bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 24
Deuteronomy 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 25 →
1
“E re fa monna a tsaya mosadi, a mo nyala, foo go dirale gore, fa mosadi a se na kgatlhego epe mo matlhong a gagwe, ka ntlha ya go bo o fitlhetse sengwe mo go ene sa boatla, a a mo kwalele lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neye mo seatleng, a mo ntshe mo ntlong ya gagwe.
2
O tlaa re a sena go tswa mo ntlong ya gagwe, o ka ya a nna mosadi wa monna o sele.
3
Fa monna wa morago a mo ila, mme a mo kwalela lokwalo lwa tlhalo, a lo mo naya mo seatleng, a mo ntsha mo ntlong ya gagwe; kgotsa fa monna wa morago a swa, ene yo o mo tsereng go nna mosadi wa gagwe;
4
monna wa gagwe wa pele, yo o ne a mo leleka, ga a kake a ba a mo tsaya gape go nna mosadi wa gagwe, a sena go itshekololwa; gonne mo ke moila fa pele ga Jehofa; o se ka wa leofisa lefatshe le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa.
5
“E re fa monna a tsaya mosadi yo moša, a a se bolole le ntwa, le gone a a se newe tiro epe, a a nne mo gae ka ngwaga a se na tiro, a itumedise mosadi wa gagwe yo o mo tsereng.
6
“Motho ope a se tseye lolwala kgotsa tshilo go nna peelo; gonne o tsaya botshelo jwa motho peelo.
7
“E re fa motho a fitlhelwa a utswa mongwe wa bana ba ga rraagwe ba bana ba Iseraele, a mo direla jaaka selwana, kgotsa a mo rekisa; foo legodu leo le swe; jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare go gago.
8
“O ikefe mo sebetsong sa lepero, o tlhokomele thata, o dire tsotlhe tse baperesiti, e bong Balefi ba di lo rutang; jaaka ke di laoletse bone, lo tlhokomele go dira jalo.
9
Gakologelwa se Jehofa Modimo wa gago o se diretseng Miriame, mo tseleng jaaka lo tswa kwa Egepeto.
10
“E re fa o adima wa gaeno kadimo nngwe, o se ka wa tsena mo ntlong ya gagwe o ya go tsaya sebeelo sa gagwe.
11
O eme ka fa ntle, mme monna yo o mo adimang o tlaa ntshetsa sebeelo kwa ntle kwa go wena.
12
Fa e le mohumanegi, sebeelo sa gagwe se se lale go wena.
13
Ruri o busetse sebeelo sa gagwe kwa go ene fa letsatsi le phirima, gore a lale mo seaparong sa gagwe, mme a go segofatse; e tlaa nna tshiamo mo go wena fa pele ga Jehofa Modimo wa gago.
14
“O se ka wa patika motlhanka yo o thapilweng a humanegile, a tlhoka, le fa e ka bo e le wa bana ba ga rraago, kgotsa wa baeng ba ba mo lefatsheng la gago mo teng ga dikgoro tsa gago,
15
o mo neye tuelo ya gagwe ka letsatsi la gagwe, le gone letsatsi le se ka la e phirimelela, gonne o humanegile, pelo ya gagwe e mo go yone; o ka tla a goela kwa go Jehofa ka ga gago, mme ga nna boleo mo go wena.
16
“A borra bana ba se bolawe ka molato wa bana, le bana ba se bolawe ka molato wa borraabo; a motho mongwe le mongwe a bolaelwe boleo jwa gagwe.
17
“O se ka wa soka katlholo ya moeng, le fa e le ya lesiela; le gone o se ka wa tsaya seaparo sa mosadi wa motlholagadi go nna peelo;
18
mme o ikgakolole fa wena o kile wa ne o le mogolegwi mo Egepeto, mme Jehofa Modimo wa gago a go rekolola gone; ke gone ke go laolang go re o dire selo se.
19
“Fa o roba thobo ya gago mo tshimong ya gago, mme wa lebala ngata nngwe mo tshimong, o se ka wa bowa wa ya go e tsaya; a e nne ya moeng, le ya lesiela, le motlholagadi, gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago.
20
Fa o tlhotlhora setlhare sa gago sa motlhware, o se ka wa ba wa boela dikala lwa bobedi; a e nne tsa moeng, le tsa lesiela, le tsa motlholagadi.
21
E re fa o kgetla loungo lwa tshimo ya gago ya mafine, o se ka wa e ronopa fa morago ga gago; a e nne ga moeng, le lesiela, le ga motlholagadi.
22
O ikgakolole fa o kile wa ne o le mogolegwi mo lefatsheng la Egepeto; ke gone ke go laolang gore o dire selo se.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34