bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 25
Deuteronomy 25
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 26 →
1
“E re fa go na le kgang mo banneng, mme ba ya katlholong, mme baatlhodi ba ba atlhola; foo a ba siamisetse mosiami, mosiamolodi ba mo sekise;
2
fa mosiamolodi a tshwanetse go bediwa, moatlhodi a laole gore a kgwathe, a bediwe fa pele ga matlho a gagwe, palo ya dithupa e le ka fa tshiamololong ya gagwe.
3
O ka mmaya dithupa di le 40, mme a se ka a di fetisa, gonne fa a fetisa, mme a mmaya dithupa di le dintsi tse di fetang tseo, foo ngwana wa ga rraago o ka tla a kaiwa selo fela mo go wena.
4
“O se ka wa bofa kgomo molomo fa e photha mabele.
5
“Fa bana ba monna ba agile mmogo, mongwe wa bone a swa, mme a se na ngwana wa mosimane, mosadi wa moswi a se ka a nyalelwa kwa ntle ke moeng; a morwa rra monna wa gagwe a tsene kwa go ene, a mo tseye go nna mosadi, a mo direle tshwanelo ya morwa rra monna.
6
Ngwana yo o tlaa mo tsalang pele, a tsalelwe leina la ga morwa rraagwe yo o suleng, gore leina la gagwe le se ka la phimoga mo Iseraele.
7
Fa monna yoo a sa rate go tsaya mosadi wa ga morwa rraagwe, foo mosadi wa ga morwa rraagwe a ye kwa bagolong kwa kgotleng ya motse, a re: ‘Morwa rra monna wa me o gana go tsosetsa morwa rraagwe leina mo go Iseraele, o gana go ntirela tshwanelo ya morwa rra monna wa me.’
8
Foo a bagolwane ba motse ba mmitse, ba bue nae; fa a ema, a re: ‘Ga ke rate go mo tsaya;’
9
foo mosadi wa morwa rra monna wa gagwe a ye kwa go ene fa pele ga bagolo a mo role setlhako, a mo kgwele mathe mo sefatlhogong mme a mo fetole a re: ‘A go direlwe jalo monna yo o sa ageng ntlo ya ga morwa rraagwe.’
10
Leina la gagwe monna le bidiwe mo Iseraele, go twe: ‘Ntlo ya yo o rotsweng setlhako.’
11
“E re fa banna ba lwa mmogo, mme mosadi wa yo mongwe a atamela a tla go golola monna wa gagwe mo seatleng sa yo o mo itayang, mme a ntsha letsogo a mo gamutla ka lepele;
12
foo o kgaole mosadi letsogo; leitlho la gago le se ka la mo utlwela botlhoko gope.
13
“O se ka wa nna le di lekanya bokete tse di mefuta mebedi e e fapaanyeng mo kgetseng ya gago, tse dikgolo le tse dinnye.
14
O se ka wa dira le dielo tse di fapaanyeng mo ntlong ya gago, tse dikgolo le tse dinnye.
15
O nne le sebokete se se lekanyang se se itekanetseng, se se siameng; o bo o nne le seelo se se itekanetseng, se se siameng; gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
16
Gonne botlhe ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo, e bong botlhe ba ba dirang ka tshiamololo, ba makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.
17
“Gakologelwa se Amaleke o se go diretseng mo tseleng fa lo tswa kwa Egepeto;
18
ka fa o ne a go kgatlhantsha mo tseleng ka gone, a go bolaela ba ba kwa morago, botlhe ba ba bokoa fa morago ga gago, ka o ne o lapile o tsenywe ke letsapa; a se ka a boifa Modimo.
19
Ke gone a e re Jehofa Modimo wa gago a sena go go naya boikhutso mo babeng botlhe ba gago mo tikologong, mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa go le rua, o phimolele ruri kgakologelo ya ga Amaleke fa tlase ga legodimo; o se ka wa lebala.
← Chapter 24
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 26 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34