bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 8
Deuteronomy 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 9 →
1
“Taolo yotlhe e ke e go laolelang gompieno, lo e tlhokomele go e dira, gore lo tshele, lo ntsifale, lo tsene lo ye go rua lefatshe le Jehofa o ne a le ikanela borra ba lona.
2
O ikgakolole tsela yotlhe e Jehofa Modimo wa gago o go gogileng ka yone, dinyaga tse di 40 tse, mo nageng, gore a go ise tlase, a go leke, a itse se se mo pelong ya gago, boo o tlaa tshegetsa ditaolo tsa gagwe kgotsa nnyaa.
3
O ne a go isa tlase, a go bolaisa tlala, a go otla ka mana, a o ne o sa a itse, le fa e le bone borraeno ba ne ba sa a itse; gore a go itsise fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.
4
Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela, le lonao lwa gago ga lo a ka lwa ruruga, ka dinyaga tse di 40 tse.
5
Le gone o akanye mo pelong ya gago gore jaaka motho a tle a otlhaye morwawe, Jehofa Modimo wa gago o a tla a go otlhaye jalo.
6
O tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.
7
Gonne Jehofa Modimo wa gago, o go isa mo lefatsheng le le molemo, lefatshe la dinokana tsa metsi, la metswedi, le metlhodi e e tswelang mo megogorong le mo dithabeng;
8
lefatshe la mabele le barele, la mafine, la mafeige le la magaranata; lefatshe la matlhware a lookwane le dinotshe;
9
lefatshe le o tlaa jang dijo mo go lone di sa tlhokafale; ga o ketla o tlhoka sepe mo go lone; lefatshe le maje a lone a leng tshipi, le le o ka epang kgotlho mo makhubung a lone.
10
O tlaa ja o kgora, mme o tlaa baka Jehofa Modimo wa gago ka ga lefatshe le le molemo le o le go neileng.
11
“O itise gore o se lebale Jehofa Modimo wa gago, ka go tlhoka go tshegetsa ditalo tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno;
12
e se re gonwe o sena go ja o kgora, o agile matlo a mantle, o ntse mo go one;
13
le gone e tlaa re matlhape a gago, le matsomane a gago a ntsifatse, le selefera sa gago, le gouta ya gago di ntsifetse, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifetse,
14
foo pelo ya gago e ikgogomose, mme o lebale Jehofa Modimo wa gago, yo o go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka;
15
yo o ne a go goga a go ralatsa naga e kgolo le e e boitshegang, e dinoga tse di bogale le diphepheng di ntseng mo go yone, e le lefatshe le le lokgere le go se nang metsi mo go lone; yo o go ntsheditseng metsi mo lefikeng le le legakwa.
16
Jehofa o ne a go jesa mo nageng ka mana, a borraeno ba ne ba sa a itse, gore a tle a go ise tlase le gore a go leke, go go direla molemo kwa bokhutlong jwa gago.
17
O ba o bua mo pelong ya gago, o re: ‘Thata ya me, le nonofo ya letsogo la me, ke tsone tse di nneileng khumo e.’
18
O gakologelwe Jehofa Modimo wa gago, gonne ke ene yo o go nayang thata ya go bona khumo, gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e o e ikanetseng borraeno, jaaka go ntse gompieno.
19
Go tlaa dirala gore, e re fa o lebala Jehofa Modimo wa gago, o sala medimo e sele morago, o e direla, o e obamela, ke supa ka ga lona gompieno, ka re, ruri lo tlaa nyelela.
20
Jaaka merafe e Jehofa o e nyeletsang fa pele ga lona, le lona lo tlaa nyelela jalo; gonne lo no lo gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34