bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 15
Deuteronomy 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 16 →
1
“E re dinyaga dingwe le dingwe di supa di sena go feta o tle o dire kgololo.
2
O ke one mokgwa wa kgololo: Motho mongwe le mongwe yo o adimileng wa ga gabo sengwe, a a se golole, a a se se batle ka thata mo go wa ga gabo le mo ngwaneng wa ga rraagwe; ka kgololo ya ga Jehofa e tlaa bo e kuilwe.
3
Mo mothong wa tšhaba e sele o ka se batla ka thata; le fa e le eng sa gago se se mo ngwaneng wa ga rraeno, seatla sa gago se se golole fela.
4
“Le fa go ntse jalo go tlaa bo go se na bahumanegi mo go wena, gonne ruri Jehofa o tlaa go segofatsa mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang boswa go le rua.
5
Ke raya fa o reetsa ka tlhoafalo lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira taolo yotlhe e ke e go laolelang gompieno.
6
Gonne Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa, jaaka a go solofeditse; o tlaa adima merafe e le mentsi, mme wena ga o ketla o tsaya ka kadimo; o tlaa busa merafe e le mentsi, yone ga e ketla e go busa.
7
“Fa o na le mohumanegi mongwe, e le mongwe wa bana ba ga rraeno, mo teng ga dikgoro dingwe tsa gago, mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago, le fa e le go huparelela ngwana wa ga rraeno wa sehumanegi seatla.
8
Ruri o tlaa mo huporololela seatla, ruri o tlaa mo adima mo go lekanyeng botlhokwa jwa gagwe mo go se o se tlhokang.
9
O itise gore go se nne mogopolo o o bosula mo pelong ya gago, wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa o atametse, e bong ngwaga wa kgololo,’ mme leitlho la gago le nna bosula fa le leba ngwana wa ga rraeno wa sehumanegi, mme o gana go mo naya sepe; mme a goela kwa go Jehofa ka ga gago, mme go nne boleo mo go wena.
10
Ruri o mo neye, mme pelo ya gago e se ka ya hutsafala fa o mo naya; gonne Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa mo tirong yotlhe ya gago, le mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, ka ntlha ya selo se.
11
Gonne bahumanegi ga ba ketla ba khutla gope mo lefatsheng; ke gone ke go laolang ka re: ‘Ruri, huporololela ngwana wa ga rraeno seatla, le motlhoki wa gago, le mohumanegi wa gago, mo lefatsheng la gago.’
12
“Fa ngwana wa ga rraeno e le monna wa Sehebere, kgotsa mosadi wa Sehebere a rekisiwa mo go wena, mme a go direla dinyaga di le thataro; foo e re ka ngwaga wa bosupa o mo golole fela a tsamaye.
13
Mogang o mo gololang a tsamaya o se ka wa mo lesa a iphotlhere fela;
14
o mo neye ka botlalo ga matsomane a gago, ga sebopi sa gago sa pholelo, ga kgatisetso ya gago ya bojalwa jwa mofine; fela jaaka Jehofa Modimo wa gago a go segofaditse, o mo neye jalo.
15
O gakologelwe gore le wena o kile wa ne o le mogolegwi mo lefatsheng la Egepeto, mme Jehofa Modimo wa gago a go rekolola; ke gone ke go laolelang selo se gompieno.
16
“Go tlaa dirala gore fa a go raya a re: ‘Ke gana go tswa mo go wena’; ka a go rata le ba ntlo ya gago, ka a ntse sentle nao,
17
foo o ka tsaya thoko, wa mo phunyetsa tsebe mo setswalong ka yone, mme o tlaa nna motlhanka wa gago ka bosakhutleng. Le lelata la gago o le direle jalo.
18
O se ka wa go kaya bothata fa o mo golola a tsamaya; gonne o tshwanetswe ke sebedi sa tuelo ya yo o thapilweng, ka a go diretse dinyaga tse thataro. Jehofa Modimo wa gago o tlaa go segofatsa mo go tsotlhe tse o di dirang.
19
“Botonanyana jotlhe jwa matsalwapele a matlhape a gago, le a matsomane a gago, o a itshepisetse Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe ka letsalwapele la kgomo ya gago, le gone o se ka wa beola letsalwapele la letsomane la gago.
20
O di jele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago ka ngwaga le ngwaga, mo felong fa Jehofa o tlaa go itshenkelang, wena le ba ntlo ya gago.
21
Fa e na le bogole bongwe, kgotsa e tlhotsa, kgotsa e foufetse, e le bogole bongwe fela jo bo maswe, o se ka wa e isetsa Jehofa Modimo wa gago tshupelo.
22
O e jele mo teng ga dikgoro tsa gago; ba ba itshekologileng le ba ba itshekileng ba ka e ja go tshwana fela, jaaka tshephe le kwalata.
23
Fa e se madi a tsone o se ka wa a ja; o a tshololele fa fatshe jaaka metsi.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34