bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 26
Deuteronomy 26
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 27 →
1
“Go tlaa re o sena go tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa o le ruile, o agile mo go lone,
2
o tle o tseye ga mabutswapele a loungo lwa lefatshe la gago lo o lo rorelang mo gae, lo tswa mo lefatsheng la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang; o a tsenye mo serotong, o ye kwa felong kwa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang gore leina la gagwe le agisiwe gone.
3
O ye kwa moperesiting yo o tlaa bong a eme mo motlheng oo, o mo reye o re: ‘Ke ipolelela Jehofa Modimo wa gago ka tsatsi leno, fa ke tsile mo lefatsheng le Jehofa o ne a le ikanela borra ba rona fa a tlaa le re naya.’
4
“Moperesiti a amogele seroto mo seatleng sa gago, a se beye fa pele ga sebeso sa ga Jehofa Modimo wa gago.
5
O bolele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago o re: ‘Re e ne e le Mosiria yo o ne a batla go swa, mme a fologela kwa Egepeto, a jaka gone a se montsi, a tla a nna morafe gone, o mogolo o o nonofileng, o montsi.
6
Baegepeto ba re direla bosula, ba re patika, ba baya botlhanka jo bo thata mo go rona.
7
Ra goela kwa go Jehofa Modimo wa borra ba rona, mme Jehofa a utlwa lentswe la rona, a bona patikego ya rona le tiro e e thata ya rona le pogiso ya rona.
8
Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka letsogo le le nonofileng le ka letsogo le le otlologileng, le ka poitshego e kgolo, le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso.
9
O re lerile mo felong fano, o re neile lefatshe le, lefatshe le le elang maši le dinotshe.
10
Jaanong ke lerile mabutswapele a lefatshe le wena Jehofa o le nneileng.’ O a beye fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o obamele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago.
11
O itumele mo molemong otlhe o Jehofa Modimo wa gago o o go neileng, wa ba wa o naya le ba kgotla ya gago, wena, le Molefi le moeng yo o mo gare ga gago.
12
“O tlaa re o sena go wetsa go ntsha tsa bosome, tsa bosome tsa totafalo yotlhe ya ngwaga wa boraro o e leng ngwaga wa go ntsha tsa bosome, foo o di neye Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, gore ba jele mo teng ga dikgoro tsa gago, ba kgore.
13
O bue fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o re: ‘Dilo tse di itshepileng ke di ntshitse mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, ka fa taolong yotlhe ya gago, e o e ntaoletseng; ga ke a tlola ditaolo dipe tsa gago, le gone ga ke a di lebala.
14
Ga ke a ja ga gone mo khutsafalong ya me, le gone ga ke a baya ga gone ke itshekologile, le gone ga ke a ntshetsa baswi ga gone; ke reeditse lentswe la ga Jehofa Modimo wa me, ke dirile jaaka tsotlhe tse o di ntaoletseng.
15
A ko o okomele o le mo boagong jwa gago jo bo boitshepo, kwa legodimong, o segofatse batho ba gago Iseraele, le lefatshe le o le re neileng, jaaka o ne wa ikanela borra ba rona lefatshe le le elang maši le dinotshe.’
16
“Gompieno Jehofa Modimo wa gago o a go laola, gore o dire ditao tse, le dikatlholo tse, mme ke gone o di tshegetse tsotlhe, o di dire ka pelo yotlhe ya gago, le mowa otlhe wa gago.
17
O ipoletse gompieno, wa re: Jehofa ke Modimo wa gago, le gore o tlaa sepela mo ditseleng tsa gagwe, o tshegetsa ditao tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, le gore o tlaa reetsa lentswe la gagwe.
18
Jehofa o ipoletse gompieno, a re: O sešaba se o se itlhaoletseng, jaaka a go solofeditse pele, le gore o tlaa tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa gagwe;
19
le gore o tlaa go godisa mo pakong, le mo leineng, le mo tlotlong, godimo ga merafe yotlhe e o e dirileng; a re o tle o nne sešaba se se itshepetseng Jehofa Modimo wa gago, jaaka a buile.”
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34