bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 20
Deuteronomy 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 21 →
1
“E tle e re fa o bololela baba ba gago go tlhabana nabo, o bona dipitse le dikara tsa tlhabano, le batho ba ba go fetang ka bontsi, o se ka wa ba boifa; gonne Jehofa Modimo wa gago, yo o go tlhatlositseng kwa lefatsheng la Egepeto, o na nao.
2
A go dirale gore fa lo atamela go tlhabana, moperesiti a atamele, a bue le batho.
3
A ba reye a re: ‘Utlwang Baiseraele, gompieno lo atamela go tlhabana le baba ba lona, a dipelo tsa lona di se nyere, se boifeng, se roromeng, lo se ba tshoge;
4
gonne Jehofa Modimo wa lona ke ene yo o tsamayang le lona, o ya go lo tlhabanela le baba ba lona, go lo boloka.’
5
“A balaodi ba mephato ba bue le batho, ba re: ‘Go na le monna ofe yo o agileng ntlo e ntšha, mme a se ka a e kgakola? A a boele kwa ntlong ya gagwe, o ka tla a swela mo ntweng, mme mnna o sele a e kgakole.
6
Go na le monna ofe yo o tlhomileng tshimo ya mafine, a e iseng a swele loungo lwa yone molemo? A a boele kwa ntlong ya gagwe, o ka tla a swela mo ntweng, mme monna o sele a swele loungo lwa yone molemo.
7
Go na le monna ofe yo beeletseng mosadi, a ise a mo tseye? A a boele kwa ntlong ya gagwe, o ka tla a swela mo ntweng, mme mnna o sele a mo tseye.’
8
“A balaodi ba mephato ba fele ba bue le batho, ba re: ‘Go na le monna ofe yo o boifang, yo pelo e nyerang? A a tsamaye a boele kwa ntlong ya gagwe, dipelo tsa bankana ba gagwe di ka tla tsa nyerologa jaaka pelo ya gagwe.’
9
Go tlaa dirala gore, e re fa balaodi ba mephato ba weditse go bua le batho, ba tlhome balaodi ba ditlhopalhopha, ba ba tlaa nnang kwa tlhogong ga batho.
10
“E tle e re fa o atamela motse mongwe go tlhabana nao, foo o o opele mokgosi wa kagiso.
11
Go tlaa dirala gore fa o go naya phetolo ya kagiso, mme ba go bulela, foo a go dirale gore batho botlhe ba ba fitlhelwang mo go one ba go kgethele, ba go direle.
12
Mme fa o gana go dira kagiso nao, o rata go tlhabana nao fela, foo o o tlhasele;
13
motlhang Jehofa Modimo wa gago o o tsenyang mo seatlang sa gago, o kgemethe banna botlhe ka bojetla jwa tšhaka.
14
Basadi, le banyana, le dikgomo le tsotlhe tse di mo motseng, e bong thopo yotlhe ya one, o e itseele, e le thopo ya gago; o je thopo ya baba ba gago, e Jehofa Modimo wa gago o e go neileng.
15
Metse yotlhe e e kwa kgakala thata nao, e e seng ya metse ya merafe e e fano, o e direle jalo.
16
“Metse ya ditšhaba tseno, e Jehofa Modimo wa gago o e go nayang go nna boswa, o se ka wa tshedisa sepe se se hemang mowa.
17
O e senyetse ruri: Bahite, le Baamore, le Bakanana, le Baperise, le Bahife le Bajebuse; jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse;
18
gore ba se ka ba lo ruta go dira ka fa dilong tsotlhe tsa bone tse di makgapha, tse ba di diretseng medimo ya bone; jalo lo ne lo tlaa bo lo leofela Modimo wa lona.
19
“E tle e re fa o tlhasela motse ka lobaka lo loleele, o tlhabana nao go tla o o thopa, o se ka wa senya ditlhare tsa one ka go di ekela selepe; gonne ke tsone tse o ne o ka di ja, o se ka wa di rema; setlhare sa naga a ke motho, fa e bo ne ne o ka se tlhasela?
20
Mme ditlhare tse o di itseng fa e le ditlhare tse di se nang dijo, tsone tsosi o ka di senya wa di rema; mme o agela motse o o tlhabanang nao dipeela tsa phemelo, go tsamaya o wa.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34