bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 3
Deuteronomy 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 4 →
1
“Foo ra menoga, ra tlhatloga le tsela e e yang Bašane, mme Oge kgosi ya Bašane a re bololela, ene le batho botlhe ba gagwe, ba tla go tlhabana mo Eterei.
2
Mme Jehofa a nthaya a re: ‘O se ka wa mmoifa; gonne ke mo tsentse mo seatleng sa gago, ene le batho botlhe ba gagwe le lefatshe la gagwe; o mo direle jaaka o diretse Sihone kgosi ya Baamore, yo o ne a agile kwa Hešebone.’
3
“Jalo Jehofa Modimo wa rona a tsenya Oge kgosi ya Bašane le ene mo seatleng sa rona, le batho botlhe ba gagwe; ra mo kgemetha, a ba a tla a se ka a salelwa ke ope.
4
Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka baka loo; go ne go se na motes ope o re se kang ra o ba gapela; metse e le 60, e bong lefatshe lotlhe la Aregobe, e le bogosi jwa ga Oge mo Bašane.
5
Metse eo yotlhe e ne e le metse e e thekeleditsweng ka dithako tse di godileng le ditswalo le mapako; go sa balwe metse e le mentsi e e sa thekelediwang.
6
Ra e senyetsa ruri, jaaka re ne re diretse Sihone kgosi ya Hešebone, ra senyetsa ruri metse yotlhe ya lefatshe la banna, le ka basadi le ka banyana.
7
Dikgomo tsotlhe le kgapo yotlhe ya metse ra di ikgapela e le thopo ya rona fela.
8
“Ya re ka lobaka loo, ra tsaya lefatshe mo seatleng sa dikgosi tse pedi tsa Baamore ba ba neng ba le moseja ga Joretane, go tswa molapong wa Arenone go ya kwa thabeng ya Heremone;”
9
(Heremone yoo Basitone ba go bitsa Sirione, Baamore ba go bitsa Senire.)
10
“Metse yotlhe ya lobala, le lefatshe lotlhe la Gileate, le la Bašane yotlhe go ya go fitlha kwa Saleka, le Eterei, e le metse ya bogosi jwa ga Oge mo Bašane.”
11
(Gonne Oge kgosi ya Bašane ke ene esi yo o ne a setse wa Barefaime; bonang, bolao jwa gagwe e ne e le bolao jwa tshipi, a ga bo mo Raba wa bana ba ga Amone? Boleele jwa jone bo le boleele jwa mabogo a le bofera o le mongwe, ka fa letsogong la monna.)
12
“Lefatshe leo ra le tsaya go le rua ka baka loo, go tswa Aroere o o fa molapong wa Arenone, le bontlhanngwe jwa lefatshe la makgabana la Gileate, le metse ya lone, mme ka go naya Barubene le Bagate.
13
Mo go ne go setse ga Gileate, le lefatshe lotlhe la Bašane, le bogosi jwa ga Oge, ka go naya bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase; lefatshe lotlhe la Aregobe, e bong lefatshe lotlhe la Bašane.” (Leo le bidiwa lefatshe la Refaime.
14
Jaire morwa Manase a tsaya lefatshe lotlhe la Aregobe, go ya kwa molelwaneng wa Bagešure, le Bamaaka; a le raya leina, e bong lone la Bašane ka fa leineng la gagwe, a re, Hafothe-Jaire nako e sa le eno.)
15
“Lefatshe la Gileate ka le naya Makire.
16
Go tswa mo Gileate go ya kwa molapong wa Arenone, ka go naya Barubene le Bagate, bogare jwa molapo le ka fa thoko ga one; ke go re, go ya kwa nokeng ya Jaboke, e e leng molelwane wa bana ba ga Amone;
17
Areba le gone, le Joretane le ka fa thoko ga gone, go tswa mo Kinerete go ya fela kwa lewatleng la Areba, Lewatle la Letswai, fa tlase ga meripo ya Pisega ntlheng ya botlhabatsatsi.
18
“Ka lo laola ka baka loo, ka re: ‘Jehofa Modimo wa lona, o lo neile lefatshe le go le rua; lo tlaa kgabaganya lo tlhometse fa pele ga bana ba ga rraeno, bana ba Iseraele, e bong banna botlhe ba ba nonofetseng tlhabano.
19
Basadi ba lona ba tlaa sala mo metseng e ke e lo neileng, le banyana ba lona, le dikgomo tsa lona (ke a itse fa lo na le dikgomo di le dintsi.)
20
Go tsamaya Jehofa a naya bana ba rraeno boikhutso jaaka lona, le bona ba rua lefatshe le Jehofa Modimo wa lona o le ba nayang moseja ga Joretane, foo mongwe le mongwe wa lona o tlaa boela mo thuong ya gagwe e ke e lo neileng.’
21
“Ka laola Jošua ka baka loo, ka re: ‘Matlho a gago a bonye gotlhe mo Jehofa Modimo wa lona o go diretseng dikgosi tse pedi tse; Jehofa o tlaa direla jalo magosi a lo kgabaganyetsang kwa go one.
22
Lo se ka lwa ba boifa, gonne Jehofa Modimo wa lona ke ene yo o lo tlhabanelang.’
23
“Ka rapela Jehofa ka baka loo ka re:
24
‘Ao! Jehofa Modimo, o simolotse go supetsa motlhanka wa gago bogolo jwa gago, le letsogo la gago le le thata, gonne go na le ofe modimo kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, o o ka dirang ka fa ditirong tsa gago, le ka fa ditirong tsa gago tsa nonofo?
25
Ke a go rapela, mma ke kgabaganye ke ye go bona lefatshe le le molemo le le kwa moseja ga Joretane, thaba e e molemo eo, le Lebanone.’
26
“Mme Jehofa o ne a le bogale thata le nna ka ntlha ya lona, a se ka a ntheetsa. Jehofa a nthaya a re: ‘A go go lekane; o se ka wa tlhola o bua le nna ka ga selo se.
27
Tlhatlogela kwa tlhoreng ya Pisega o tsholeletse matlho ntlheng ya bophirimatsatsi, ntlheng ya botsheka, ntlheng ya borwa le ntlheng ya botlhabatsatsi, o bone ka matlho fela, gonne ga o ketla o kgabaganya Joretane ono.
28
Mme o laye Jošua, o mo nametse, o mo thatafatse, gonne ene o tlaa kgabaganya fa pele ga tšhaba e, mme lefatshe le o tlaa le bonang, o tlaa le ba ruisa.’
29
“Jalo ra nna mo molapong bolebagana le Bethepeore.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34