bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 14
Deuteronomy 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 15 →
1
“Lo bana ba ga Jehofa Modimo wa lona; lo se ka lwa itshega mmele, le fa e le go ipeolela baswi fa gare ga phatla.
2
Gonne o sešaba se se itshepileng sa ga Jehofa Modimo wa gago, Jehofa o go itshenketse gore o nne sešaba sa gagwe sa boswabotshwerwe, go feta ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng.
3
“O se ka wa ja sepe se se moila.
4
Ditshedi tse lo ka di jang ke tse: Kgomo, nku, podi,
5
kwalata, le tshephe, le tholo, le mhele, le phala, le kukama le mokabawane.
6
Le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding, se se patologanyang tlhako, se tlhako ya sone e maphata, mme se otla, lo ka se ja.
7
Le fa go ntse jalo, mo go tse di otlang lo se ka lwa ja tse, le mo go tse di fatogileng tlhako: E bong kamela, mmutla le pela, gonne dilo tseo dia otla, mme ga di patologanye tlhako, di lo itshekologetse;
8
le kolobe e lo itshekologetse, gonne e patologanye tlhako, mme ga e otle; lo se ka lwa ja nama ya tsone, le gone lo se ka lwa ama setoto sa tsone.
9
“Mo go tse di nnang mo metsing lo ka ja tse: Le fa e le eng se se nang le diphuka le makape lo ka se ja.
10
Mme le fa e le eng se se nang diphuka le makape lo se ka lwa se ja; se lo itshekologetse.
11
“Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.
12
Tse ke tsone tse lo sa kakeng lwa di ja: Ntswi yo motona, kgonyaitlhwe, le kgwadire;
13
le nkgwedi, le malelakokwane, le phakalane ka fa losikeng lwa yone;
14
le magakabe otlhe ka fa losikeng lwa one.
15
Ntšhe, le lerololwane, le dinong tsa lewatle le le segodi ka fa losikeng lwa sone;
16
le morubisana, le morubisi le makgotlwe;
17
le kukara, lenong, le timeletswane;
18
le lewang, le kokolohute ka fa losikeng lwa yone, le letheetšane, le mmamathwane.
19
“Dilo tsotlhe tse di diphuka, mme di gagaba, di lo itshekologetse, a di se jewe.
20
Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.
21
“Lo se ka lwa ja sepe se se suleng fela; o ka se naya moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore a se je; kgotsa o ka se rekisa mo mothong wa tšhaba e sele; gonne wena o sešaba se se itshepetseng Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo.
22
“Ruri o tlaa ntsha sa bosome sa totafalo ya peo ya gago, e e tswang mo masimong ka ngwaga le ngwaga.
23
O jele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago sa bosome sa mabele a gago, le sa bojalwa jwa gago jwa mofine, le sa lookwane lwa gago, le tsa maitibolo a matlhape a gago le matsomane a gago, o di jele mo felong fa o tlaa go itshenkelang go baya leina la gagwe gone; gore o tle o ithute go boifa Jehofa Modimo wa gago ka metlha yotlhe.
24
Fa tsela e le telele bobe mo go wena, mme o retelelwa ke go di isa, ka ntlha ya gonne go le kgakala bobe kwa Jehofa Modimo wa gago o go itshenkelang go baya leina la gagwe gone, mogang Jehofa Modimo wa gago o go segofatsang,
25
foo o di fetole madi, mme o a tseye a bofeletswe, o ye kwa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang.
26
Madi ao o a ntshetse se mowa wa gago o se eletseng, a dikgomo, kgotsa dinku, kgotsa bojalwa jwa mofine, kgotsa bojalwa jo bo loileng, kgotsa sengwe fela se mowa wa gago o se lopang mo go wena; o jele gone fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, mme o itumele, wena le bantlo ya gago.
27
“Molefi yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, o se ka wa mo latlha; ka gonne ga a na kabelo le fa e le boswa nao.
28
E re go fetile dinyaga dingwe di le tharo, o ntshe sa bosome sa totafalo ya gago ya ngwaga oo, mme o se beye mo teng ga dikgoro tsa gago;
29
mme Molefi, ka a se na kabelo le fa e le boswa nao, le moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago, ba tlaa tla, ba ja ba kgora; gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, e o e dirang.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34