bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezekiel 1
Ezekiel 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 2 →
1
Jaana ga dirala e rile ka ngwaga wa 30, ka kgwedi ya bone, ka letsatsi la botlhano la kgwedi, ke le mo batshwarwing fa nokeng ya Kebare, magodimo a atlhamologa; mme ka bona diponatshegelo tsa Modimo.
2
Ya re ka letsatsi la botlhano la kgwedi, e le ka ngwaga wa botlhano wa botshwaro jwa ga Joiakine,
3
lefoko la ga Jehofa la tla le siametse kwa go Esekiele, moperesiti, morwa Busi, mo lefatsheng la Bakalatea fa nokeng ya Kebare; mme seatla sa ga Jehofa sa nna gone mo go ene.
4
Ka leba, mme bonang, sefefo sa tswa ntlheng ya botsheka, leru le legolo, le molelo o o imenaganyang, le na le phatsimo tikologong ya lone, mme mo gare ga lone ga tswa e kete mmala wa motsodutsokwane mo gare ga molelo.
5
Mo gare ga lone ga tswa setshwano sa ditshedi di le nne. Mme e ke yone ponalo ya tsone; di ne di na le setshwano sa motho.
6
Sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le difatlhogo di le nne, e bile sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le diphuka di le nne.
7
Maoto a tsone e ne e le maoto a a tlhamaletseng fela; mme pato ya dinao tsa tsone e ne e ntse jaaka pato ya tlhako ya namane; mme di tsabakela jaaka mmala wa kgotlho e e gotlhilweng.
8
Tsa bo di na le diatla tsa motho fa tlase ga diphuka tsa tsone mo ditlhakoreng tsa tsone tsoo nne; mme difatlhogo le diphuka tsa tsone tsoo nne di ne di ntse jaana, ke go re:
9
Diphuka tsa tsone di ne di tshwaraganye; fa di tsamaya di ne di sa retologe; sengwe le sengwe se ne se tle se tlhamalalele kwa pele fela.
10
Ka ga setshwano sa difatlhogo tsa tsone, di ne di na le sefatlhogo sa motho; mme mo ntlheng ya ka fa tsogong le legolo di ne di na le sefatlhogo sa tau tsoo nne; mme ka fa ntlheng ya la molema di ne di na le sefatlhogo sa kgomo tsoo nne; di bile di na le sefatlhogo sa ntswi yo motona tsoo nne.
11
Kwa godimo difatlhogo tsa tsone le diphuka tsa tsone di ne di kgaoganye; diphuka di le pedi tsa sengwe le sengwe di tshwaraganye, mme di le pedi tsa bo di apesitse mebele ya tsone.
12
Sengwe le sengwe sa siamela kwa pele fela; kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; ga di a ka tsa re di tsamaya tsa menoga.
13
Mo gare ga ditshedi tseo ga bo go na le ponalo nngwe e e tshwanang jaaka magala a molelo a a tukang, jaaka ponalo ya ditime; mme ya tsamaya tsamaya mo gare ga ditshedi, mme molelo o ne o phatsima, mme ga tswa dikgadima mo molelong.
14
Mme ditshedi tsa siana di ba di bowa jaaka go bebenya ga logadima.
15
Jaana ya re ke sa lebile ditshedi, bonang, lekoto le le dikologang le le lengwe fela fa fatshe fa ditsheding, la sengwe le sengwe sa difatlhogo tsa tsone tsoo nne.
16
Ponalo ya maoto a a dikologang le ya tiro ya yone e ne e ntse jaaka mmala wa lentswe la berile; mme ao mane a le tshwano e le nngwe fela: ponalo ya one le tiro ya one go ne go ntse jaaka e kete ke lekotwana le le dikologang mo teng ga lekoto le lengwe.
17
Fa di tsamaya, di bo di tsamaya ka dintlha tsa tsone tsoo nne; fa di tsamaya di be di sa dikologe.
18
Ka ga digogoropo tsa maoto di ne di godile di bile di boitshega; mme digogoropo tsa one ao mane di ne di tletse matlho mo tikologong.
19
E ne e tle e re ditshedi di tsamaya, maoto a a dikologang a tsamaye fa go tsone; mme fa ditshedi di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwe.
20
Kwa mowa o ne o na le go ya gone, tsa ya gone; mowa o ne o na le go ya gone fela; mme maoto a a dikologang a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o ne o le mo maotong a a dikologang.
21
E ne e tle e re tseo di tsamaya, le one a tsamaye; mme fa tseo di ema, le one a eme; fa tseo di tsholediwa fa fatshe, maoto a tsholediwa fa go tsone; gonne mowa wa setshedi o no o le mo maotwaneng a a dikologang.
22
Godimo ga tlhogo ya setshedi go ne go okame setshwano sa phuthologo ya loapi, se tshwana jaaka mmala wa legakwa le le boitshegang, se tsharologetse tlhogo tsa tsone fa godimo.
23
Ka fa tlase ga phuthologo ya loapi diphuka tsa tsone di ne di tlhamaletse, longwe lo lebaganye le lo longwe: sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e, le sengwe le sengwe se ne se na le di le pedi tse di apesang mebele ya tsone ka fa ntlheng e nngwe.
24
E ne e re di tsamaya, ka utlwa mosumo wa diphuka tsa tsone o ntse jaaka mosumo wa metsi a magolo, jaaka lentswe la Mothatayotlhe, e le mosumo wa pheretlho o ntse jaaka mosumo wa ntwa; e ne e re di ema, di losolole diphuka.
25
Ga bo go le lentswe fa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone; e ne e re di ema, di losolole diphuka.
26
Kwa godimo ga phuthologo ya loapi e e okameng ditlhogo tsa tsone go ne go le setshwano sa setulo sa bogosi, se ntse jaaka ponalo ya lentswe la safire: mme mo godimo ga setshwano sa setulo sa bogosi go ne go le setshwano se se ntseng jaaka ponalo ya motho mo go sone fa godimo.
27
Ka bona ekete mmala wa motsodutsokwane, ekete ponalo ya molelo mo teng ga sone ka ntlha tsotlhe, go simolola ka ponalo ya lotheka lwa gagwe go ya kwa godimo; mme go simolola ka lotheka lwa gagwe go ya kwa tlase ka bona ekete ponalo ya molelo, mme go le phatsimo ntlheng tsotlhe tsa gagwe.
28
Jaaka ponalo ya mola wa godimo o o mo lerung mo motlheng wa pula, ponalo ya phatsimo e ne e ntse jalo mo tikologong. Eo e ne e le ponalo ya kgalalelo ya ga Jehofa. Mme ya re ke e bona, ka wela ka sefatlhogo fa fatshe, mme ka utlwa lentswe la mongwe yo o buang.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48