bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 29
Deuteronomy 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 30 →
1
A ke mafoko a kgolagano e Jehofa o laotseng Moše gore a e dire le bana ba Iseraele mo lefatsheng la Moabe, kwa ntle ga kgolagano e o e dirileng nabo kwa Horebe.
2
Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya, a re: “Lo bonye tsotlhe tse Jehofa o ne a di dira fa pele ga matlho a lona mo lefatsheng la Egepeto, a di direla Faro, le batlhanka botlhe ba gagwe, le lefatshe lotlhe la gagwe.
3
Diteko tse dikgolo tse matlho a lona a di bonyeng, ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo tseo.
4
Jehofa ga a a lo naya pelo ya go itse, le fa e le matlho a go bona, le fa e le ditsebe tsa go utlwa, nako e sa le eno.
5
Ke lo gogile ka dinyaga di le 40 mo nageng; diaparo tsa lona ga di a onala mo go lona, le ditlhako tsa lona ga di a onala mo dinaong tsa lona.
6
Ga lo a ja senkgwe, ga lo a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, gore lo tle lo itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona.
7
E rile lo fitlha mo felong fano, bo Sihone kgosi ya Hešebone, le Oge kgosi ya Bašane ba re bololela ka ntwa, mme ra ba kgemetha,
8
ra gapa lefatshe la bone, ra le naya Barubene, le Bagate, le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, go nna boswa.
9
Ke gone tshegetsang mafoko a kgolagano e, lo a dire, gore lo tlhogonolofale mo go tsotlhe tse lo di dirang.
10
“Gompieno lo eme lotlhe fa pele ga Jehofa Modimo wa lona; ditlhogo tsa lona, ditso tsa lona, bagolwane ba lona, maotlana a lona, e bong banna botlhe ba Iseraele,
11
banyana ba lona, basadi ba lona, moeng wa gago yo o mo gare ga mathibelelo a lona, go simolola ka yo o lo rathelang dikgong, go ya kwa go yo o lo gelang metsi;
12
gore lo tsene mo kgolaganong ya ga Jehofa Modimo wa lona, le mo ikanong ya gagwe, e Jehofa Modimo wa lona o e dirang gompieno le lona.
13
Gore a lo itlhomamisetse gompieno, gore lo nne sešaba sa gagwe, le gore a nne Modimo mo go lona, jaaka a buile le lona, le jaaka a ne a ikanela borraeno, Aberahame, le Isake le Jakobe.
14
Ke bile ga ke dire kgolagano e, le ikano e, le lona losi;
15
ke e dira le yo o emeng fano le rona gompieno fa pele ga Jehofa Modimo wa rona, ke e dira le gone le ene yo o se nang le rona fano gompieno.
16
“Gonne lo a itse ka fa re ne ra nna mo lefatsheng la Egepeto ka gone, le ka fa re raletseng merafe e lo e raletseng ka gone;
17
lo bile lo bonye dilo tsa bone tse di makgapha, le medimo ya bone ya disetwa, ya logong le ya lentswe, ya selefera le ya gouta, e e neng e le mo go bone;
18
e se re kgotsa go bo go le mo go lona monna, kgotsa mosadi, kgotsa losika, kgotsa lotso, yo gompieno pelo ya gagwe e hularelang Jehofa Modimo wa rona, e ya go direla medimo ya merafe eo; e se re kgotsa go bo go le mo go lona motswe o o ungwang mogau le longana;
19
e re a utlwa mafoko a phutso e, a itshegofatse mo pelong ya gagwe, a re: ‘Ke tlaa nna le kagiso, le fa ke sepela mo bogwading jwa pelo ya me, go senya mo go longola le mo go omeletseng.’
20
Jehofa ga a ketla a mo itshwarela, foo bogale jwa ga Jehofa, le lefufa la gagwe, di tlaa kuela motho yoo mosi; le phutso yotlhe e e kwadilweng mo lokwalong lo, e tlaa mo lala godimo, mme Jehofa o tlaa phimolela ruri leina la gagwe fa tlase ga legodimo.
21
Jehofa o tla mo lomololela bosuleng, a mo ntsha mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ka fa diphutsong tsotlhe tsa kgolagano e e kwadilweng mo lokwalong lwa molao.
22
“Kokomana e e tlang, e bong bana ba lona ba ba tlaa tsogang morago ga lona, le motho wa ditšhaba yo o tlaa bong a tswa kwa lefatsheng le le kgakala, ba tlaa re ba bona dipetso tsa lefatshe leo, le matlhoko a Jehofa o le tlhokofaditseng ka one,
23
le go re lefatshe lotlhe ke sulefera le letswai, le phiso, le sa jalwe, le sa ungwe, le sa tlhoge bojang, le ntse jaaka thibegetso ya Sotoma le Gomora, Atema le Seboime, e le mafatshe a Jehofa o a ribegeditseng ka bogale jwa gagwe le ka tšhakgalo ya gagwe.
24
Merafe yotlhe e tlaa bua, e re: ‘Jehofa o direla lefatshe le jalo ka ntlha yang? Mogote wa bogale jo bogolo jo, o kaya eng?’
25
Foo batho ba tlaa bua, ba re: ‘Ke ka gonne ba latlhile kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa borraabo, e o e dirileng nabo jale ka a ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto.
26
Ba ile ba direla medimo e sele, ba e obamela, e le medimo e ba sa e itseng le e o se kang a e ba naya.
27
Ke gone ka mo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela lefatshe le, go tla a le leretse phutso yotlhe e e kwadilweng mo lokwalong lo.
28
Jehofa a ba kukuthomolola mo lefatsheng la bone ka bogale, le ka tšhakgalo, le ka kgakatsego e kgolo, mme a ba latlhela kwa lefatsheng le sele, jaaka go ntse le gompieno.’
29
“Dilo tse di subegileng ke tsa ga Jehofa Modimo wa rona, mme dilo tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng, gore re tle re dire mafoko otlhe a molao o.”
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34