bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 23
Deuteronomy 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 24 →
1
“Yo o ntshitsweng ntho mo lesotlhong, kgotsa yo o kgaotsweng lepele, a a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa.
2
Ngwana wa dikgora a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le go ya kwa kokomaneng ya bosome go se nne ope wa gagwe yo o tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.
3
“Moamone kgotsa Momoabe a ba se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le fa go ile kwa kokomaneng ya lesome go se tsene ope yo e leng wa bone mo phuthegong ya ga Jehofa, le ka bosakhutleng,
4
gonne ga ba a ka ba lo kgatlhantsha ka dijo le metsi mo tseleng, jale ka lo tswa Egepeto; le gonne ba ne ba go thapela Balaame morwa Beore wa kwa Pethore wa Mesopotamia ka tuelo, gore a tle go go hutsa.
5
Le fa go ntse jalo Jehofa Modimo wa gago a gana go reetsa Balaame; Jehofa Modimo wa gago a go fetolela phutso tshegofatso, gonne Jehofa Modimo wa gago o na a go rata.
6
O se ka wa batla gore ba nne kagiso, le fa e le gore ba tlhogonolofale ka malatsi otlhe a gago ka bosakhutleng.
7
“O se ka wa tlhoa Moetome, gonne ke ngwana wa ga rraeno. O se ka wa tlhoa Moegepeto, gonne o ne o le moeng mo lefatsheng la gagwe.
8
Bana ba kolomana ya boraro ba ba ba tsholang ba ka tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.
9
“Fa o bololela baba ba gago o le tlhaolele, foo o ithibe mo go sengwe le sengwe se se bosula.
10
Fa go na le monna mongwe mo go lona yo o itshekologileng ka ntlha ya sengwe se o tsogang se mo diralela bosigo, foo a a tswele kwa ntle ga bothibelelo, a a se tsene mo teng ga bothibelelo;
11
mme go dirale gore fa go tsena maitseboa a a tlhape ka metsi, mme e tlaa re letsatsi le phirima, a tsene mo teng ga bothibelelo.
12
“Le gone o dire le felo gongwe kwa ntle ga bothibelelo, kwa go tlaa iwang ntle gone.
13
Mo dibolaong tsa gago o tseye phang; mme go dirale gore fa o ile ntle, o epe ka yone, mme o retologe o bipe mantle a gago.
14
Gonne Jehofa Modimo wa gago o sepela mo gare ga bothibelelo jwa gago, go go golola, le go go neela baba ba gago fa pele ga gago; ke gone ka re: ‘A bothibelelo jwa gago bo nne boitshepo, gore a tle a se ka a bona sepe se se leswe mo go wena, mme a go hularela.’
15
“Motlhanka yo o tshabetseng mong wa gagwe kwa go wena, o se ka wa mo neela mong wa gagwe.
16
A a age nao, mo gare ga gago, mo felong fa o tlaa go itshenkelang mo teng ga kgoro nngwe ya gago, kwa go mo kgatlhang bogolo gone. O se ka wa mo patika.
17
“A go se nne seaka sepe sa bomorwadia Iseraele, le gone, a go se nne mosotoma wa bomorwa Iseraele.
18
O se ka wa isa madi a a thapileng seaka, le fa e le tuelelo ya ntša, mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago; gonne dilo tseo tsoo pedi di makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.
19
“O se ka wa adima ngwana wa ga rraeno ka go lopa kokeletso; koketso ya madi, koketso ya dijo, kgotsa koketso ya sengwe fela se se tleng se adingwe ka go lopa kokeletso.
20
Wa tšhaba ene, o ka mo adima ka go lopa kokeletso; mme ngwana wa ga rraeno ene, o se ka wa mo adima ka go lopa kokeletso, gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, mo lefatsheng le o tsenang mo go lone o ya go le rua.
21
“E re mogang o ikanelang Jehofa Modimo wa gago ka ikano, o se ka wa nna bonya go e lefa, gonne ruri Jehofa Modimo wa gago o tlaa e batla mo go wena; mme e ne e tlaa nna boleo mo go wena.
22
Fa o ka ikgogona go ikana, e tlaa bo e se boleo mo go wena.
23
Se se duleng mo molomong wa gago o se tlhokomele go se dira, ka fa o ikanetseng Jehofa Modimo wa gago ka gone, ke tshupelo ya peleego e o e tlhomamisitseng ka molomo wa gago.
24
“E re o tsena mo tshimong ya mofine ya wa gaeno, foo o ka ja loungo lwa mofine o kgora ka fa o ratang ka gone, mme o se ka wa tsenya sepe mo tokelong ya gago.
25
E re fa o tsena mo mabeleng a a emeng a motho wa gaeno, foo o ka roba diako ka seatla sa gago; o se ka wa ota thipa mo mabeleng a motho wa gaeno.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34