bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 6
Deuteronomy 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 7 →
1
“Jaana tse ke tsone ditaolo, le ditao, le dikatlholo tse Jehofa Modimo wa lona o laotseng gore lo di rutwe, gore lo di dire mo lefatsheng le lo kgabaganyetsang kwa go lone go ya go le rua;
2
gore o tle o boife Jehofa Modimo wa gago, o tshegetse ditao tsotlhe tsa gagwe, le ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang, wena le morwao le morwa morwao, ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago; le gore malatsi a gago a lelefadiwe.
3
Ke gone, utlwa, wena Iseraele, o tlhokomele go go dira; gore go nne sentle nao, le gore lo ate mo gogolo mo lefatsheng le le elang maši le dinotshe, jaaka Jehofa Modimo wa borraeno a go solofeditse pele.
4
“A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.
5
O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.
6
Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.
7
O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.
8
O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo, mme a nne sebeo sa fa gare ga matlho a gago.
9
O a kwale mo mephakwaneng ya mojako wa ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago.
10
“Go tlaa dirala, gore e tlaa re, Jehofa Modimo wa gago a go isa mo lefatsheng le o ne a le ikanela borraago, Aberahame, le Isake le Jakobe, a re o tlaa le go naya; e bong metse e megolo, e mentle, e o se kang wa e aga,
11
le matlo a a tletseng dilo tsotlhe tse di molemo, a o se kang wa a tlatsa, le madu a metsi a a gabilweng, a o se kang wa a gaba, masimo a mafine, le ditlhare tsa matlhware tse o se kang wa di tlohoma, o ja o kgora;
12
foo o itise gore o se ka wa lebala Jehofa yo o go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.
13
O boife Jehofa Modimo wa gago; ke ene yo o tlaa mo direlang, o ba o ikana ka leina la gagwe.
14
Lo se ka lwa lata medimo e sele, ya medimo ya ditšhaba tse di mo tikologong ya lona,
15
gonne Jehofa Modimo wa gago ke Modimo o o lefufa mo gare ga gago; e se re kgotsa bogale jwa ga Jehofa Modimo wa gago jwa go tukela, mme a go senya wa nyelela mo lefatsheng.
16
“Lo se ka lwa leka Jehofa Modimo wa lona, jaaka lo kile lwa mo leka kwa Masa.
17
Lo tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona ka tlohoafalo, le ditshupo tsa gagwe, le ditaelo tse o di lo laoletseng.
18
O dire sone se se siameng le se se molemo mo ponong ya ga Jehofa, gore go nne sentle nao, le gore o tle o tsene o ye go rua lefatshe le le molemo, le Jehofa o ne a le ikanela borraago,
19
a re: o tlaa kgoromeletsa ntle baba botlhe ba gago fa pele ga gago, jaaka Jehofa a buile.
20
“E tlaa re morwao a go botsa mo lobakeng lo lo tlang, a re: ‘Ditshupo le ditao, le dikatlholo tse Jehofa Modimo wa rona o di lo laoletseng, di kayang?’
21
Foo o tlaa raya morwao o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Faro kwa Egepeto; Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka letsogo le le nonofileng,
22
mme Jehofa a dira ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo, le tse di botlhoko, mo Egepeto le mo go Faro, le mo ntlong yotlhe ya gagwe, fa pele ga matlho a rona,
23
a re ntsha gone, gore a re ise, a ye go re naya lefatshe le o ne a le ikanetse borraetsho.
24
Mme Jehofa o na a re laola gore re dire ditao tse tsotle, re boife Jehofa Modimo wa rona, gore go tle go nne molemo mo go rona ka metlha yotlhe, le gore a re boloke re tshele, jaaka gompieno.
25
Mme go tlaa nna tshiamo go rona, fa re tlhokomela go dira taolo e yotlhe fa pele ga Jehofa Modimo wa rona, jaaka a re laotse.’
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34