bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 34
Deuteronomy 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
1
Moše a tswa mo dipaleng tsa Moabe, a tlhatloga thaba ya Nebo, mme Moše a ya tlhoreng ya Pisega, o o lebaganyeng le Jeriko. Jehofa a mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate, go ya kwa Dane;
2
le la Nafetali lotlhe, le lefatshe la Eferaime le Manase, le lefatshe lotlhe la Juta, go ya kwa lewatleng le le kwa bophirimatsatsi;
3
le ntlheng ya Borwa, le Lobala lwa molapo wa Jeriko, motse wa makolane, go ya kwa Soare.
4
Jehofa a mo raya, a re: “Lefatshe le ke lone le ke ikanetseng Aberahame, le Isake le Jakobe, ka re: ‘Ke tlaa le naya losika lwa gago’; ke le go bontshitse ka matlho a gago, mme ga o ketla o kgabaganyetsa gone.”
5
Jalo Moše motlhanka wa Jehofa a swela gone mo lefatsheng la Moabe, ka fa lefokong la ga Jehofa.
6
A fitlhwa mo mogogorong mo lefatsheng la Moabe bolebagana le Bethepeore; mme ga go ope yo o itseng ka ga phupu ya gagwe, le gompieno.
7
Moše o rile a swa a bo a le dinyaga di le 120; leitlho la gagwe le ne le se lotobo, le thata ya gagwe ya tlholego e sa ngotlega.
8
Bana ba Iseraele ba lelela Moše mo dipaleng tsa Moabe ka malatsi a le 30; jalo malatsi a selelo sa go hutsafalela Moše a fela.
9
Jošua morwa Nune a bo a tletse mowa wa botlhale; gonne Moše a mmeile diatla; mme bana ba Iseraele ba mo reetsa, ba dira jaaka Jehofa a laotse Moše.
10
E sa le jalo, ga go ise go bo go tsoge moperofeti mo Iseraele yo o tshwanang le Moše, yo Jehofa o ne a mo itse go lebanywe difatlhogo.
11
Mo ditshupong tsotlhe le dikgakgamatso tse Jehofa o ne a mo roma gore a di dire mo lefatsheng la Egepeto, mo go Faro, le mo batlhankeng botlhe ba gagwe, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe,
12
le mo letsogong lotlhe la nonofo, le mo poifisong e kgolo yotlhe, dilo tse Moše a di dira mo ponong ya Baiseraele botlhe fela.
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34