bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Chronicles 29
2 Chronicles 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 30 →
1
E rile Hesekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Abija morwadia Sekaria.
2
Mme a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Dafite rraagwe o ne a di dira.
3
E rile ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe, ka kgwedi ya ntlha, a bula ntlo ya ga Jehofa, mme a mamatlelela ditswalo.
4
A lere baperesiti le Balefi, a ba phuthela mo patlelong e e ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi.
5
A ba raya a re: “Nkutlwang lona Balefi; a ko lo iitshepiseng, lo bo lo itshepise ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa borraeno, lo tlose matladika mo felong ga boitshepo.
6
Gonne borraetsho ba tlodile, ba dirile se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, Modimo wa rona, ba mo latlhile, ba thuhuletse boago jwa ga Jehofa difatlhogo tsa bone, ba ruladisitse dikoduolo tsa bone.
7
Gape ba tswadile fa mokatakong, ba timile dilampa, ga ba a fisa maswalo le fa e le go isetsa Modimo wa Iseraele ditshupelo tse di fisiwang mo felong ga boitshepo.
8
Ke gone ka moo bogale jwa ga Jehofa bo ile jwa nna mo go ba Juta le mo Jerusalema, mme o ba neetse go akgaakgelwa kwa le kwa, le go nna tseanyo, le kotso, jaaka lo bona ka matlho a lona.
9
Gonne bonang, borraetsho ba ole ka tšhaka, bana ba rona ba basimane le ba basetsana, le basadi ba rona ba kwa botshwarong ka ntlha ya moo.
10
“Jaana go mo pelong ya me go dira kgolagano le Jehofa Modimo wa Iseraele, gore bogale jwa gagwe jo bo tukang, bo tle bo re fapoge.
11
Bomorwaaka, lo se ka lwa itsemeletsa, gonne Jehofa o lo itshenketse go tla lo ema fa pele ga gagwe, go mo direla, le gore lo nne badiredi ba gagwe, le gore lo fise maswalo.”
12
Foo Balefi ba nanoga, Mahathe morwa Amasai, le Joele morwa Asaria ba bomorwa Bakohathe; le ba bomorwa Merari, Kiše morwa Abedi le Asaria, morwa Jehaleile; le ba Bagerešone, Joa morwa Sima le Etene morwa Joa;
13
le ba bomorwa Elisafane, Shemeri le Juele; le ba bomorwa Asafe, Sekaria le Matania;
14
le ba bomorwa Hemane, Jehuele le Shimei; le ba bomorwa Jeduthune, Shemaia le Usiele.
15
Ba phutha bomonnaa bone, ba iitshepisa, ba tsena, ka fa taolong ya kgosi ka mafoko a ga Jehofa, ba ya go ntlafatsa ntlo ya ga Jehofa.
16
Baperesiti ba tsena kwa teng ga ntlo ya ga Jehofa, ba ya go e ntlafatsa, maswe otlhe a ba a fitlhelang mo tempeleng ya ga Jehofa ba a ntshetsa kwa lwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa. Mme Balefi ba a tsaya, ba a isa koo kwa ntle kwa molatswaneng wa Keterone.
17
Jaana ba simolola go e itshepisa ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha, mme e rile ka letsatsi la bo 8 ba fitlha fa mokatakong wa ga Jehofa; mme ba itshepisa ntlo ya ga Jehofa ka malatsi a a ferang mebedi; ya re ka letsatsi la 16 la kgwedi ya ntlha ba wetsa.
18
Foo ba tsena kwa go Hesekia kgosi mo teng ga ntlo ya kgosi, ba re: “Re ntlafaditse ntlo yotlhe ya ga Jehofa, le sebeso sa tshupelo e e fisiwang, le dilwana tsotlhe tsa sone, le lomati lwa bojelo lwa senkgwe sa tshupo, le dilwana tsotlhe tsa lone.
19
Gape le dilwana tsotlhe tse e rileng mo pusong ya kgosi Ahase a di latlha mogang o leofang, re di baakantse re di itshepisitse, mme di fa pele ga sebeso sa ga Jehofa.”
20
Foo Hesekia a tsoga ka maphakela, a phutha dikgosana tsa motse, a tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa.
21
Mme ba lere dikgomo di supa, diphelefu di supa, dikwanyana di supa le diphoko di supa, tsa go nna tshupelelo ya boleo ya bogosi, le ya felo ga boitshepo, le ya Bajuta. Mme a laola baperesiti bomorwa Arone gore ba di ise mo sebesong sa ga Jehofa.
22
Jalo ba tlhaba dikgomo, mme baperesiti ba amogela madi, ba a kgatsha mo sebesong; ba tlhaba diphelefu, ba kgatsha madi mo sebesong; ba tlhaba le dikwanyana, ba kgatsha madi mo sebesong.
23
Ba atametsa diphoko tsa tshupelo ya boleo fa pele ga kgosi le phuthego; ba di baya diatla.
24
Baperesiti ba di tlhaba, ba dira tshupelelo ya boleo ka madi a tsone mo sebesong go direla Baiseraele botlhe tetlanyo; gonne kgosi e ne e laotse gore tshupelo e e fisiwang le tshupelelo ya boleo di direlwe Baiseraele botlhe.
25
A baya Balefi mo ntlong ya ga Jehofa ba na le disemebala, le disaletare, le diharepe, ka fa taolong ya ga Dafite, le ya ga Gate mmonedi wa kgosi, le ya ga Nathane moperofeti, gonne taolo e ne e tswa kwa go Jehofa ka baperofeti ba gagwe.
26
Balefi ba ema ba tshotse diletso tsa kopelo tsa ga Dafite, baperesiti le bone ba tshotse dinaka.
27
Hesekia a laola gore go isiwe tshupelo e e fisiwang mo sebesong. Ya re tshupelo e e fisiwang e simologa, sefela sa ga Jehofa le sone sa simologa, le dinaka di na le diletso tsa kopelo tsa ga Dafite kgosi ya Iseraele.
28
Phuthego yotlhe ya obama, baopedi ba opela, le ba dinaka ba letsa; gotlhe mo, ga tswelela ga tsamaya tshupelo e e fisiwang ya fediwa.
29
Ya re ba sena go wetsa go isa tshupelo, kgosi le botlhe ba ba gone ba ikoba, ba obamela Modimo.
30
Gape kgosi Hesekia le dikgosana ba laola gore Balefi ba opelele Jehofa dipako ka mafoko a ga Dafite, le a ga Asafe mmoni. Ba opela dipako ka boitumelo, ba oba ditlhogo, ba obamela Modimo.
31
Foo Hesekia a bua a re: “Jaanong lo itshwaetse Jehofa, atamelang lo lere ditshupelo tsa tlhabelo le ditshupelo tsa tebogo mo ntlong ya ga Jehofa.” Phuthego ya lere mo teng ditlhabelo le ditshupelo tsa tebogo; botlhe ba ba pelo e e ratang ba lere ditshupelo tse di fisiwang.
32
Palo ya ditshupelo tse di fisiwang tse phuthego e di lerileng e ne e le dikgomo di le 70, diphelefu di le 100 le dikwanyana di le 200, tsotlhe tse e ne e le tsa tshupelo e e fisediwang Jehofa.
33
Dilo tse di tshwaetsweng Modimo e ne e le dikgomo di le 600 le dinku di le 3 000.
34
Baperesiti ba bo ba le babotlana bobe, ba ba ba retelelwa ke go humolotsa dilo tsotlhe tsa ditshupelo tse di fisiwang; ka ntlha ya moo bomonnaa bone, e bong Balefi ba ba thusa, ga tsamaya tiro ya fela le go tsamaya baperesiti ba bona go iitshepisa, gonne Balefi ba ne ba le pelo e e siameng ya go iitshepisa bogolo go baperesiti.
35
Le tsone ditshupelo tse di fisiwang di ne di le letlotlo, di na le mahura a ditshupelo tsa kagiso, le ditshupelo tsa noo tsa tshupelo nngwe le nngwe e e fisiwang. Mme tirelo ya ntlo ya ga Jehofa ya rulaganngwa jalo.
36
Mme Hesekia a itumela, le batho botlhe ka ntlha ya se Jehofa o ne a se baakanyeditse batho, gonne selo seo sa dirwa ka tshoganetso.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36