bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 2
2 Chronicles 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
1
Jaana Solomone o ne a ikaeletse go agela leina la ga Jehofa ntlo, le bogosi jwa gagwe ntlo.
2
Solomone a lomolola banna ba le 70 000 ba go rwala merwalo, le ba le 80 000 ba go rema mo dithabeng, le ba le 3 600 ba go lebelela bao.
3
Solomone a roma kwa go Hurame kgosi ya Ture, a re: “Jaaka o ne wa direla Dafite rre, wa mo tlisetsa ditlhare tsa masetara tsa go mo agela ntlo, gore a nne mo go yone; le nna a ko o ntirele fela jalo.
4
Bona, ke agela leina la ga Jehofa Modimo wa me ntlo, go tla ke e neela ene, le go fisetsa fa pele ga gagwe maswalo a dinkga monate, le gore e nne ya senkgwe sa sesupo sa metlha yotlhe, le ya ditshupelo tse di fisiwang, tsa moso le tsa maitsebowa, tsa bosabata, tsa fa go rogwa dikgwedi, le tsa mediro e e tlhomilweng tsa ga Jehofa Modimo wa rona. Oo ke molao wa bosakhutleng mo Iseraele.
5
Ntlo e ke e agang e kgolo, gonne Modimo wa rona o mogolo bogolo go medimo yotlhe.
6
Mme e mang yo o nonofileng go o agela ntlo, ka legodimo, le legodimo la magodimo le sa o lekana? Nna ke be ke le mang fa e bo ne ne ke ka o agela ntlo fa e se ya go fisetsa maswalo fa pele ga one fela?
7
Ke gone jaana, nthomela motho yo o setswerere mo go direng ka gouta, le ka selefera, ka kgotlho, le ka tshipi, ka bohibidu jo bo mokgona, le ka bohibidu jo bo letlhololo le ka bobududu, le yo o ka nnang setswerere mo go seteng maseto mangwe le mangwe, gore a tle go dira le batho ba ba ditswerere ba ke nang nabo mo Juta le Jerusalema, ba Dafite rre o ne a ba batlile.
8
Le gone o nteretse ditlhare tsa masetara, le ditlhare tsa mafira, le ditlhare tsa maalaguma tsa Lebanone; gonne ke a itse fa batlhanka ba gago ba le ditswerere mo go remeng ditlhare mo Lebanone; mme bona batlhanka ba me ba tlaa dira le batlhanka ba gago;
9
e bong go mpaakanyetsa ditlhare ka bontsi; gonne ntlo e ke tlogang ke e aga e tlaa nna kgolo le kgakamatso.
10
Mme bona, batlhanka ba gago, baremi ba ba remang ditlhare ke tlaa ba naya dikgetsi di le 20 000 tsa mabele a go jewa, dikgetsi di le 20 000 tsa barele, le dithatholelo di le 20 000 tsa bojalwa jwa mofine, le dithatholelo di le 20 000 tsa lookwane.”
11
Foo Hurame kgosi ya Ture a mo fetola ka lokwalo lo o na a lo isa kwa go Solomone a re: “Jehofa o go dirile kgosi ya batho ba gagwe ka gonne o a ba rata.”
12
Gape Hurame a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele yo o dirileng legodimo le lefatshe yo o neileng Dafite kgosi ngwana wa mosimane yo o botlhale, yo o neilweng bonokopela le tlhaloganyo, yo o tlaa agelang Jehofa ntlo le bogosi jwa gagwe ntlo.
13
Jaana ke romile motho yo o setswerere yo o neilweng tlhaloganyo, wa ga Hurame rre.
14
Morwa mosadi mongwe wa bomorwadia Dane, rraagwe e ne e le motho wa Ture, yo o setswerere mo go direng ka gouta, le ka selefera, le ka kgotlho, le ka tshipi, ka maje, le ka dikgong, ka bohibidu jo bo mokgona, le ka bobududu, le ka leloba le le boleta, le ka bohibidu jo bo letlhololo, le gone mo go seteng maseto mangwe le mangwe, le mo go simololeng sengwe fela sa tiro; ka re, a a ke a newe boemo le ba ditswerere ba gago, le ba ditswerere ba morena wa me Dafite rraago.
15
“Ke gone jaana mabele a morena wa me o buileng ka ga one, le barele, le lookwane, le bojalwa jwa mofine, a a di ise kwa batlhankeng ba gagwe.
16
Mme re tlaa rema ditlhare mo Lebanone ka fa o di tlhokang ka gone; re tlaa di isa kwa go wena ka lewatle kwa Jopa di bofilwe makawe; o tlaa itse go di rwala o di isa kwa Jerusalema.”
17
Solomone a bala baeng botlhe ba ba mo lefatsheng la Iseraele, ka fa go baleng mo Dafite rraagwe o ne a ba bala ka gone; mme ba fitlhelwa e le 153 600.
18
Ba le 70 000 mo go bone a ba laolela go rwala merwalo, ba le 80 000 e le baremi mo dithabeng, ba le 36 000 e le balebalebi ba ba dirisang batho tiro.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36