bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 27
Deuteronomy 27
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 28 →
1
Moše le bagolwane ba Iseraele ba laola batho, ba re: “Tshegetsang taolo yotlhe e ke e lo laolelang gompieno.
2
E tlaa re ka letsatsi le lo tshelang Joretane ka lone lo ya mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, o ikemisetse maje a magolo o a batege ka sebatego.
3
O re o sena go kgabaganya, o kwale mo go one mafoko otlhe a molao o, gore o tle o tsene mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, lefatshe le le elang maši le dinotshe, jaaka Jehofa Modimo wa borraeno a go solofeditse pele.
4
Fa lo sena go kgabaganya Joretane lo emise maje ao a ke a lo laolelang gompieno, mo thabeng ya Ebale, o a batege ka sebatego.
5
O agele Jehofa Modimo wa gago sebeso gone, sebeso sa maje: o se ka wa a ekela sedira sepe sa tshipi.
6
O agele Jehofa Modimo wa gago sebeso ka maje a a sa betlwang; o isetse Jehofa Modimo wa gago ditshupelo tse di fisiwang mo go sone:
7
O tlhabe ditshupelo tsa kagiso, o bo o jele gone; mme o itumele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago.
8
Mo majeng ao o kwale mafoko otlhe a molao o, go bonale sentlentle.”
9
Mme Moše le baperesiti Balefi, ba bua le Baiseraele botlhe, ba re: “Didimala, Iseraele, o reetse; gompieno o dule sešaba sa ga Jehofa Modimo wa gago.
10
Ke gone o utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, o dire ditaolo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno.”
11
Moše a laya batho ka tsatsi leo, a re:
12
“E re lo sena go kgabaganya Joretane, ba, a ba eme mo thabeng ya Gerisime, go segofatsa batho; e bong Simeone, Lefi, Juta, Isakare, Josefe le Benjamine.
13
Bale, a ba eme mo thabeng ya Ebale go hutsa; e bong Rubene, Gate, Ašere, Sebulone, Dane le Nafetali.
14
Balefi ba tlaa bolela ba raya banna botlhe ba Iseraele ka lentswe le legolo, ba re:
15
“ ‘Go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, le fa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa, tiro ya diatla tsa modiri, a se emisa mo sephiring.’ Mme a batho botlhe ba fetole, ba re: “ ‘A go nne jalo.’
16
‘Go hutsege yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
17
‘Go hutsege yo o sutisang molelwane wa ga gabo.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
18
‘Go hutsege yo o timetsang sefofu mo tseleng.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
19
‘Go hutsege yo o sokang katlholo ya moeng, le ya lesiela, le ya mosadi wa motlholagadi.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
20
‘Go hutsege yo o lalang le mogatsa rraagwe; gonne o bipolotse khiba ya ga rraagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
21
‘Go hutsege yo o lalang le setshedi sengwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
22
‘Go hutsege yo o lalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe, kgotsa morwadia mmaagwe.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
23
‘Go hutsege yo o lalang le mogwagadie.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
24
‘Go hutsege yo o bolayang wa ga gabo mo sephiring.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
25
‘Go hutsege yo o amogelang tuelo go tla a bolaya motho yo o se nang molato.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’
26
‘Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.’ Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ”
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34