bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Deuteronomy 32
Deuteronomy 32
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 33 →
1
“Lona magodimo, sekegang tsebe, mme ke tlaa bua; a lefatshe le utlwe mafoko a molomo wa me.
2
Thuto ya me e tlaa rotha jaaka pula, puo ya me e tlaa wa jaaka monyo; jaaka pula ya medupe mo loremeng, le jaaka pula ya maebana mo morogong;
3
gonne ke tlaa opela leina la ga Jehofa mokgosi; kayang Modimo wa rona bogolo.
4
Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.
5
Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwe, ke setshubaba mo go bone; ke losika lo lo logwadi, lo lo kgopo.
6
A lo a bo lo duel Jehofa jalo, batho ke lona ba dieleele? A ga se ene rraago yo o go rekileng? O go dirile a ba a go tlhomamisa.
7
Ikgakolole malatsi a bogologolo, gopola dinyaga tsa dikokomana di le dintsi; botsa rraago, o tlaa go tlhotlhela; bagolwane ba gago, ba tlaa go bolelela.
8
E rile Mgodimodimo a abela merafe boswa jwa yone, ka a kgaoganya bana ba batho, a tlhomela ditšhaba melelwane ka fa palong ya bana ba Iseraele.
9
Gonne kabelo ya ga Jehofa ke batho ba gagwe; Jakobe ke kabo e e lekantsweng ya boswa jwa gagwe.
10
O mo fitlhetse mo lefatsheng le le sekaka, mo nageng e e bobidibidi fela, e e dumadumang; a mo dikanyetsa, a mo disa, a mo direla jaaka nyetse ya leitlho la gagwe.
11
Jaaka ntswi yo motona yo o tleng a fudue setlhaga sa gagwe a bokabokele mo godimo ga mamphorwana a gagwe, ene a ba tsharololele diphuka tsa gagwe, a ba tsaya, a ba rwala mo diphukeng tsa gagwe;
12
Jehofa a le esi a ba goga, go se na modimo ope wa seeng nae.
13
A mo palamisa mafelong a a godimo a lefatshe, a ja totafalo ya naga; a mo ntshetsa dinotshe mo lefikeng, le lookwane mo lefikeng la legakwa.
14
Madila a dikgomo le maši a dinku a na le mafura a dikwanyana, le diphelefu tsa losika lwa Bašane le dipodi di na le mafura a diphilo tsa mabele; ka madi a loungo lwa mofine wa nwa bojalwa.
15
Mme Ješurune a nona, a raga; o nonne, o enne, o borethe; foo a latlha Modimo o o mo dirileng, a kobela tlase lefika la poloko ya gagwe.
16
Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one ka medimo ya seeng, ba o gakatsa ka tse di makgapha.
17
Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.
18
Lefika le le go tsetseng o le tlhokomologile, o lebetse Modimo o o go belegeng.
19
Jehofa a go bona, a ba ferogela sebete ka ntlha ya kgakatso ya bomorwawe le bomorwadie.
20
A re: Ke tlaa ba subela sefatlhogo sa me, ke tlaa bona gore bokhutlo jwa bone e tlaa nna eng; gonne ke losika lo lo lesoko, bana ba ba se nang boikanngo.
21
Ba nkhufantse ka se e seng Modimo; ba nkgakaditse ka maithamako a bone; le nna ke tlaa ba tlhotlheletsa lefufa ka ba e seng tšhaba; ke tlaa ba gakatsa ka morafe o o seeleele.
22
Gonne molelo o tshubilwe mo bogaleng jwa me, o fisetsa kwa moleteng o o kwa tengteng, o laila lefatshe le totafalo ya lone, o tshuba metheo ya dithaba.
23
Ke tlaa koelela masula mo go bone; ke tlaa feletsa metswi ya me mo go bone.
24
Ba tlaa fediwa ke tlala, ba tlaa rungwa ke mogote o o tutumang, le tshenyego e e galakang; ke tlaa ba tsosetsa meno a dibatana, le botlhoko jwa dilelemedi tsa lorole.
25
Kwa ntle tšhaka e tlaa thopa, mme mo matlwaneng a a kwa teng therego; go tlaa senya wa lekau le wa kgarebane, seanyi le monna yo mmududu.
26
Ke rile: Ke tlaa ba gasamisetsa kwa kgakala, ke khutlisa kgakologelo ya bone mo bathong.
27
Fa nkabo ke ne ke sa boife kgakatso ya mmaba, e tle e re kgotsa baganetsi ba bone ba gopola ka go sele, e se re kgotsa ba re: Go tsholetsegile letsogo la rona, mme selo se sotlhe fela Jehofa ga a a se dira.
28
Gonne ke morafe o o se nang kgakololo, ga go na tlhaloganyo mo go bone.
29
A bo ba ka bo ba ne ba le botlhale, mme ba tlhalogantse se, ba ka bo ne ne ba akanya bokhutlo jwa bone!
30
Ana a le mongwe fela o ne a tlaa leleka jang ba ba makgolo a some, le ba le babedi ba tshabisa ba ba makgolo a lekgolo fa Lefika wa bone a ka bo a se ka a ba rekisa, le fa Jehofa a se ka a ba neelela?
31
Gonne lefika la bone ga le a nna jaaka Lefika wa rona, le e leng bone baba ba rona ka bosi e le baatlhodi.
32
Gonne mofine wa bone ke wa mofine wa Sotoma, wa matlhagare a Gomora; loungo lwa bone lwa mofine ke loungo lo lo mogau, le masitlha a bone ke a a galakang.
33
Bojalwa jwa bone jwa mofine ke botlhoko jwa dikgogela, ke botlhoko jo bo bolalome jwa dišaušawane.
34
Selo se, a ga se a bewa mo polokelong fa go nna, se kaneletswe mo mahumong a me?
35
Pusoloso ke ya me, le tefetso, mo lobakeng lo lonao lwa bone lo tlaa relelang ka lone; gonne letsatsi la thekisego ya bone le gaufi, le dilo tse di nang le go ba wela di tlaa akofa.
36
Gonne Jehofa o tlaa atlhola batho ba gagwe, o tlaa ikwatlhaya ka ga batlhanka ba gagwe mogang o bonang fa thata ya bone e ile, mme go se na ope yo o setseng, le fa e le yo o tswaletsweng kgotsa yo o lesiwang a itsamaela fela.
37
O tlaa re: Medimo ya bone e fa kae, e bong lefika le ba ne ba le ikantse;
38
e e jeleng mafura a ditlhabelo tsa bone, ya nwa bojalwa jwa mofine jwa bone jwa tshupelo e e nowang. A e nanoge e lo thuse, e nne phemelo ya lona.
39
Bonang jaana, fa e le Nna one, e bong Nna, mme go se na Modimo ope le nna; ke a bolaya, ke bile ke a tshedisa; ke ntshitse ntho, ke bile ke a fodisa; ga go na ope yo o ka gololang mo seatleng sa me.
40
Gonne ke tsholeletsa letsogo la me legodimong, ke re, jaaka ke tshela ka bosakhutleng,
41
fa ke lootsa tšhaka ya me e e šadiang, fa letsogo la me le tshwara katlholo; ke tlaa ipusolosetsa mo babeng ba me, ke itefetsa mo go bone ba ba nkilang.
42
Metswi ya me ke tlaa e tagisa ka madi, tšhaka ya me e tlaa ja nama; ka madi a ba ba bolailweng, le a batshwarwa, a a tswang tlhogong ya magosana a mmaba.
43
Lona merafe, itumeleng le batho ba gagwe; gonne o tlaa lefetsa madi a batlhanka ba gagwe, o tlaa iposolosetsa mo babeng ba gagwe, mme o tlaa direla lefatshe la gagwe, le batho ba gagwe, tefololo.”
44
Moše a tla, a bua mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa batho, ene, le Hošea morwa Nune.
45
Moše a wetsa mafoko otlhe a go a bua le Baiseraele botlhe.
46
A ba raya, a re: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a molao o, a ke lo a itsiseng gompieno, go tla lo a bolelela bana ba lona go a dirafatsa.
47
Gonne ga se lefela mo go lona; ka ke botshelo jwa lona, mme lo tlaa lelefatsa malatsi a lona ka sone selo se mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joretane lo ya kwa go lone go le rua.”
48
Jehofa a bua le Moše ka lone letsatsi leo, a re:
49
“Tlhatloga thaba e ya Abarime, o ye thabeng ya Nebo, e e mo lefatsheng la Moabe, e e lebaganyeng le Jeriko; mme o bone lefatshe le Kanana, le ke le nayang bana ba Iseraele go le rua.
50
O swele gone mo thabeng e o e tlhatlogang, o phuthelwe kwa bathong ba gaeno; jaaka Arone mogoloo a ne a swela mo thabeng ya Hore, a phuthelwa bathong ba ga gabo.
51
Gonne lo no lwa nteofela mo gare ga bana ba Iseraele fa metsing a Meriba wa Kateše, mo nageng ya Tsine; gonne lo ne lo se kwa lwa intshepisa mo gare ga bana ba Iseraele.
52
Ka jalo o tlaa bona lefatshe fa pele ga gago; mme ga o ketla o ya gone mo lefatsheng le ke le nayang bana ba Iseraele.”
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34