bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 30
Deuteronomy 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 31 →
1
“Go tlaa dirala, go re e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di tsile mo go wena, tshegofatso le phutso, tse ke di beileng fa pele ga gago, fa o di gakologelwa o le kwa gare ga merafe e Jehofa Modimo wa gago o go leleketseng kwa go yone,
2
fa o boela mo go Jehofa Modimo wa gago o ineela go utlwa lentswe la gagwe jaaka tsotlhe tse ke di go laolelang gompieno, wena le bana ba gago, o ineela ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago;
3
foo Jehofa Modimo wa gago o tlaa sokolola botshwaro jwa gago, o tlaa go tlhomogela pelo, o tlaa bowa a go phutha kwa ditšhabeng tsotlhe, kwa Jehofa Modimo wa gago o go gasameditseng gone.
4
Le fa bafaladi bangwe ba gago ba le kwa dikhutlong tsa legodimo, Jehofa Modimo o tlaa go phutha gone, o tlaa ya go go tsaya gone.
5
Jehofa Modimo wa gago o tlaa go lere mo lefatsheng le borraeno ba ne ba le ruile, o tlaa le rua, o tlaa go direla molemo, o tlaa go ntsifatsa bogolo go borraeno.
6
Jehofa Modimo wa gago o tlaa go rupisa pelo, le pelo ya losika lwa gago, go tla a lo ratisa Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago gore o tle o tshele.
7
Jehofa Modimo wa gago o tla baya diphutso tsotlhe tse mo babeng ba gago ba ba go ilang, ba ba go bogisitseng.
8
O tlaa bowa o ineela go utlwa lentswe la ga Jehofa, o ba o dira tsotlhe tse ke di go laolelang gompieno.
9
Jehofa Modimo wa gago o tlaa go atla mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, mo loumong lwa mmele wa gago, le mo loatong lwa dikgomo tsa gago, le mo loungong lwa lefatshe la gago, gore go nne molemo, gonne Jehofa o tlaa ba a go itumelela gore go nne molemo, jaaka a ne a itumelela borraeno; ke go re;
10
fa o ineela go utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tshegetsa ditaolo tsa gagwe le ditao tsa gagwe, tse di kwadilweng mo lokwalong lo, lwa molao; fa o retologela mo go Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago.
11
“Gonne taolo e ke e go laolelang gompieno, ga e go thatafalele, le gone ga e kgakala.
12
Ga e kwa legodimong fa o ka bong o re: ‘E mang yo o tlaa re tlhatlogelang kwa legodimong, a ya go e lere mo go rona, a e re utlwisa, gore re e dire?’
13
Le gone ga e kwa moseja ga lewatle, fa o ka bong o re: ‘E mang yo o tlaa re tshelelang lewatle, a ya go e lere mo go rona, a e re utlwisa, gore re e dire?’
14
Lefoko le gautshwane nao, mo molomong wa gago, le mo pelong ya gago, gore o le dire.
15
Bona, ke beile fa pele ga gago gompieno botshelo le molemo, le loso le bosula;
16
ka ke go laola gompieno, gore o rate Jehofa Modimo wa gago, o sepele mo ditseleng tsa gagwe, le go tshegetsa ditaolo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, gore o tshele, o ntsifale, le gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo lefatsheng le o tsenang kwa go lone o ya go le rua.
17
E tlaa re fa pelo ya gago e fapoga, o gana go utlwa, o gogelwa koo, o ya go obamela medimo e sele, le go e direla,
18
ke a lo bolelela gompieno, ka re, ruri lo tlaa nyelela; ga lo ketla lo lelefatsa malatsi a lona mo lefatsheng, le o kgabaganyang Joretane o ya go tsena mo go lone go le rua.
19
Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago;
20
gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago, le boleele jwa malatsi a gago; gore o tle o age mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borraeno, Aberahame, le Isake le Jakobe, fa a tlaa le ba naya.”
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34