bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 16
2 Chronicles 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 17 →
1
E rile ka ngwaga wa 36 wa puso ya ga Asa, Baaša kgosi ya Iseraele a bololela Juta, a aga motse wa Rama gore a tle a se ka a leseletsa ope go tswa le fa e le go tsena kwa go Asa kgosi ya Juta.
2
Foo Asa a ntsha selefera le gouta mo dikhumong tsa ntlo ya ga Jehofa, le mo go tsa ntlo ya kgosi, a roma kwa go Benehatate kgosi ya Siria yo o agileng kwa Damaseko a re:
3
“Go na le kgolagano gare ga me nao, jaaka go ne go ntse gare ga rre le rraago; bona, ke go rometse selefera le gouta; ya o senye kgolagano ya gago le Baaše kgosi ya Iseraele, gore a tle a tloge mo go nna.”
4
Benehatate a reetsa kgosi Asa, mme a roma balaodi ba dintwa tsa gagwe ba bololela metse ya Iseraele; ba kgemetha Ijone le Dane le Abelemaime le metse yotlhe ya mabolokelo ya Nafetali.
5
Ga dirala ya re Baaše a go utlwela, a khutla go aga Rama, mme a lesa tiro ya gagwe ya khutla.
6
Foo kgosi Asa a tsaya Bajuta botlhe, ba tlosa maje a motse wa Rama le dikgong tsa one tse Baaše o ne a aga ka tsone; mme a aga ka tsone Geba le Misepa.
7
E rile ka lobaka loo Hanani molebi a tla kwa go Asa kgosi ya Juta, a mo raya a re: “E re ka o ikaegile mo kgosing ya Siria, mme wa se ka wa ikaega mo go Jehofa Modimo wa gago, ke gone ka moo ntwa ya kgosi ya Siria e falotse mo atleng sa gago.
8
A Baethiopia le Balubime ba ne ba se ntwa e kgolo thata, ba na le dikara le bapalami ba dipitse ba le bontsi jo bo feteletseng? Le fa go ntse jalo, ka o ne o ikaegile mo go Jehofa, a ba tsenya mo seatleng sa gago.
9
Gonne matlho a ga Jehofa a sianela kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe go iponatsa fa a le thata ntlheng ya batho ba dipelo tsa bone di leng boitekanelo mo go ene. O dirile ka bonyana mo go se; gonne go tloga mo lobakeng lwa gompieno o tlaa bona dintwa.”
10
Foo Asa a nna bogale le molebi, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo gonne o na a mo šakgaditse thata ka ntlha ya selo se. Mme Asa a patika batho bangwe ka lobaka loo.
11
Mme bonang, ditiro tsa ga Asa tsa ntlha le tsa morago, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Juta le tsa Iseraele.
12
E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa, a nna molwetse mo dinaong; bolwetse jwa gagwe bo ne bo le botona thata; mme mo bolwetseng joo ga a a ka a batla Jehofa, fa e se dingaka fela.
13
Mme Asa a robala le borraagwe, a swa ka ngwaga wa 41 wa puso ya gagwe.
14
Ba mo fitlha mo diphupung tsa gagwe tse o ne a di ikgabetse mo motseng wa ga Dafite, ba mo latsa mo bolaong jo bo tletseng dinkga monate le malao mangwe le mangwe a a baakantsweng ka botswerere jwa modira melemo; mme ba mo direla phiso ya maswalo e le kgolo thata.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36