo a na le khumo le tlotlo ka botlalo; mme a itsalanya le Ahabe.
2
E rile dinyaga dingwe di sena go feta a ya kwa go Ahabe kwa Samaria. Mme Ahabe a tlhabisa ene le batho ba o nang nabo dinku le dikgomo ka bontsi, a mo tlhotlheletsa go tla a bolola nae a ya kwa Ramothe-gileate.
3
Ahabe kgosi ya Iseraele, a raya Jehošafate kgosi ya Juta a re: “A o tlaa bolola le nna ke ya Ramothe-gileate?” Mme a mo fetola a re: “Ke ntse jaaka wena, le batho ba me ba ntse jaaka batho ba gago; re tlaa nna nao mo ntweng.”
4
Jehošafate a raya kgosi ya Iseraele a re: “Ke a go rapela, a ko o botse lefoko mo go Jehofa gompieno.”
5
Foo kgosi ya Iseraele ya phutha baperofeti, banna ba le 400, a ba raya a re: “A ke re ye go tlhabana kwa Ramothe-gileate, kgotsa a ke re khutle?” Ba re: “Ya; gonne Modimo o tlaa o tsenya mo seatleng sa kgosi.”
6
Jehošafate a re: “Kwa ntle ga bao, a ga go na moperofeti ope wa ga Jehofa yo re ka botsang mo go ene?”
7
Kgosi ya Iseraele ya raya Jehošafate ya re: “Go sa na le monna mongwe yo re ka botsang mo go Jehofa ka ene; mme ke a mo ila, gonne ga a ke a bolela molemo gope ka ga me, fa e se bosula fela ka metlha yotlhe; ke ene Mikaia morwa Imele.” Jehošafate a re: “A kgosi e se re jalo.”
8
Foo kgosi ya Iseraele ya bitsa mogolwane mongwe, ya re: “Itlhaganele o ye go lere Mikaia morwa Imele.”
9
Jaana kgosi ya Iseraele le Jehošafate kgosi ya Juta, mongwe le mongwe a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, ba apere dikobo tsa bone, mme ba bo ba dutse fa patlelong fa botsenong jwa kgoro ya Samaria; baperofeti botlhe ba bo ba bolela fa pele ga bone.
10
Setekia morwa Kenaana a itirela dinaka tsa tshipi, mme a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘O tlaa kgorometsa Basiria ka tse, go tsamaya ba nyelela.’ ”
11
Baperofeti botlhe ba bolela jalo, ba re: “Ya kwa Ramothe-gileate, o fenye, gonne Jehofa o tlaa o tsenya mo seatleng sa kgosi.”
12
Morongwa yo o ileng go bitsa Mikaia a bua nae, a re: “Bona, mafoko a baperofeti a kakanyetsa kgosi molemo ka molomo o le mongwe fela; ke gone ke a go rapela, a lefoko la gago le tshwane le lengwe la bone, o bue molemo.”
13
Mme Mikaia a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, se Modimo wa me o se buang, ke tlaa bua sone.”
14
Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mo raya ya re: “Mikaia, a ke re ye go tlhabana kwa Ramothe-gileate, kgotsa a ke ke khutle?” Mme a re: “Yang, lo fenye; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa lona.”
15
Kgosi ya mo raya ya re: “Ke tla ge ikanisa ga kae, fa o se ketla o bua sepe le nna fa e se boammaaruri mo ineng la ga Jehofa?”
16
Mme a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba faletse mo dithabeng ba ntse jaaka dinku tse di se nang modisa: mme Jehofa a re: ‘Ba, ga ba na mong; a monna mongwe le mongwe a boele kwa ntlong ya gagwe ka kagiso.’ ”
17
Kgosi ya Iseraele ya raya Jehošafate ya re: “A ga ke a go bolelela fa a se ketla a bolela molemo ka ga me, fa e se bosula fela?”
18
A re: “Ke gone utlwang lefoko la ga Jehofa: Ka bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme lesomosomo lotlhe la legodimo le ne le eme ka fa letsogong la gagwe le legolo le fa go la molema.
19
Mme Jehofa a re: ‘Mang yo o tlaa tsietsang Ahabe kgosi ya Israele, gore a tsamaye a ye go wa kwa Ramothe-gileate?’ Mme mongwe a bua ka mokgwa o, yo mongwe a bua ka mokgwa o sele.
20
Ga tswa mowa mongwe, wa ema fa pele ga Jehofa, wa re: ‘Ke tlaa mo fepisa.’ Mme Jehofa a mo raya: ‘Ka eng?’
21
Wa re: ‘Ke tlaa tswa, mme ke tlaa nna mowa o o akang mo melomong ya baperofeti botlhe ba gagwe.’ A re: ‘Mo fepise, le gone o tlaa fenya; tswa o ye o dire jalo.’
22
“Ke gone jaana, bona, Jehofa o tsentse mowa o o akang mo melomong ya baperofeti ba, ba gago; Jehofa o buile bosula ka ga gago.”
23
Foo Setekia morwa Kenaana a atamela, a tlhanya Mikaia mo lesameng, a re: “Mowa wa Modimo o dule ka tsela efe mo go nna wa ya go bua nao?”
24
Mme Mikaia a re: “Bona, o tlaa bona mo tsatsing leo, mogang o tsenang mo ntlwaneng e e kwa teng o ya go iphitlha gone.”
25
Kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Mikaia, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse, le kwa go Joaše morwa kgosi;
26
mme lo re: ‘Kgosi e bua jaana, ya re: Tsenyang seapu se mo ntlong ya kgolegelo, lo mo neye dijo tsa patiko, le metsi a patiko, go tsamaya ke boa ka kagiso.’ ”
27
Mikaia a re: “E tlaa re fa o ka boa le fa e le motlha o mongwe fela ka kagiso, Jehofa o tlaa bo a se ka a bua ka nna.” Mme a re: “Lo bo lo utlwe lona lotlhe ditšhaba.”
28
Jalo kgosi ya Iseraele le Jehošafate kgosi ya Juta, ba ya kwa Ramothe-gileate.
29
Kgosi ya Iseraele ya raya Jehošafate ya re: “Ke tlaa ba ikgakisa, ke itse go tsena mo tlhabanong; wena o apare dikobo tsa gago fela.” Kgosi ya Iseraele ya ba ikgakisa; mme ba tsena mo tlhabanong.
30
Kgosi ya Siria e ne e laotse balaodi ba dikara tsa gagwe, ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope monnye le fa e le mogolo, fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.”
31
Ga dirala ya re balaodi ba dikara ba bona Jehošafate, ba re: “Ke ene kgosi ya Iseraele.” Ke gone ka moo ba sokologa ba tlhabana nae; Jehošafate a goa, mme Jehofa a mo thusa; mme Modimo wa ba tlhotlheletsa gore ba mo tlogele.
32
Mme ga dirala, ya re balaodi ba dikara ba bona fa e se kgosi ya Iseraele, ba bowa mo go mo konateleleng.
33
Monna mongwe a hula fela ka bora, ka phaphouletso, mme a betsa kgosi ya Iseraele fa malokololong a moitshomelo wa phemelo; ke gone ka moo a raya mokgweetsi wa kara a re: “Retolola letsogo la gago o ntsamaise ke tswe mo ntweng; gonne ke tlhabilwe mo go botlhoko.”
34
Mme tlhabano ya gakala ka tsatsi leo; le fa go ntse jalo kgosi ya Iseraele ya ikemisa mo kareng ya yone, go tlhabana le Basiria go ya maitseboeng; mme ya re e ka ne e le ka letsatsi le kotlomela, a swa.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36