bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 11
Deuteronomy 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 12 →
1
“Ke gone o rate Jehofa Modimo wa gago, mme o tshegetse taolelo ya gagwe, le ditao tsa gagwe, dikatlholo tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe ka metlha yotlhe.
2
Lo bo lo itse gompieno, gonne ga ke bue le bana ba lona, ba ba se kang ba itse, ba se ka ba bona kwatlhao ya Jehofa Modimo wa gago, le bogolo jwa gagwe, le lesogo la gagwe le le nonofileng, le letsogo la gagwe le le otlologileng.
3
Le ditshupo tsa gagwe, le ditiro tsa gagwe tse o ne a di mo gare ga Egepto, mo go Faro kgosi ya Epepeto, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe;
4
le se o ne a se direla ntwa ya Egepeto, dipitse tsa bone le dikara tsa bne tsa tlhabano; jaaka a ba ribegeditse ka metsi a Lewatle le Lehibidu fa ba ne ba lo konatelela, le jaaka Jehofa a ba sentse, nako e sa le eno;
5
le se o se lo diretseng mo nageng, ga tsamaya lwa tla mo felong fano;
6
le se o ne a se direla Dathane le Abirame, bomorwa Eliabe, morwa Rubene; jaaka lefatshe le ne la atlhamologa legano, la ba kometsa, le ba matlo a bone, le megope ya bone, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se ba setseng morago, mo gare ga Baiseraele botlhe.
7
Matlho a lona a bonye tiro yotlhe e kgolo ya ga Jehofa, e o ne a e dira.
8
“Ke gone tshegetsang taolo yotlhe e ke e lo laolelang gompieno, gore lo nne thata, lo tsene lo ye go rua lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go le rua;
9
le gore lo lelefatse malatsi a lona mo lefatsheng le, le Jehofa o ne a le ikanela borra ba lona go le ba naya le losika lwa lwa bone, lefatshe le le elang maši le dinotshe.
10
Gonne lefatshe le o yang kwa go lone o ya go le rua, ga le a nna jaaka lefatshe la Egepeto, le lo duleng kwa go lone, kwa o ne wa jala peo ya gago, wa e nosa ka lonao lwa gago, jaaka tshimo ya merogo.
11
Lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go le rua, ke lefatshe la makgabana le mekgatšha, mme le nwa metsi a pula ya legodimo.
12
Ke lefatshe le Jehofa Modimo wa gago o le tlamelang; matlho a ga Jehofa Modimo wa gago a mo go lone ka metlha yotlhe, go tswa tshimologong ya ngwaga go ya bokhutlong jwa ngwaga.
13
“Go tlaa dirala gore, e tlaa re fa lo reetsa ditaolo tsa me ka tlhoafalo, tse ke di lo laolelang gompieno, go rata Jehofa Modimo wa lona, le go mo direla ka pelo yotlhe ya lona, le ka mowa otlhe wa lona,
14
ke tlaa nesa pula ya lefatshe la lona mo lobakeng lwa yone, pula ya sephai, le pula ya kgogolamoko, gore o tle o rore mabele a gago, le bojalwa jwa gago jwa mofine, le lookwane lwa gago.
15
Ke tlaa tlhogisetsa dikgomo tsa gago bojang mo nageng ya gago, mme o tlaa ja o kgora.
16
Lo itise, gore dipelo tsa lona di se ka tsa tsietsega, lwa fapoga, lwa direla medimo e sele, lwa e obamela;
17
mme bogale jwa ga Jehofa jwa lo tukela, mme a tswala legodimo, gore pula e tlhokafale, le gore lefatshe le se ntshe maungo a lone; mme lwa swa ka bonako lo tswa mo lefatsheng le le molemo, le Jehofa o le lo nayang.
18
“Ke gone bolokang mafoko a, a me, mo pelong ya lona, le mo moweng wa lona; lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a nne sebeo sa fa gare ga matlho a lona.
19
Lo a rute bana ba lona, lo bue ka ga one, fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.
20
“O a kwale mo mephakwaneng ya mejako ya ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago;
21
gore malatsi a lona a ntsifadiwe le malatsi a bana ba lona mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borra ba lona go le ba naya, jaaka malatsi a magodimo kwa godimo ga lefatshe.
22
“Gonne fa lo tshegetsa ka tlhoafalo taolo e yotlhe e ke e lo laolelang, go e dira; go rata Jehofa Modimo wa lona, go tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le go mo ngaparela;
23
foo Jehofa o tlaa lelekela merafe yotlhe e fa pele ga lona, mme lo tlaa rua merafe e megolo, e e nonofileng bogolo go lona.
24
Gongwe le gongwe fa pato ya lonao lwa lona e tlaa gatang gone go tlaa nna ga lona, go tswa nageng fela, le Lebanone, go tswa kwa nokeng, noka ya Euferatese, go ya fela lewatleng le le kwa bophirimatsatsi, e tlaa nna molelwane wa lona.
25
Ga go ketla go nonofa monna ope go ema fa pele ga lona; Jehofa Modimo wa lona o tlaa baya go boitshega le go tshabega ga lona mo lefatsheng lotlhe le lo tlaa le gatang, jaaka a buile le lona.
26
“Bonang, gompieno ke baya tshegofatso le phutso fa pele ga lona:
27
Tshegofatso, fa lo ka reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, tse ke di lo laolelang gompieno;
28
le phutso, fa lo gana go reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo fapoga tsela e ke e le laolelang gompieno, go ya go sala medimo e sele morago, e lo iseng lo e itse.
29
E tlaa re Jehofa Modimo wa gago a go fitlhisitse mo lefatsheng le o yang go le rua, o beye tshegofatso mo thabeng ya Gerisime, le phutso mo thabeng ya Ebale.
30
A ga di kwa moseja ga Joretane, di potile tsela ya bophirimatsatsi ka kwa morago mo lefatsheng la Bakanana ba ba agileng mo Areba, bolegagana le Gilegale, fa maokeng a More?
31
Gonne lo na le go kgabaganya Joretane lo ya go tsena lo rua lefatshe le Jehofa Modimo wa lona o le lo nayang, mme lo tlaa le rua, lo aga mo go lone.
32
Lo tlhokomele go dira ditao tsotlhe le dikatlholo tse ke di bayang fa pele ga lona gompieno.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34