bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 1
Deuteronomy 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 2 →
1
A ke one mafoko a Moše o a buileng le Baiseraele botlhe fa moseja ga Joretane, mo nageng, mo molapong wa Areba, bolebagana le Sufe, fa gare ga Parane, le Tofele, le Labane, le Haserothe, le Disahabe.
2
Go tswa kwa Horebe go fitlha mo Kateše-barenea, ka tsela ya thaba ya Seire, ke mosepele wa malatsi a le 11.
3
Ka ngwaga wa 40, ka kgwedi ya 11, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Moše a bua le bana ba Iseraele, a bua tsotlhe tse Jehofa o di mo laoletseng ka ga bone;
4
morago a sena go fenya Silhone kgosi ya Baamore, yo o ne a agile mo Hešebone, le Oge kgosi ya Bašane, yo o ne a agile mo Ašetarothe, kwa Eterei.
5
Moše a simolola go bolela molao o, a le kwa moseja ga Joretane, mo lefatsheng la Moabe, a re:
6
“Jehofa Modimo wa rona o ne a bua le rona mo Horebe, a re: ‘Go lekanye, ga lo bolo go nna mo thabeng e.
7
Menogang, lo bothologe, lo ye kwa lefatsheng la makgabana la Baamore, le kwa mafelong otlhe a a gaufi le gone, mo Areba, mo lefatsheng la makgabana, le mo lefatsheng la kwa sehuting, ntlheng ya borwa, le ka kwa losing lwa lewatle, lefatshe la Bakanana, le la Lebanone, go ya kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese.
8
Bonang, ke beile lefatshe fa pele go lona; tsenang lo ye go rua lefatshe le Jehofa o le ikanetseng borraeno, Aberahame le Isake le Jakobe, a re: o tlaa le naya bone le losika lwa bone morago ga bone.’
9
“Ka bua le lona ka baka loo, ka re: ‘Ga ke a nonofa go lo rwala ke le nosi;
10
Jehofa Modimo wa lona o lo ntsifaditse; gompieno lo tshwana le dinaledi tsa legodimo ka bontsi.
11
Jehofa, Modimo wa borra ba lona, a ke a lo ntsifatse ga makgolo a some, go feta jaaka lo ntse jaana, a a lo segofatse jaaka a lo solofeditse.
12
Ana ke ka rwala jang ke le nosi ditharaang tsa lona, le mokgweleo wa lona, le kgang ya lona?
13
Tsayang banna ba ba botlhale ba ba tlhaloganyo, e le ba ba itsegeng, ka fa ditsong tsa lona; mme ke tlaa ba dira ditlhogo mo go lona.’
14
Lo no lwa mphetola, lwa re: ‘Se o se buileng se molemo mo go rona go se dira.’
15
Jalo ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, banna ba ba botlhale, ba ba itsegeng, ka ba dira ditlhogo mo go lona, balaodi ba makgolo a masome, balaodi ba makgolo, balaodi ba masome a matlhano, balaodi ba masome, le bagolwane, ka fa ditsong tsa lona.
16
“Ka laya baatlhodi ba lona ka lobaka loo, ka re: ‘Utlwang ditsheko tsa bana ba borraeno, lo atlhole ka tshiamo gare ga motho le ngwana a rraagwe, le ene moeng yo o mo go lona.
17
Lo se ka lwa tlhokomela bomangmang jwa batho mo katlholong; lo utlwe ba babotlana le ba bagolo, go tshwane fela; lo se ka lwa boifa sefatlhogo sa motho; gonne katlholo ke ya Modimo. Tsheko e e lo palelang lo e lere kwano go nna, mme ke tlaa e utlwa.’
18
Ya re ka lobaka loo ka lo laolela tsotlhe tse lo tshwanetseng go di dira.
19
“Ra tloga ra tswa Horebe, ra ralala naga e kgolo e e boitshegang eo, e lo e bonyeng ka tsela e e yang kwa lefatsheng la Baamore la makgabana, jaaka Jehofa Modimo wa rona a re laotse; ra fitlha mo Kateše-barenea.
20
Ka lo raya ka re: ‘Lo tsile mo lefatsheng la Baamore, la makgabana, le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang.
21
Bonang, Jehofa Modimo wa gago o beile lefatshe fa pele ga gago; tlhatloga, o ye o le rue, jaaka Jehofa Modimo wa borraago a buile nao; se boife, le gone o se ka wa rerega.’
22
“Lo no lwa nkatamela lotlhe, lwa re: ‘A re romeng batho ba re etelele pele, ba ye go keleka lefatshe fa pele ga rona, ba itse go ba ba re leretse lefoko la tsela e re tshwanetseng go e tsaya, le la metse e re tlaa e fitlhelang.’
23
“Selo seo sa nkgatlha thata; mme ka tsaya banna ba le 12 mo go lona, e bong monna mongwe wa lotso longwe le longwe.
24
Ba menoga, ba tlhatlogela mo thabeng, ba fitlha mo molatswaneng wa Ešekole, ba o tlhola.
25
Ba tsaya loungo lwa lefatshe ka mabogo, ba tla nalo kwa go rona, ba re leretse lefoko, ba re: ‘Lefatshe le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang ke lefatshe le le molemo.’
26
“Le fa go ntse jalo lo no lwa gana go tlhatloga, lwa tsuololela taolo ya ga Jehofa Modimo wa lona;
27
Iwa ngongorega mo megopeng ya lona, lwa re: ‘Ke ka a re ila, Jehofa o re ntshitse mo lefatsheng la Egepeto go tla a re tsenya mo seatleng sa Baamore, gore ba re senye.
28
Re a bo re tlhatlogela kae? Bomorwa rraetsho ba re nyerisitse marapo ba re: Batho bao ba bokete, ba bile ba godile bogolo go rona; metse eo e megolo, e bile e thekeleditswe ka dithako tse di fitlhang kwa marung; gape re bonye bomorwa Baanake teng.’
29
“Foo ka lo raya ka re: ‘Lo se ka lwa boborana, lo se ka lwa ba boifa.
30
Jehofa Modimo wa lona yo o lo eteletseng pele, ene o tlaa lo tlhabanela, jaaka tsotlhe tse o di lo diretseng kwa Egepeto fa pele ga matlho a lona;
31
le mo nageng, kwa o bonyeng gone jaaka Jehofa Modimo wa gago a ne a go rwala, jaaka monna a tle a rwale morwawe, mo tseleng yotlhe e lo no lwa tsamaya ka yone, go tsamaya lo fitlha mo felong fano.’
32
Le fa go ntse jalo mo selong se, ga lo a ka lwa dumela Jehofa, Modimo wa lona,
33
yo o ne a lo eteletse pele mo tseleng, a ya go lo senkela felo fa lo tlaa tlhomang megope ya lona gone; bosigo e le ka molelo, go lo supetsa tsela e lo tlaa e tsamayang, motshegare e le ka leru.
34
“ ‘Jehofa a utlwa lentswe la mafoko a lona, mme a nna bogale thata, a ikana a re:
35
Ruri ga go na ope wa banna ba losika lo lo bosula lo, yo o tlaa bonang lefatshe le le molemo, le ke le ikanetseng fa ke tlaa le naya borraa lona,
36
fa e se Kalebe morwa Jefune, ene o tlaa le bona; lefatshe le o le gatileng, ke tlaa le naya ene le bana ba gagwe, ka gonne o setse Jehofa morago ka botlalo.’
37
Gape, Jehofa o ne a le bogale le nna ka ntlha ya lona, a re: ‘Le wena ga o ketla o ya go tsena gone;
38
Jošua morwa Nune, yo o emang fa pele ga gago, ene o tlaa ya go tsena gone; o mo nametse; gonne ene o tlaa le ruisa Iseraele.
39
“ ‘Gape banyana ba lona ba lo rileng ba tlaa nna thopo, le bana ba lona ba gompieno ba se nang kitso ya go itse molemo le bosula, ba tlaa ya go tsena gone; ke tlaa le naya bone, ba tlaa le rua.
40
Mme lona, menogang, lo lebise mosepele wa lona kwa nageng ka tsela ya Lewatle le Lehibidu.’
41
“Foo lo no lwa mphetola, lwa nthaya lwa re: ‘Re leofetse Jehofa, re tlaa tlhatloga re ya go tlhabana, re dira gotlhe jaaka Jehofa Modimo wa rona a re laotse.’ Monna mongwe le mongwe wa lona a tlhomela dibolao tsa gagwe; lwa iketleetsa go tlhatloga mo thabeng.
42
“Jehofa a nthaya a re: ‘Ba reye o re: Lo se ka lwa tlhatloga, le gone lo se ka lwa tlhabana; gonne ga ke mo go lona; lo ka tla lwa kgemethwa fa pele ga baba ba lona.’
43
Jalo ka bua le lona, mme ga lo a ka lwa reetsa; lwa tsuololela taolo ya ga Jehofa, lwa nna boitaolo fela, lwa tlhatloga mo thabeng.
44
Mme Baamore, ba ba agileng mo thabeng eo, ba lo tshologela, ba lo leleka jaaka dintshi tsa dinotshe di tle di dire, ba lo kgokolosetsa kwa Seire, go ya go fitlha kwa Horema.
45
Lwa boa, lwa lela fa pele ga Jehofa; mme Jehofa a se ka a reetsa lentswe la lona, le fa e le go lo sekegela tsebe.
46
“Jalo lwa nna mo Kateše ka malatsi a le mantsi, ka fa malatsing a lo lwa nna gone ka one.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34