bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 31
Deuteronomy 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 32 →
1
Moše a ya a bua mafoko a otlhe le Baiseraele botlhe fela.
2
A ba raya a re: “Gompieno nna ke botsofe jwa dinyaga di le lekgolo le masome a mabedi; ga ke tlhole ke nonofile go tswa le go tsena; Jehofa o ntheile a re: ‘Ga nketla ke tshela Joretane ono.’
3
Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tlaa kgabaganyang fa pele ga gago; o tlaa senya merafe e fa pele ga gago, mme o tlaa e rua; Jošua ene, o tlaa kgabaganya fa pele ga gago, jaaka Jehofa a buile.
4
Jehofa o tlaa ba direla jaaka a ne a direla Sihone le Oge, dikgosi tsa Baamore le lefatshe la bone; ba o ba sentseng.
5
Jehofa o tlaa ba lo neela fa pele ga gago, lo tlaa ba direla ka fa taolong yotlhe e ke e lo laoletseng.
6
Lo nne thata le pelokgale, lo se boife, lo se ka lwa ba tshoga; gonne Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tsamayang nao; ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha.”
7
Moše a bitsa Jošua, a mo raya mo ponong ya Baiseraele botlhe, a re: “O nne thata le pelokgale, gonne o tlaa ya le tšhaba e mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borraabo, a re o tlaa le ba naya, o tlaa le ba ruisa.
8
Jehofa ke ene yo o yang fa pele ga gago; o tlaa nna nao, ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha; o se ka wa boifa, o se ka wa rerega.”
9
Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti bomorwa Lefi ba ba rwalang letlole la kgolagano ya ga Jehofa, le bagolwane botlhe ba Iseraele.
10
Moše a ba laola, a re: “E tlaa re mo bokhutlong jwa bosupa bongwe le bongwe jwa dinyaga, mo lobakeng lo lo laotsweng lwa ngwaga wa kgololo, mo modirong wa metlaagana,
11
mogang Baiseraele botlhe ba tsileng go bonala fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, mo felong fa o tlaa go itshenkelang, o bale molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo kutlong ya bone.
12
Phutha batho, banna le basadi, banyana, le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa Modimo wa lona, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o;
13
le gore bana ba bone, ba ba iseng ba itse, ba utlwe, ba ithute go boifa Jehofa Modimo wa lona ka lobaka lotlhe lo lo tshelang ka lone mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joretane lo ya kwa go lone go le rua.”
14
Jehofa a raya Moše a re: “Bona, malatsi a a atamela a o tlaa swang ka one; bitsa Jošua, lo iponatse mo mogopeng wa bophuthegelo, gore ke tle ke mo laye.” Mme Moše le Jošua ba ya ba iponatsa mo mogopeng wa bophuthegelo.
15
Jehofa a bonala mo Mogopeng a le mo mosipuring wa leru; mosipuri wa ema kgoro ya Mogope godimo.
16
Jehofa a raya Moše a re: “Bona o tlaa robala le borraago; mme tšhaba e, e tlaa tloga e akafalela medimo ya seeng ya lefatshe, ya kwa ba yang go nna gone mo go yone, ba tlaa ntatlha, ba senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.
17
Ke gone bogale jwa me bo tlaa ba tukelang mo letsatsing leo, ke tlaa ba latlha, ke tlaa ba subela sefatlhogo sa me, mme ba tlaa jelwa ruri, le masula a le mantsi le mahutsana a tlaa ba wela; ba tlaa bua mo tsatsing leo ba re: ‘Masula a, a ga a a re wela ka gobo Modimo o seyo mo go rona?’
18
Ruri ke tlaa suba sefatlhogo sa me mo tsatsing leo, ka ntlha ya bosula jotlhe jo ba tlaa bong ba bo dirile, ka ba tlaa bo ba menogetse kwa medimong e sele.
19
“Ke gone jaana, ikwaleleng sefela se, o se rute bana ba Iseraele, o se tsenye mo melomong ya bone, gore sefela se, e nne seganeledi sa me mo baneng ba Iseraele.
20
Gonne ke tlaa re ke sena go ba fitlhisa mo lefatsheng le ke le ikanetseng borraabo, le le elang maši le dinotshe, mme ba jele, ba kgotshe, ba nonne, foo ba tlaa menogela kwa medimong e sele, ba e direla, ba nnyatse, ba senye kgolagano ya me.
21
Mme go tlaa dirala go re mogang masula a le mantsi le mahutsana a ba wela, sefela se, se tlaa bo se supa fa pele ga bone jaaka mosupi; gonne ga se ketla se lebalwa mo melomong ya losika lwa bone; e tswa ke itse ditlhatlhanyo tsa bone tse ba di tlhatlhanyang, le jaana, ke ise ke ba fitlhise mo lefatsheng le ke ikanneng ka ga lone.”
22
Jalo Moše a kwala sefela se ka tsatsi leo, a ba a se ruta bana ba Iseraele.
23
A laya Jošua morwa Nune, a re: “O nne thata le pelokgale; gonne o tlaa fitlhisa bana ba Iseraele mo lefatsheng le ke le ba ikanetseng; mme ke tlaa nna nao.”
24
Ga dirala ya re Moše a sena go fetsa go kwala mafoko a molao o mo lokwalong, a ba a a wetsa,
25
a laola Balefi ba ba rwalang letlole la kgolagano ya ga Jehofa, a re:
26
“Tsayang lokwalo lo lwa molao, lo lo beye lo bape le letlole la kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa lona, gore lo nne gone e le mosupi go go ganetsa.
27
Gonne ke a e itse tsuololo ya gago, le thamo e thata ya gago; lo tsuololela Jehofa le ke sa ntse ke tshedile ke na le lona gompieno, mme go tlaa nna jalo bogolo jang ke sena go swa?
28
Mphutlhelang bagolwane botlhe ba ditso tsa lona, le maotlana a lona, gore ke bue mafoko a mo ditsebeng tsa bone, ke ba biletse legodimo le lefatshe go supa go ba ganetsa.
29
Gonne ke a itse fa e tlaa re ke sena go swa lo tlaa ipodisetsa ruri, lo fapoga tsela e ke e lo laoletseng; mme bosula bo tlaa lo wela mo metlheng ya morago; gonne lo ganelela go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheleletsa bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona.”
30
Moše a bua mafoko a sefela se mo ditsebeng tsa phuthego yotlhe ya Iseraele, a ba a a wetsa:
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34