bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 17
Deuteronomy 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 18 →
1
“O se ka wa tlhabela Jehofa Modimo wa gago kgomo le fa e le nku e go nang le bogole mo go yone, le fa e le popego nngwe e e bosula, gonne mo, ke se se moila mo go Jehofa Modimo wa gago.
2
“Fa go ka fitlhelwa mo gare ga gago, mo teng ga dikgoro dingwe tsa gago, tse Jehofa Modimo wa gago o di go nayang, monna kgotsa mosadi yo o dirang se se bosula mo ponong ya ga Jehofa Modimo wa gago, ka go tlola kgolagano ya gagwe,
3
a ile a direla medimo e sele, a e obamela, kgotsa e le letsatsi gongwe kgwedi, kgotsa sengwe sa lesomosomo la legodimo, e le se ke sa go se laolelang,
4
mme wa bolelelwa wa utlwa ka ga gone, foo o botse ka tlhoafalo, mme fa o fitlhela e le boammaaruri, e le selo se se tlhomameng, gore se makgapha, se se ntseng jalo se dirilwe mo go Iseraele;
5
foo monna yoo, kgotsa mosadi yoo, yo o dirileng selo seo se se bosula, o mo ntshetse kwa kgorong tsa gago, o ba kgobotletse ka maje ba swe.
6
Yo o laoletsweng go bolawa, a a bolawe ka molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa basupi ba le bararo; a se ka a bolawa ka molomo wa mosupi a le mongwe fela.
7
Diatla tsa basupi e nne tsone tse di nnang mo go ene pele go mmolaya, morago ga moo diatla tsa batho botlhe. Jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.
8
“E re go tsoga sengwe se se go palelang, gare ga madi le madi, gare ga kganetsanyo le kganetsanyo, le gare ga titeo le titeo, e le dilo tse di ganetsanngwang mo teng ga dikgoro tsa gago, foo o nanoge, o ye kwa felong fa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang;
9
o fitlhe kwa baperesiting e bong Balefi, le kwa moatlhoding wa sebaka seo, o botsise; mme ba tlaa go supetsa tshiamiso ya katlholo.
10
O dire ka fa kaelong ya tshiamiso eo, e ba tlaa e go supetsang ba le fa felong fa Jehofa o tlaa go itshenkelang; o tlhokomele go dira jaaka tsotlhe tse ba tlaa di go rutang.
11
O dire ka fa kaelong ya molao o ba tla o go rutang, le ka fa katlholong e ba tlaa e go bolelelang; o se ka wa fapoga tigelo ya mafoko, e ba tlaa e go supetsang, go ya ka fa ntlheng ya le legolo kgotsa ya la molema.
12
Monna yo o italetsang a sa reetse moperesiti yo o emeng a direla fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, kgotsa moatlhodi, monna yoo a a swe; o tlose bosula mo go Iseraele.
13
Batho botlhe ba tlaa utlwa, ba boifa, ba bakela go tlhola ba italetsa.
14
“O tlaa re o sena go fitlha mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, mme o le rua, o aga mo go lone, mme o ithaya o re: ‘Ke tlaa ipeela kgosi, jaaka merafe yotlhe e e mo tikologong ya me.’
15
Kwa ntle ga dilo tsotlhe, o ipeele kgosi e le motho yo Jehofa Modimo wa gago o tlaa mo itshenkelang; o ipeele kgosi motho yo o leng mongwe wa bana ba rraeno; o se ka wa ipeela kgosi motho yo o leng wa ditšhaba, yo e seng ngwana wa ga rraeno.
16
Go le gosi fela a se ka a intsifaletsa dipitse; le fa e le go busetsa batho kwa Egepeto, gore a ntsifatse dipitse; gonne Jehofa o lo reile a re: ‘Lo se ka lwa tlhola lo boela kwa tseleng eo.’
17
Le gone a se ka a intsifaletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga; le gone a se ka a intsifaletsa selefera le gouta bobe.
18
“Go tlaa dirala gore fa a dula mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a a ikwalele malebela a molao o o mo lokwalong, a a tseye mo go lo lo fa pele ga baperesiti, e bong Balefi;
19
mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira,
20
gore pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bana ba ga rraagwe, le gore a se ka a fapoga taolo a ya ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema; e le gore a lelefatse malatsi a gagwe mo bogosing jwa gagwe, ene le bana ba gagwe mo gare ga Iseraele.
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34