bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 19
Deuteronomy 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 20 →
1
“E tlaa re Jehofa Modimo wa gago a kgaola merafe e lefatshe la yone o le go nayang, mme o le rua mo boemong jwa yone, o aga mo metseng ya yone le, mo matlong a yone,
2
o itomololele metse e le meraro mo lefatsheng la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go le rua.
3
O ipaakanyetse tsela, le melelwane ya lefatshe la gago, le Jehofa Modimo wa gago o le go ruisang, o le kgaoganye seraro, gore mmolai wa motho mongwe le mongwe a tshabele gone.
4
Jo ke jone boemo jwa mmolai wa motho, yo o tlaa tshabelang gone, mme a tshele: le fa e le mang yo o bolayang wa ga gabo a sa itse, a sa mo ila gale,
5
jaaka fa motho a ya kwa sekgweng a na le wa ga gabo, ba ya go rema dikgong, a bo a re o rema setlhare ka selepe, tshipi ya selepe ya somoga, ya tlolela mo go wa ga gabo, mme a swa; a a tshabele kwa go mongwe wa metse e meraro, mme a tshele;
6
e se re kgotsa mmusolosi wa madi a konatelela mmolai wa motho, pelo ya gagwe e sa ntse e gotetse, mme a mo tshwara ka tsela e telele, a mo itaya a swa, e tswa a sa tshwanelwa ke loso ka a ne a sa mo ile gale.
7
Ke gone ka moo ke go laolang, ka re: O itomololele metse e le meraro.
8
“E tlaa re fa Jehofa Modimo wa gago a atlhamolosa molelwane wa gago, jaaka a ikanetse borraeno, mme a go naya lefatshe lotlhe le o ne a le solofeditse borraeno fa a tlaa le ba naya,
9
fa o tshegetsa taolo e yotlhe go e dira, e ke e go laolelang gompieno, go rata Jehofa Modimo wa gago, le go sepela ka metlha yotlhe mo ditseleng tsa gagwe, foo o tlaa ikokeletsa ka metse e mengwe e le meraro kwa ntle ga e meraro eo,
10
gore madi a a se nang molato a se ka a tshololwa mo gare ga lefatshe la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang boswa, jalo molato wa madi wa nna mo go wena.
11
“Mme fa motho mongwe a ila wa ga gabo, mme a mo lalela, a mo nanogela, a mo itaya a swa; fa a tshabela kwa go mongwe wa metse eo,
12
foo bagolwane ba motse wa gagwe ba rome ba ye go mo lere, ba mo neele mmusolosi wa madi, gore a swe.
13
Leitlho la gago le se mo utlwele botlhoko; o tlose madi a a se nang molato mo go Iseraele, gore go tle go ye sentle nao.
14
“O se ka wa katosa molelwane wa motho wa gaeno, o bagologolo ba o tlhomileng mo bosweng jwa gago, jo o tlaa bo ruang mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go le rua.
15
“Mosupi a le mongwe fela a a se tsogele motho ka ga boikepo bongwe, kgotsa ka ga boleo bongwe, mo boleong bongwe jo o bo leofang; a sengwe sa kgang se atlholwe ka molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa ka molomo wa basupi ba le bararo.
16
E re fa mosupi yo o sa siamang a ka tsogela motho go supa tshiamololo ka ga gagwe;
17
foo banna bao boo babedi, ba kgang e mo go bone, ba eme fa pele ga Jehofa, fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba lobaka loo;
18
baatlhodi ba tlhotlhomise ka tlhoafalo, mme fa ba fitlhela mosupi e le wa maaka, a pateleditse ngwana a rraagwe,
19
foo lo mo direle jaaka a ne a gopotse go direla ngwana wa ga rraagwe; jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.
20
Ba ba salang ba tlaa utlwa ba boifa, mme ga ba ketla ba tlhola ba dira bosula jo bo ntseng jalo mo gare ga gago.
21
Leitlho la gago a le se utlwele botlhoko; botshelo bo tswelwe ke botshelo, leitlho ke leitlho, leino ke leino, seatla ke seatla, lonao ke lonao.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34