bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 36
2 Chronicles 36
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
1
Foo batho ba lefatshe ba tsaya Jehoahase morwa Josia, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga rraagwe mo Jerusalema.
2
Jehoahase o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 23, mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema.
3
Kgosi ya Egepeto ya mo tlosa mo bogosing mo Jerusalema, ya lefisa lefatshe dikilokerame tsa selefera di le 3 400 le dikilokerame di le 34 tsa gouta.
4
Kgosi ya Egepeto ya dira Eliakime monnawe, kgosi ya Juta le Jerusalema, ya fetola leina le gagwe la nna Jehoiakime; mme Neko a tsaya Joahase mogoloe, a mo isa Egepeto.
5
E rile Jehoiakime a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema, mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa Modimo wa gagwe.
6
Nebukatenesare kgosi ya Babilone o na a mmololela, a mo golega ka mehiri go tla a mo isa Babilone.
7
Nebukatenesare a ba a isa dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa kwa Babilone, a di tsenya mo tempeleng ya gagwe kwa Babilone.
8
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jehoiakime le dilo tse di makgapha tsa gagwe tse o ne a di dira, le se se fitlhetsweng mo go ene, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta; mme Jehoiakine morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
9
Jehoiakine o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di 8; mme a busa ka dikgwedi di le tharo le malatsi a le some mo Jerusalema: A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.
10
Mme ya re mo tshokologong ya ngwaga, Nebukatenesare a roma batho, a mo isa Babilone, a na le dilwana tse di molemo tsa ntlo ya ga Jehofa, mme a dira Setekia monnawe kgosi ya Juta le Jerusalema.
11
E rile Setekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 21, mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema.
12
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa Modimo wa gagwe; ga a ka a ikokobetsa fa pele ga Jeremia moperofeti fa a bua ka molomo wa ga Jehofa.
13
Le gone a tsuololela kgosi Nebukatenesare yo o ne a mo ikanisitse ka Modimo. A thatafatsa thamo ya gagwe, a kgwaralatsa pelo ya gagwe, gore e se ka ya sokologela mo go Jehofa Modimo wa Iseraele.
14
Gape ditlhogo tsotlhe tsa baperesiti, le batho ba tlola thatathata ka fa dilong tse di makgapha tsotlhe tsa merafe; ba itshekolola ntlo ya ga Jehofa e o ne a e itshepisitse mo Jerusalema.
15
Mme Jehofa, Modimo wa borraabo, a roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, a phakela a ba roma; gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, le felo ga boago jwa gagwe;
16
mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri.
17
Ke gone ka moo o lerileng mo go bone kgosi ya Bagalatea, ya bolaela makau a bone ka tšhaka mo ntlong ya felo ga boitshepo ga bone, ya se ka ya utlwela lekau le fa e le morweetsana, motsofe le fa e le motho wa bogologolo botlhoko; wa ba neela botlhe mo seatleng sa yone.
18
Le dilwana tsotlhe tsa ntlo ya Modimo, tse dikgolo le tse dinnye, dikhumo tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa kgosi, le tsa dikgosana tsa yone; dilo tse tsotlhe ya di isa kwa Babilone.
19
Ba fisa ntlo ya Modimo, ba rutlolola lorako lwa Jerusalema, ba fisa mantlo otlhe a dikgosi a teng ka molelo, ba senya dilwana tsotlhe tse di molemo tsa gone.
20
Bone ba ba falotseng mo tšhakeng ya ba isa Babilone; mme ba nna batlhanka ba yone le ba bomorwaa yone ba ba ba tla go fitlha mo pusong ya bogosi jwa Peresia;
21
go dirafatsa lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia, ga tsamaya lefatshe la ja monate wa boSabata ba lone; gonne ya re lefatshe le sa ntse le swafetse la bo le tshegeditse Sabata go fetisa dinyaga di le 70.
22
Jaana, e rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia, e le gore lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia le dirafadiwe, Jehofa a tlhotlheletsa mowa wa ga Kurose kgosi ya Peresia, a ba a tla a dira kitsiso mo bogosing jotlhe jwa gagwe, a ba a e kwala a re:
23
“Kurose kgosi ya Peresia o bua jaana, a re: ‘Jehofa Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe; o ntaotse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema o o mo lefatsheng la Juta. Le fa e kabo e le mang yo o gone mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Jehofa Modimo wa gagwe a nne nae, mme a a tlhatlogele teng.’ ”
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36